Jobe 22:1-30

  • Elifase o bua lekgetlo la boraro (1-30)

    • ‘A motho a ka thusa Modimo?’ (2, 3)

    • A re Jobe o pelotshetlha e bile o tshiamololo (6-9)

    • ‘Boela kwa Modimong mme o tla tsosolosiwa’ (23)

22  Elifase+ wa Motemane o ne a araba a re:  2  “A motho a ka nna le mosola mo Modimong? A motho yo o nang le temogo a ka thusa Modimo?+  3  A Mothatayotlhe o a kgathala* go bo o siame,Kgotsa a o boelwa ke sengwe ka gonne o latela tsela ya go tlhoka molato?*+  4  A o tla go otlhayaA bo a tsena le wena mo tshekong ka gonne o mmoifa?  5  A ga se ka gonne bosula jwa gago bo le bogolo thataE bile go sa tle gore melato ya gago e fele?+  6  Gonne o dira gore bomorwarrago ba go neye peeletso kwantle ga lebaka,E bile o apola batho diaparo tsa bone, o ba tlogela ba sa apara.*+  7  Ga o neye yo o lapileng metsi gore a nwe,E bile ba ba tshwerweng ke tlala o ba tima dijo.+  8  Lefatshe ke la motho yo o nonofileng,+Mme yo o ratiwang o nna mo go lone.  9  Le fa go ntse jalo, o tsamaisitse batlholagadi ba iphotlhere,E bile o utlwisitse dikhutsana* botlhoko. 10  Ke gone ka moo o dikologilweng ke dirai,*+E bile o boifisiwang ke letshogo le le go wetseng ka tshoganyetso; 11  Ke gone ka moo go leng lefifi thata mo o sa kgoneng go bona,E bile o khurumeditswe ke morwalela wa metsi. 12  A Modimo ga a kwa godimodimo kwa legodimong? Mme bona gore dinaledi tsotlhe di kwa godimo jang. 13  Mme gone o ne wa re: ‘Tota Modimo o itse eng? A a ka atlhola mo lefifing le lentshontsho? 14  Maru a mo sirile gore a se ka a bonaFa a ntse a tsamayatsamaya mo phaposaneng* ya legodimo.’ 15  A o tla latela tselana ya bogologoloE batho ba ba bosula ba tsamaileng mo go yone, 16  Batho ba ba neng ba tsubulwa* pele ga nako,Ba motheo wa bone o neng wa gogolwa ke morwalela?*+ 17  Ba ne ba raya Modimo wa boammaaruri ba re: ‘Re tlogele!’ Ba bo ba re ‘Mothatayotlhe a ka re dirang?’ 18  Le fa go ntse jalo, ke Ene a tladitseng matlo a bone ka dilo tse dintle. (Ga ke akanye ka tsela eo e e bosula.) 19  Basiami ba tla bona seno ba bo ba itumela,Mme ba ba se nang molato ba tla ba sotla ba bo ba re: 20  ‘Baganetsi ba rona ba nyeleditswe,Mme molelo o tla laila masalela a bone.’ 21  Itse Modimo mme o tla nna le kagiso;Foo dilo tse di molemo di tla go tlela. 22  Amogela molao o o tswang mo molomong wa gagwe,Mme o boloke mafoko a gagwe mo pelong ya gago.+ 23  Fa o boela kwa go Mothatayotlhe, o tla tsosolosiwa;+Fa o tlosa se se sa siamang mo tenteng ya gago, 24  Fa o ne o ka latlhela gauta ya gago mo lorolengLe gauta ya Ofire+ mo mekgatšheng* e e tletseng matlapa, 25  Foo Mothatayotlhe o tla nna gauta ya gago,E bile o tla nna selefera ya gago e e di gaisang tsotlhe. 26  Gonne ka nako eo o tla itumelela Mothatayotlhe,Mme o tla tsholeletsa sefatlhego sa gago kwa Modimong. 27  O tla mo kopa ka tlhoafalo, mme o tla go utlwa;Mme o tla duela maikano a gago. 28  Sepe fela se o batlang go se dira se tla atlega,Mme lesedi le tla phatsima mo tselaneng ya gago. 29  Gonne o tla kokobediwa fa o bua ka boikgodiso,Le fa go ntse jalo, o tla boloka ba ba boikokobetso.* 30  O tla namola ba ba se nang molato;Ka jalo, fa e le gore diatla tsa gago di phepa, ruri o tla namolwa.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

^ Kgotsa “itumela.”
^ Kgotsa “o ikanyega mo Modimong?”
^ Seheb., “o apola diaparo tsa batho ba ba sa aparang.”
^ Seheb., “bana ba ba se nang borre.”
^ Seheb., “dirai tsa dinonyane.”
^ Kgotsa “mo kgolokweng.”
^ Kgotsa “ba matshelo a bone a neng a khutshwafadiwa.”
^ Seheb., “noka.”
^ Kgotsa “melapong.”
^ Kgotsa “ba ba digileng matlho.”