Jobe 17:1-16

  • Jobe o tswelela a bua (1-16)

    • “Ke dikologilwe ke basotli” (2)

    • “Modimo o dirile gore batho ba ntshotle” (6)

    • “Lebitla e tla nna legae la me” (13)

17  “Moya wa me o utlwile botlhoko, malatsi a me a fedile;Lebitla le nkemetse.+  2  Ke dikologilwe ke basotli,+Mme leitlho la me le tshwanelwa ke go leba* boitshwaro jwa bone jwa botlhanogi.  3  Ke kopa o ntsholofetse gore o tla ntshegetsa. Ke mang gape yo o ka nthusang?+  4  O dirile gore ba se ka ba nna le temogo;+Ke sone se o sa ba tlotlomatseng.  5  Ba ka nna ba ithaopela go abela ditsala tsa bone,Fa matlho a bana ba bone one a koafala.  6  Modimo o dirile gore batho ba ntshotle,*+Mo ke neng ka nna motho yo sefatlhego sa gagwe se kgwelwang mathe.+  7  Matlho a me a nna letobo ka ntlha ya khutsafalo,+Mme mabogo le maoto a me a masesane.  8  Batho ba ba ikanyegang ba rotolela seno matlho ba gakgametse,E bile yo o se nang molato o a tshwenyega ka ntlha ya yo o sa dumeleng mo Modimong.*  9  Mosiami o nna a ngangatletse tsela ya gagwe,+Mme yo o diatla di phepa o nna a nonofela pele.+ 10  Le fa go ntse jalo, lotlhe lo ka nna lwa tla mme lwa simolola go ganetsana le nna,Gonne ga ke ise ke bone ope yo o botlhale mo go lona.+ 11  Malatsi a me a fedile;+Go fedile ka dithulaganyo tsa me, e leng dikeletso tsa pelo ya me.+ 12  Ba nna ba fetola bosigo gore e nne motshegare,Ba re, ‘Lesedi le tshwanetse la bo le le gaufi ka gonne go lefifi.’ 13  Fa ke leta, Lebitla* e tla nna legae la me;+Ke tla robala teng mo lefifing.+ 14  Ke tla tlhaeletsa lebitla+ ke re, ‘O rre!’ Le seboko ke re, ‘O mmê le morwadiarre!’ 15  Jaanong tsholofelo ya me e kae?+ Ke mang yo o tla mpolelelang gore ke tla tshela ka boitumelo? 16  E* tla fologela kwa dikgorong tsa Lebitla* tse di nang le mephakalego,Fa rotlhe fela re fologela mmogo kwa loroleng.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

^ Kgotsa “tsepama mo.”
^ Seheb., “o ntirile seane sa ditšhaba.”
^ Kgotsa “ya motlhanogi.”
^ Kgotsa “Sheole.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
^ Go tewa tsholofelo ya me.
^ Kgotsa “Sheole.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.