Efangele ya ga Luke 14:1-35

  • Monna yo o nang le bolwetse jwa go ruruga mmele o fodisiwa ka Sabata (1-6)

  • Nna moeng yo o boikokobetso (7-11)

  • Laletsa ba ba ka se kgoneng go go laletsa (12-14)

  • Setshwantsho sa baeng ba ba neng ba dira diipato (15-24)

  • Go nna morutwa wa ga Jesu (25-33)

  • Letswai le a tswapoga (34, 35)

14  Nako nngwe o ne a ya go ja dijo kwa ntlong ya moeteledipele mongwe wa Mofarasai ka Sabata, mme ba ne ba mo lebile ka kelotlhoko. 2  Mme monna mongwe yo o neng a na le bolwetse jo bo dirang gore mmele wa gagwe o ruruge,* o ne a le fa pele ga gagwe. 3  Ka jalo, Jesu o ne a botsa batho ba ba itseng Molao wa ga Moshe thata le Bafarasai a re: “A go ka fa molaong go fodisa ka Sabata kgotsa nnyaa?”+ 4  Mme ba ne ba didimala fela. Foo o ne a tshwara monna yoo, a mo fodisa a bo a mo letla gore a tsamaye. 5  Morago ga moo o ne a ba raya a re: “Ke mang mo go lona, yo e ka reng fa morwawe kgotsa poo ya gagwe e wela mo sedibeng,+ a ka se kang a mo ntsha ka yone nako eo ka letsatsi la Sabata?”+ 6  Mme ga ba a ka ba kgona go mo araba. 7  E re ka a ne a bona gore banna ba ba laleditsweng ba itlhophela manno a a kgethegileng thata,+ o ne a ba bolelela setshwantsho seno. O ne a ba raya a re: 8  “Fa mongwe a go laleditse kwa moketeng wa lenyalo, o se ka wa nna mo mannong a a kgethegileng thata.+ Gongwe mongwe yo o tlotlegang go go feta, le ene a ka tswa a laleditswe. 9  Foo yo o lo laleditseng o tla tla a bo a go raya a re, ‘Sutela monna yono a nne fano.’ Ka nako eo o tla ema o tlhabilwe ke ditlhong o ya go nna kwa mannong a a kwa moragorago. 10  Mme fa o laleditswe, tsamaya o ye go nna mo mannong a a kwa moragorago, gore fa motho yo o go laleditseng a tla, a go reye a re, ‘Tsala, tla o nne mo mannong ano a a kgethegileng thata.’ Foo batho ba bangwe botlhe ba ba laleditsweng ba tla go tlotla.+ 11  Gonne mongwe le mongwe yo o ikgodisang o tla kokobediwa, mme ope fela yo o ikokobetsang o tla godisiwa.”+ 12  Morago ga moo, o ne a raya monna yo a neng a mo laleditse a re: “Fa o laletsa batho go tla dijong tsa motshegare kgotsa tsa maitseboa, o se ka wa bitsa ditsala tsa gago kgotsa bomorwarrago kgotsa ba losika lwa gago kgotsa baagelani ba gago ba ba humileng. Fa o dira jalo, gongwe le bone ba ka nna ba go laletsa, mme jaanong ba tla bo ba go duela. 13  Mme fa o dira moletlo, o laletse bahumanegi, batho ba ba golafetseng, ba ba tlhotsang le ba ba foufetseng;+ 14  mme o tla itumela, ka gonne ga ba na sepe se ba ka go duelang ka sone. Gonne o tla duelwa fa basiami ba tsosiwa mo baswing.”+ 15  Fa mongwe wa batho ba ba laleditsweng a utlwa dilo tseno, o ne a mo raya a re: “Go itumela motho yo o jang* mo Bogosing Jwa Modimo.” 16  Jesu o ne a mo raya a re: “Monna mongwe o ne a dira moletlo o mogolo wa dijo tsa maitseboa,+ mme o ne a laletsa batho ba le bantsi. 17  O ne a roma motlhanka wa gagwe ka nako ya dijo tsa maitseboa gore a ye go raya ba ba laleditsweng a re, ‘Tlang, ka gonne sengwe le sengwe se siame.’ 18  Le fa go ntse jalo, botlhe ba ne ba simolola go dira diipato.+ Wa ntlha o ne a mo raya a re, ‘Ke rekile tshimo mme ke batla go ya go e bona; ke kopa gore o ntetle ke tsamaye.’ 19  Mme yo mongwe o ne a re, ‘Ke rekile dikgomo di le lesome mme ke ya go di tlhatlhoba; ke kopa gore o ntetle ke tsamaye.’+ 20  Yo mongwe gape o ne a re, ‘Ke sa tswa go nyala, ka jalo nka se kgone go tla.’ 21  Mme motlhanka yoo o ne a tla a bo a bolelela mong wa gagwe dilo tseno. Foo mong wa ntlo o ne a galefa mme a raya motlhanka wa gagwe a re, ‘Itlhaganele mme o ye kwa ditseleng tse dikgolo le kwa mebileng ya motse, mme o tle le bahumanegi le batho ba ba golafetseng, ba ba tlhotsang le ba ba foufetseng.’ 22  Moragonyana motlhanka yoo o ne a re, ‘Mong wa me, ke dirile jaaka o laetse, mme go sa ntse go na le manno a a se nang batho.’ 23  Ka jalo, mong wa gagwe o ne a mo raya a re, ‘Ya kwa ditseleng tse dingwe tsa motse, mme o ba pateletse go tla, gore ntlo ya me e tle e tlale.+ 24  Gonne ke a lo bolelela, ga go na ope wa banna bao ba ba neng ba laleditswe yo o tla jang dijo tsa me tsa maitseboa.’”+ 25  Jaanong batho ba bantsintsi ba ne ba tsamaya le ene, mme o ne a retologa a bo a ba raya a re: 26  “Fa mongwe a batla go nna morutwa wa me o tshwanetse go nthata go feta* rraagwe, mmaagwe, mosadi wa gagwe, bana ba gagwe, bomogolowe le bomonnawe, tota le botshelo* jwa gagwe.+ Go seng jalo ga a ka ke a nna morutwa wa me.+ 27  Ope fela yo o sa tseyeng kota ya gagwe ya tlhokofatso* a bo a ntshala morago, ga a ka ke a nna morutwa wa me.+ 28  Ka sekai, ke mang mo go lona yo e ka reng fa a batla go aga tora a bo a sa nne fa fatshe pele a bala ditshenyegelo, gore a bone gore a o na le madi a a lekaneng go e wetsa? 29  Go seng jalo, a ka nna a thaya motheo wa yone mme a bo a sa kgone go e fetsa, mme botlhe ba ba mo lebileng ba tla mo sotla, 30  ba re: ‘Monna yono o ne a simolola go aga mme o ne a palelwa ke go fetsa.’ 31  Kgotsa ke kgosi efe e e reng fa e ya go tlhabana le kgosi e nngwe e bo e sa nne fa fatshe pele e batla kgakololo ya gore a e tla kgona go fenya ntwa ka masole a le 10 000 mme e ya go tlhabana le kgosi e e tlang ka masole a le 20 000? 32  Tota e bile, fa e lemoga gore e ka se kgone go dira jalo, e tla re kgosi e nngwe e sa ntse e le kgakala thata, yone e tla roma setlhopha sa baemedi e ya go kopa gore ba agisane. 33  Ka tsela e e tshwanang, itseng gore ope wa lona yo o ka se kang a tlogela dilo tsa gagwe tsotlhe ga a ka ke a nna morutwa wa me.+ 34  “Eleruri, letswai le molemo. Mme fa letswai le tswapoga, le tla lokiwa ka eng?+ 35  Ga le a tshwanela go tsenngwa mo mmung kgotsa go tlhakanngwa le motshotelo. Batho ba a le latlha. A yo o nang le ditsebe a reetse.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Ka Seesemane bolwetse jono bo bidiwa dropsy kgotsa edema, bo dira gore mmele o tlale metsi.
Seger., “yo o jang senkgwe.”
Seger., “Fa mongwe a tla mo go nna o tshwanetse go tlhoa.”
Seger., “psy·kheʹ.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.