Jobe 38:1-41

  • Jehofa o ruta gore batho ga ba lekane le ene (1-41)

    • ‘O ne o le kae fa lefatshe le thaiwa?’ (4-6)

    • Bomorwa Modimo ba ne ba goa ba mmaka (7)

    • Dipotso ka dilo tsa tlholego (8-32)

    • “Melao e e laolang magodimo” (33)

38  Foo Jehofa o ne a araba Jobe go tswa mo sefefong+ a re:  2  “Ke mang yono yo o thibelang kgakololo ya meLe yo o buang a se na kitso?+  3  Tsweetswee, ipaakanye mme o dire dilo jaaka monna;Ke tla go botsa, mme wena o mpolelele.  4  O ne o le kae fa ke ne ke thaya lefatshe?+ Mpolelele, fa e le gore o a tlhaloganya.  5  Ke mang yo o neng a le lekanya, fa e le gore o a itse,Kgotsa ke mang yo o neng a otlolola mogala o o lekanyang go le kgabaganya?  6  Metheo ya lone e nweditswe mo go eng,Kgotsa ke mang yo o neng a baya leje la lone la sekhutlo,*+  7  Fa dinaledi tsa moso+ di ne di goa mmogo ka boitumelo,Le fa bomorwa Modimo*+ botlhe ba ne ba simolola go goa ba mmaka?  8  Ke mang yo o thibetseng lewatle ka dikgoro+Fa le ne le betsega le tswa mo popelong,  9  Fa ke ne ke le apesa ka maruKe bo ke le phuthela* mo lefifing le lentshontsho, 10  Fa ke ne ke le tlhomela molelwaneKe bo ke tsenya mephakalego le dikgoro tsa lone,+ 11  Le fa ke ne ke re, ‘O ka nna wa tla go fitlha fano, e seng go feta;Makhubu a gago a a ikgogomosang a tla ema fano’?+ 12  A o kile* wa laela gore go nne mosoKgotsa wa dira gore bosa bo itse lefelo la jone,+ 13  Gore bo tshware dintlha tsa lefatsheLe gore bo tlhotlhore batho ba ba bosula mo go lone?+ 14  Le fetolwa jaaka letsopa ka fa tlase ga sekano,*Mme dikarolo tsa lone di tlhomologa jaaka tsa seaparo. 15  Mme lesedi la batho ba ba bosula le tsewa mo go bone,E bile lebogo la bone le le tsholeditsweng le a robega. 16  A o kile wa ya kwa metsweding ya lewatleKgotsa wa batlisisa metsi a a boteng?+ 17  A o senoletswe dikgoro tsa loso,+Kgotsa a o kile wa bona dikgoro tsa lefifi le lentshontsho?*+ 18  A o tlhaloganya mafelo otlhe mo lefatsheng?+ Mpolelele, fa e le gore o itse dilo tseno tsotlhe. 19  Lesedi le agile ntlheng efe?+ Mme lefifi lone le nna kae? 20  A o ka le isa kwa lefelong la lone,E bile a o itse ditselana tse di yang kwa legaeng la lone? 21  A o itse seno ka gonne o ne o setse o tshotsweLe ka gonne dingwaga* tsa gago di le dintsi? 22  A o kile wa tsena mo mabolokelong a kapoko,+Kgotsa a o kile wa bona mabolokelo a sefako,+ 23  Se ke se boloketseng go se dirisa ka nako ya matshwenyego,Go se dirisa ka letsatsi la tlhabano le ntwa?+ 24  Lesedi* le phatlalala le tswa kwa ntlheng efe,E bile phefo ya botlhaba e foka mo lefatsheng e tswa kae?+ 25  Ke mang yo o diretseng pula melatswana mo loapingA bo a direla leru la diphefo tsa matsubutsubu tselana?+ 26  Ke mang yo o dirileng gore pula e ne kwa go sa nneng ope gone,Le gore e ne mo nageng e e se nang batho?+ 27  Ke mang yo o kolobeditseng mafelo a a kgakgabetsengA bo a dira gore bojang bo tlhoge?+ 28  A pula e na le rre,+Kgotsa rraagwe marothodi a monyo ke mang?+ 29  Dikgapetla di tswa mo popelong ya ga mang,Mme ke mang yo o belegeng mouwane o o tsididi wa legodimo?+ 30  Ke mang yo o dirileng gore metsi a khurumediwe jaaka e kete a khurumeditswe ka leje? Ke mang yo o dirileng gore bogodimo jwa metsi a a boteng bo gatsele thata?+ 31  A o ka bofa dikgole tsa lesomosomo la dinaledi la Kima*Kgotsa wa bofolola megala ya lesomosomo la dinaledi la Kesile?*+ 32  A o ka laela lesomosomo la dinaledi* mo pakeng ya loneKgotsa wa kaela lesomosomo la dinaledi la Ashe* mmogo le bomorwaalone? 33  A o itse melao e e laolang magodimo,+Kgotsa a o ka dira gore e* laole lefatshe? 34  A o ka tsholeletsa lentswe la gago kwa marungWa dira gore pula e kgolo e go nele?+ 35  A o ka kgona go romela dikgadima? A di tla tla di bo di go raya di re, ‘Ke rona bano!’? 36  Ke mang yo o tsentseng botlhale mo marung*+Kgotsa yo o neileng dikgakgamatso tsa loapi* tlhaloganyo?+ 37  Ke mang yo o botlhale thata mo a ka balang maru,Kgotsa ke mang yo o ka tshololang dinkgo tsa metsi tsa legodimo?+ 38  Ke mang yo o dirang gore lorole lo tshologele mo seretsengLe gore makwete a mmu a ngaparelane? 39  A o ka tsomela tau phologoloKgotsa wa naya ditawana dijo?+ 40  Fa di bataletse mo dikutleng* tsa tsoneKgotsa di rapame mo mengobong ya tsone di laletse, a o ka di fepa? 41  Ke mang yo o baakanyetsang legakabe dijo+Fa mamphorwana a lone a goela kwa Modimong a kopa thusoE bile a kgarakgatshega ka gonne go se na sepe se a ka se jang?

Dintlha Tse di Kwa Tlase

^ Sekapuo sa Sehebera se se kayang barwa ba Modimo ba baengele.
^ Kgotsa “hapa.”
^ Seheb., “mo malatsing a gago o ne.”
^ Kgotsa “moriti wa loso.”
^ Seheb., “malatsi.”
^ Kgotsa gongwe “Legadima.”
^ Gongwe ke dinaledi tsa Selemela mo lesomosomong la dinaledi la Taurus.
^ Gongwe ke lesomosomo la dinaledi la Orione (Orion).
^ Seheb., “Masarothe.” Mo go 2Dik 23:5, lefoko le le amanang le lone le le mo bontsing le kaya masomosomo a dinaledi tsa sodiake.
^ Gongwe ke lesomosomo la dinaledi la Bera e Kgolo (Ursa Major).
^ Kgotsa gongwe “gore Modimo a.”
^ Kgotsa gongwe “mo mothong.”
^ Kgotsa gongwe “mogopolo.”
^ Kgotsa “mo dilaong.”