Jobe 37:1-24

  • Dilo tsa tlholego di bontsha gore Modimo o mogolo (1-24)

    • Modimo o kgona go emisa ditiro tsa motho (7)

    • ‘Sekaseka ditiro tse di gakgamatsang tsa Modimo’ (14)

    • Batho ga ba ka ke ba kgona go tlhaloganya Modimo (23)

    • Batho ga ba a tshwanela go ithaya ba re ba botlhale (24)

37  “Ka ntlha ya seno, pelo ya me e a itayaE bile e tlola go tswa mo lefelong la yone.   Reetsang ka kelotlhoko go kurutla ga lentswe la gagweLe tumo ya maru e e tswang mo molomong wa gagwe.   O a e tlogela gore e anamele ka fa tlase ga magodimo otlheE bile o romela legadima la gagwe+ go ela kwa bofelelong jwa lefatshe.   Morago ga moo go utlwala modumo wa go kurutla;O duma ka lentswe le le maatla,+Mme ga a o thibele fa lentswe la gagwe le utlwala.   Modimo o duma ka lentswe la gagwe+ ka tsela e e gakgamatsang;O dira dilo tse dikgolo tse re ka se di tlhaloganyeng.+   Gonne o raya kapoko a re, ‘Wela kwa lefatsheng,’+ O raya le pula e kgolo a re, ‘Tshologa thata.’+   Modimo o emisa ditiro tsotlhe tsa motho*Gore motho mongwe le mongwe a tle a itse tiro ya Gagwe.   Diphologolo tsa naga di ya kwa mengobong ya tsone,Di bo di tswelela di le mo dikutleng* tsa tsone.   Phefo ya matsubutsubu e foka e tswa mo phaposing ya yone,+Le serame se tswa mo diphefong tsa bokone.+ 10  Metsi a nna dikgapetla* ka mohemo wa Modimo,+Mme metsi a a bophara a gatsetse thata.+ 11  O tlatsa maru ka bongola;O gasamisa legadima la gagwe+ mo marung; 12  A itsoketsa a ya kwa a a kaelang gone;A diragatsa sepe fela se a laelang+ gore a se dire mo lefatsheng.* 13  O dirisa maru go tlisa katlholo*+ kgotsa go nosetsa lefatshe,Kgotsa ka ntlha ya lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng.+ 14  Reetsa seno Jobe;Ema mme o sekaseke ka kelotlhoko ditiro tse di gakgamatsang tsa Modimo.+ 15  A o itse gore Modimo o laola* maru jangLe gore o dira jang gore legadima le phatsime le tswa mo lerung la gagwe? 16  A o itse gore maru a kokobala jang?+ Tseno ke ditiro tse di gakgamatsang tsa yo o itseng sengwe le sengwe.+ 17  Goreng diaparo tsa gago di nna mogoteFa lefatshe le sisibetse ka ntlha ya phefo ya borwa?+ 18  A wena o ka tsharolola* loapi+ mmogo le eneGore le nne thata jaaka seipone sa tshipi? 19  Re bolelele se re tshwanetseng go se mo raya;Re ka se kgone go araba ka gonne re mo lefifing. 20  A o tshwanetse go bolelelwa gore ke batla go bua? Kgotsa a mongwe o buile sengwe se se tshwanetseng go tlotliwa le ene?+ 21  Tota batho ga ba bone lesedi*Le fa gone le phatsima mo loaping,Go fitlha phefo e feta e bo e tlosa maru. 22  Bontlentle jwa gauta bo tla bo tswa kwa bokone;Bogolo jwa Modimo+ bo a boitshega. 23  Ga re ka ke ra kgona go tlhaloganya Mothatayotlhe;+O na le maatla a magolo,+E bile ga a ke a tlhoka go diragatsa tshiamiso ya gagwe+ le tshiamo ya gagwe e kgolo.+ 24  Ka jalo, batho ba tshwanetse go mmoifa.+ Gonne ga a amogele bape ba ba ithayang ba re ba botlhale.”*+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “o baya letshwao mo seatleng sa motho mongwe le mongwe.”
Kgotsa “mo dilaong.”
Kgotsa “aese.”
Kgotsa “mo nageng e e ungwang ya lefatshe.”
Seheb., “thobane.”
Kgotsa “laela.”
Kgotsa “thula.”
Go tewa la letsatsi.
Seheb., “ba ba botlhale mo dipelong tsa bone.”