Jobe 23:1-17

  • Jobe o a araba (1-17)

    • O batla go isa kgetsi ya gagwe fa pele ga Modimo (1-7)

    • A re ga a bone Modimo (8, 9)

    • “Ke tsamaile mo tseleng ya gagwe ke sa fapoge” (11)

23  Jobe o ne a araba a re:  2  “Tota le gompieno ke tla tswelela ke ngongorega;*+Maatla a me a fedile ka ntlha ya go boga ga me.  3  E kete nkabo ke itse kwa nka bonang Modimo teng!+ Ke ne ke tla ya kwa lefelong le a nnang kwa go lone.+  4  Ke ne ke tla isa kgetsi ya me fa pele ga gagweKe bo ke ntsha bosupi jotlhe gore ke iphemele;  5  Ke ne ke tla itse kafa a neng a tla nkaraba ka goneKe bo ke ela tlhoko se a se mpolelelang.  6  A o ne a tla ganetsana le nna a dirisa maatla a gagwe a magolo? Nnyaa, ruri o ne a tla ntheetsa.+  7  Yo o siameng o ne a ka tlhamalatsa dilo le ene koo,Mme Moatlhodi wa me o ne a tla nkgolola.  8  Le fa go ntse jalo, fa ke ya kwa botlhaba, ga a yo koo;Mme fa ke boela kwa ke neng ke le teng ga ke mo fitlhele.  9  Fa a bereka ka fa molemeng, ga ke mmone;Go tswa foo, o ya kwa mojeng, mme ke sa ntse ke sa mmone. 10  Mme o itse tselana e ke e tsereng.+ Fa a sena go nteka, ke tla tswa moo ke tshwana le gauta e e sa tswakanngwang.+ 11  Dinao tsa me di lateletse dikgato tsa gagwe gaufi thata;Ke tsamaile mo tseleng ya gagwe ke sa fapoge.+ 12  Ga ke a fapoga ditaelo tse a di buileng. Ke bolokile mafoko a gagwe+ le e leng go feta se a neng a se batla mo go nna.* 13  Fa a ikemiseditse, ke mang yo o ka mo thibelang?+ Fa a batla go dira sengwe, o a se dira.+ 14  Gonne o tla diragatsa ka botlalo se a neng a se ikaeletse* ka nna,Mme o mpeetse dilo tse di ntseng jalo di le dintsi. 15  Ke gone ka moo ke tlhobaelang ka ntlha ya gagwe;Fa ke akanya ka ene, poifo ya me e a oketsega. 16  Modimo o dirile gore ke nne boboi,E bile Mothatayotlhe o dirile gore ke tshoge. 17  Mme gone, ga ke ise ke didimadiwe ke lefifi Kgotsa ke letobo le le khurumeditseng sefatlhego sa me.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

^ Kgotsa “ngongorego ya me ke ya botlhanogi.”
^ Kgotsa “se a neng a se ntaetse.”
^ Kgotsa “laotse.”