Jobe 19:1-29

  • Jobe o a araba (1-29)

    • Ga a reetse ba go tweng ke ditsala tsa gagwe (1-6)

    • A re o latlhilwe (13-19)

    • “Mogolodi wa me o a tshela” (25)

19  Jobe o ne a araba a re:  2  “Lo tla nna lo ntshera ka lobaka lo lo kae,+Lo ntlhaba ka mafoko?+  3  Lo nkgalemetse* ka makgetlo ano a le lesome;Ga lo tlhabisiwe ditlhong ke go ntshwara makgwakgwa.+  4  Mme fa e le gore tota ke dirile phoso,Molato wa me ga o lo ame ka gope.  5  Fa lo nnela go inkgodisetsa,Lo ithaya lo re kgobo e ke lebaneng le yone e ntshwanetse,  6  Jaanong itseng gore Modimo ke ene a ntimeditseng,E bile o ntshwere ka letlowa la gagwe la go tsoma.  7  Ke nna ke goa ka gonne ke boga, mme ga go na yo o nkarabang;+Ke nna ke kopa thuso, mme ga go na yo o nthusang.+  8  Modimo o thibile tselana ya me ka lobota lwa maje, mme ga ke kgone go feta;O tswaletse ditsela tsa me ka lefifi.+  9  O nkapotse kgalalelo ya meE bile o tlositse serwalo mo tlhogong ya me. 10  O fedisa botshelo jwa me go fitlha ke nyelela;O kumola tsholofelo ya me jaaka setlhare. 11  Bogale jwa gagwe bo a ntukela,Mme o ntsaya ke le mmaba wa gagwe.+ 12  Mephato ya gagwe ya masole e kopana mmogo e bo e nkokoanela,Mme e kampa go dikologa tente ya me. 13  O leleketse bomorwarre kgakala le nna,Mme ba ba nkitseng ba katogetse kgakala le nna.+ 14  Ba ke atamalaneng thata le bone* ga ba tlhole ba le teng,Le ba ke ba itseng sentle ba ntebetse.+ 15  Baeng ba ba mo ntlong ya me+ le malata a me ba ntsaya ke le motho o sele;Ke motswakwa mo matlhong a bone. 16  Ke bitsa motlhanka wa me, mme ga a nkarabe;Tota le fa ke mo kopa gore a ntlhomogele pelo. 17  Mosadi wa me+ o ila mohemo wa me,E bile ke sebodu mo go bomorwarre.* 18  Tota le bana ba babotlana ba a nnyatsa;Fa ke ema, ba simolola go ntshotla. 19  Ditsala tsa me tsotlhe tse ke ntshanang seinong le tsone di ntlhoile,+Le ba ke neng ke ba rata ba mphetogetse.+ 20  Marapo a me a ngaparetse letlalo le nama ya me,+Mme ke batlile ke swa.* 21  Nkutlweleng botlhoko, ditsala tsa me, nkutlweleng botlhoko,Gonne seatla sa Modimo se nkgomile.+ 22  Goreng lo nnela go mpogisa fela jaaka Modimo a dira,+Lo ntlhasela lo sa kgaotse?*+ 23  E kete mafoko a me a ka bo a kwadilwe,E kete a ka bo a kwadilwe mo bukeng! 24  E kete a ka bo a gabilwe mo lefikeng ka bosakhutleng,Ka pene e e gabang ya tshipi le ka lloto! 25  Gonne ke itse sentle gore mogolodi* wa me+ o a tshela;O tla tla moragonyana a bo a ema mo godimo ga lefatshe.* 26  Fa letlalo la me le sena go senngwa jalo,Fa ke sa ntse ke tshela, ke tla bona Modimo, 27  Yo ke tla mo iponelang,Yo matlho a me a tla mmonang, mme e seng a motho yo mongwe.+ Mme ke imetswe mo teng!* 28  Gonne lwa re, ‘Ke ka tsela efe re mmogisang?’+ E re ka e le nna modi wa bothata. 29  Boifang tšhaka,+Gonne fa lo dira diphoso, lo tla otlhaiwa ka tšhaka;Lo tshwanetse go itse gore go na le moatlhodi.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “ntlhapaditse.”
Kgotsa “Ba masika a me.”
Seheb., “barwa ba popelo ya me,” go tewa popelo e e ntshotseng (popelo ya ga mmê).
Seheb., “ke falola ka letlalo la meno a me.”
Seheb., “Mme lo sa kgotsofadiwe ke nama ya me?”
Kgotsa “morekolodi.”
Seheb., “mo godimo ga (mo) lerole.”
Kgotsa “Diphilo tsa me di koafetse mo teng ga me.”