Jobe 35:1-16
35 Elihu o ne a tswelela a re:
2 “A o akanya gore o siame mo o ka reng,‘Ke siame thata go feta Modimo’?+
3 Gonne o a re, ‘Go go* solegela molemo ka eng?
A ga go tshwane fela le fa nkabo ke leofile?’+
4 Ke tla go arabaMmogo le ditsala tsa gago+ tse di nang le wena.
5 Lelalela kwa legodimong mme o bone,O sekaseke maru+ a a kwa godimo ga gago.
6 Fa o leofa, o mo utlwisa botlhoko ka tsela efe?+
Fa melato ya gago e oketsega, ke eng se o se mo dirang?+
7 Fa e le gore o siame, ke eng se o se mo nayang;Ke eng se a se amogelang mo go wena?+
8 Bosula jwa gago bo ama fela motho yo o tshwanang le wena,Le tshiamo ya gago e ama morwa motho fela.
9 Batho ba a lela fa ba gatelelwa thata;Ba lelela gore ba gololwe mo taolong* ya ba ba nang le maatla.+
10 Mme gone ga go na ope yo o reng, ‘Modimo o kae, ene yo e leng Modiri wa me yo Mogolo,+Ene yo o dirang gore go opelwe dipina bosigo?’+
11 O re ruta+ go feta diphologolo tsa lefatshe,+E bile o re dira botlhale go feta dinonyane tsa magodimo.
12 Batho ba goela kwa go ene, mme ga a arabe,+Ka ntlha ya boikgogomoso jwa batho ba ba bosula.+
13 Ruri Modimo ga a reetse dikopo tse di se nang mosola;*+Mothatayotlhe ga a di tlhwaele tsebe.
14 Mme jaanong, go tweng fa o ngongoregela gore ga o mmone!+
Tsheko ya gago e fa pele ga gagwe, ka jalo o tla tshwanelwa ke go mo leta.+
15 Gonne ga a ka a go galefela e bile ga a ka a go otlhaya;Gape ga a ka a tsaya tsia boikgogomoso jwa gago.+
16 Jobe o bulela molomo wa gagwe thata lefela;O bua thata mme a sa itse sepe.”+
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ Go ka tswa go tewa Modimo.
^ Seheb., “mo lebogong.”
^ Kgotsa “ga a reetse maaka.”