Jobe 13:1-28

  • Jobe o tswelela a bua (1-28)

    • ‘Bogolo nka bua le Modimo’ (3)

    • “Lo dingaka tse di se nang mosola” (4)

    • “Ke a itse gore ga ke molato” (18)

    • O botsa Modimo gore ke eng a mo tsaya e le mmaba (24)

13  “Ruri leitlho la me le bone seno sotlhe,Tsebe ya me e se utlwile e bile e se tlhalogantse.  2  Se lo se itseng, le nna ke a se itse;Ga ke wa maemo a a kwa tlase mo go lona.  3  Fa e le nna, bogolo nka bua le Mothatayotlhe;Ke eletsa go tlisa kgetsi ya me fa pele ga Modimo.+  4  Le fa go ntse jalo, lo bua maaka ka nna;Lotlhe fela lo dingaka tse di se nang mosola.+  5  Fa fela lo ne lo ka nna lo didimetse,Seo se ne se tla bontsha gore lo botlhale.+  6  Tsweetswee, reetsang kgang ya me ya go iphemela,Mme lo tlhwaele dikopo tsa me tsebe.  7  A lo tla bua ditatofatso tsa maaka lo dirisa leina la Modimo,E bile a lo tla mmuelela lo dirisa tsietso?  8  A lo tla ema mo letlhakoreng la gagwe,A lo tla leka go ema Modimo wa boammaaruri nôkeng mo kgetsing eno?  9  A dilo di tla lo tsamaela sentle fa a lo tlhatlhoba?+ A lo ka mo tsietsa jaaka lo ka tsietsa motho? 10  Ruri o tla lo kgalemelaFa lo leka go nna le tlhaolele mo sephiring.+ 11  A seriti sa gagwe ga se ka ke sa lo tshosa,E bile a ga lo ka ke lwa boifa ka ntlha ya gagwe? 12  Mafoko a lona a botlhale* ke diane tsa melora;Disireletsi* tsa lona di bokoa jaaka disireletsi tsa letsopa. 13  Didimalang, gore ke tle ke bue. Go tswa foo, sepe fela se se ka ntiragalelang, a se ntiragalele! 14  Ke ka ntlha yang fa ke itsenya mo kotsing*Mme ke tsaya botshelo jwa me ka diatla? 15  Le fa gone a ka mpolaya, ke ne ke ntse ke tla leta;+Ke ne ke tla emela kgetsi ya me* fa pele ga gagwe. 16  Foo o ne a tla nna poloko ya me,+Gonne ga go na motho yo o sa dumeleng mo Modimong* yo o ka tsenang fa pele ga gagwe.+ 17  Reetsang lefoko la me ka kelotlhoko;Tlhwaelang se ke se buang tsebe. 18  Jaanong bonang, ke baakantse kgetsi ya me gore ke e ise kwa kgotlatshekelong;Ke a itse gore ga ke molato. 19  Ke mang yo o tla ganetsanang le nna? Ke ne nka swa fa ke ne nka didimala!* 20  Nneye dilo di le pedi fela, tlhe Modimo,*Gore ke se ka ka go iphitlhela: 21  Tlosetsa seatla sa gago se se boima kgakala le nna,Mme o se ka wa letla gore go go boifa go ntshose.+ 22  O ka nna wa bitsa mme ke tla araba,Kgotsa mma ke bue, mme wena o nkarabe. 23  Diphoso tsa me le maleo a me ke afe? Mpolelele molato wa me le boleo jwa me. 24  Ke ka ntlha yang fa o fitlha sefatlhego sa gago+E bile o ntsaya ke le mmaba wa gago?+ 25  A o tla leka go tshosa letlhare le le phepheutsweng ke phefoKgotsa a o tla lelekisa lotlhaka lo lo omeletseng? 26  Gonne o nna o kwala dilo tse di botlhoko ka nna,Mme o nkotlhaela maleo a ke a dirileng ke le mosha. 27  O bofeletse dinao tsa me mo dikoteng tsa go golega,*O sekaseka ditselana tsa me tsotlhe,E bile o latelela kgato nngwe le nngwe ya me. 28  Ka jalo, motho* o senyega jaaka sengwe se se bodileng;Jaaka seaparo se se jelweng ke metoutwane.*

Dintlha Tse di Kwa Tlase

^ Kgotsa “a a sa lebalesegeng.”
^ Seheb., “Dithebe.”
^ Seheb., “Ke ka ntlha yang fa ke tshotse nama ya me mo menong a me?”
^ Kgotsa “ke tla femela ditsela tsa me.”
^ Kgotsa “ga go na motlhanogi.”
^ Kgotsa gongwe “Fa mongwe a ka dira jalo, ke tla nna ke didimetse ke bo ke swa.”
^ Seheb., “O se ka wa ntira dilo di le pedi fela.”
^ Gongwe motho yo go buiwang ka ene ke Jobe.
^ Kgotsa “mmoto.”