Jobe 32:1-22
32 Ka jalo, banna bano ba bararo ba ne ba se ka ba tlhola ba leka go araba Jobe, ka gonne o ne a itse gore o siame.*+
2 Mme Elihu morwa Barakele wa Mobuse+ wa losika lwa ga Rame o ne a galefile fela thata. Bogale jwa gagwe bo ne jwa tukela Jobe ka gonne o ne a leka go supa gore o siame go feta Modimo.+
3 Gape o ne a galefela ditsala tsa ga Jobe tse tharo ka gonne di ne di sa kgone go bona karabo mme di bo di bua gore Modimo o bosula.+
4 Elihu o ne a ntse a letetse gore Jobe a fetse go bua gore a tle a mo arabe, ka gonne ba ne ba le bagolo mo go ene.+
5 E rile Elihu a bona gore banna bano ba bararo ga ba na sepe se ba ka se buang, o ne a galefa thata.
6 Ka jalo, Elihu morwa Barakele wa Mobuse o ne a re:
“Ke mmotlana*Mme lona lo tsofetse.+
Ka jalo, ke ne ka ithiba go bua ka gonne ke lo tlotla,+Mme ke ne ke tshaba go lo bolelela se ke se itseng.
7 Ke ne ka re, ‘A batsofe* ba bue,E bile a ba ba botlhale ba ba nang le dingwaga di le dintsi ba bue.’
8 Mme moya o o boitshepo o Modimo a o nayang batho,E leng mohemo wa Mothatayotlhe, ke one o o ba nayang temogo.+
9 Botsofe bo le nosi fela* ga bo dire gore motho a nne botlhale,E bile batho ba ba godileng ga se bone fela ba ba tlhaloganyang se se siameng.+
10 Ka jalo, ‘Ntheetseng,Mme le nna ke tla lo bolelela se ke se itseng.’
11 Ke ne ke letetse mafoko a lona;Ke ne ke ntse ke lo reeditse fa lo ntsha mabaka+Fa lo ne lo ntse lo batla dilo tse lo ka di buang.+
12 Ke ne ke lo reeditse ka kelotlhoko,Mme ga go na ope wa lona yo o kgonneng go bontsha gore Jobe o phoso,*Kgotsa yo o arabileng mafoko a gagwe a go iphemela,
13 Ka jalo lo se ka lwa re, ‘Re bone botlhale;Modimo ke ene a mo kgalemang, e seng motho.’
14 O ne a sa lebisa mafoko a gagwe mo go nna,Ka jalo, ga nkitla ke mo fetola ka mafoko a lona.
15 Ba kgobegile marapo, ga ba tlhole ba na le dikarabo;Ga ba na sepe se ba ka tlholang ba se bua.
16 Ke ne ka leta, mme ga ba a ka ba tswelela ba bua;Ba ne ba ema fela foo, ba se ka ba tlhola ba araba.
17 Ka jalo, le nna ke tla araba;Le nna ke tla bua se ke se itseng,
18 Gonne ke na le mafoko a mantsi;Moya o o mo go nna o a ntlhotlheletsa.
19 Mo teng ga me go ntse jaaka beine e e mo modutwaneng* o o tswetsweng thata,Go ntse jaaka medutwana ya beine e mesha e e tlogang e phatloga.+
20 Mma ke bue gore ke tle ke gololesege!
Ke tla bula molomo wa me ke bo ke araba.
21 Ga nkitla ke tsaya letlhakore la ga ope;+E bile ga nkitla ke nna loleme lo borethe mo go ope,*
22 Gonne ga ke kgone go nna loleme lo borethe;Fa nkabo ke dirile jalo, Modiri wa me a ka bo a nnyeleditse ka bonako.
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ Kgotsa “ka gonne o ne a siame mo matlhong a gagwe.”
^ Seheb., “monnye ka malatsi.”
^ Seheb., “malatsi.”
^ Kgotsa “Malatsi a mantsi a le nosi fela.”
^ Kgotsa “go kgalemela Jobe.”
^ Bona “Modutwana” mo Ditlhaloso Tsa Mafoko.
^ Kgotsa “ke naya ope sereto se se mo tlotlomatsang.”