Jobe 6:1-30
6 Go tswa foo, Jobe o ne a araba a re:
2 “E kete matshwenyego+ a me a ka bo a kadilwe ka botlaloA bo a bewa mo sekaleng mmogo le masetlapelo a me!
3 Gone jaanong a boima go feta motlhaba* wa mawatle.
Ke gone ka moo ke neng ka bua fela ke sa akanye.*+
4 Gonne metswi ya Mothatayotlhe e ntlhabile,Mme moya wa me o nwa botlhole jwa yone;+Dilo tse di boifisang tse di tswang kwa Modimong di tla mo go nna di tlhomagane.
5 A tonki ya naga+ e ka lela e na le bojang,Kgotsa a poo e ka bôpa e na le furu?
6 A dijo tse di bosula di ka jewa di se na letswai,Kgotsa a go na le tatso mo matuteng a morogo?
7 Ke ganne go kgoma dilo tse di ntseng jalo.
Di tshwana le dilo tse di kgotlelang dijo tsa me.
8 E kete kopo ya me e ka diragadiwaE bile e kete Modimo a ka nnaya se ke se eletsang!
9 E kete Modimo a ka ikemisetsa go nthubaganya,E bile e kete a ka ntsha seatla sa gagwe mme a mpolaya!+
10 Gonne tota le sone seo se ne se tla nkgomotsa;Ke ne ke tla tlola ka boitumelo le fa gone ke le mo ditlhabing tse di botlhoko,Gonne ga ke a gana mafoko a Modimo yo o Boitshepo.+
11 A ke na le maatla a go tswelela ke letile?+
Mme bokhutlo jwa me e tla nna eng, mo ke tshwanetseng go tswelela ke tshela?*
12 A maatla a me a lekana le a leje?
Kgotsa a nama ya me e dirilwe ka kopore?
13 A go na le tsela epe e nka itirelang sengwe ka yoneKa gore ga go na ope yo o ntshegetsang?
14 Ope fela yo o sa rateng motho yo mongwe ka lorato lo lo sa kgaotseng+O tla tlogela go boifa Mothatayotlhe.+
15 Bomorwarre ba nnile boferefere+ jaaka molatswana wa mariga,Jaaka metsi a melatswana ya mariga e e kgalang.
16 E lefifi ka ntlha ya metsi a a dikgapetla,*Mme mo go yone go iphitlhile kapoko e e gakologang.
17 Mme gone, mo pakeng e e tshwanetseng ga e nne le metsi, mme e a nyelela;Fa go nna mogote, e a kgala.
18 Tsela ya yone e fapositswe;E elelela kwa sekakeng e bo e nyelela.
19 Ditlhopha tsa batsamai tsa kwa Tema+ di a e batla;Batsamai ba ba tswang kwa Sheba*+ ba e letile.
20 Ba tlhabilwe ke ditlhong ka ntlha ya tsholofelo ya bone e e sa diragadiwang;Ba tlile koo fela gore ba swabisiwe.
21 Gonne ke kafa lo nnileng ka gone mo go nna;+Lo bone kafa masetlapelo a me a tshosang ka gone, mme lo a boifa.+
22 A nkile ka re, ‘Nneyeng sengwe,’
Kgotsa ka kopa gore lo nneye mpho mo matlotlong a lona?
23 A ke kopile gore lo mphalotse mo seatleng sa mmaba,Kgotsa gore lo nkgolole* mo bagateleding?
24 Nthuteng, mme ke tla didimala;+Nthuseng go tlhaloganya phoso e ke e dirileng.
25 Mafoko a a buiwang ka boikanyegi ga a botlhoko!+
Mme gone, kgalemelo ya lona e na le molemo ofe?+
26 A lo loga leano la go kgala mafoko a me,Mafoko a motho yo o ngomogileng pelo,+ a a phepheulwang ke phefo?
27 Khutsana+ le yone lo ka e latlhelela bola,E bile lo ka rekisa* tsala ya lona!+
28 Jaanong retologang mme lo ntebe,Gonne nka se bue maaka fa pele ga lona.
29 Tsweetswee, akanyang sentle, lo se ka lwa nkatlhola.
Akanyang sentle, ka gonne ga ke a dira sepe se se phoso.
30 A ga ke a bua sentle?
A ga ke kgone go lemoga fa go na le mathata?
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ Kgotsa “moshawa.”
^ Kgotsa “ka bua fela ke phatloga.”
^ Kgotsa “go lelefatsa botshelo jwa me?”
^ Kgotsa “a a aesitseng.”
^ Kgotsa “Setlhopha sa batsamai ba Baseba.”
^ Seheb., “nthekolole.”
^ Kgotsa “ntsha sengwe mo boemong jwa.”