Jobe 36:1-33

  • Elihu o tlotlomatsa bogolo jwa Modimo (1-33)

    • Ba ba reetsang ba a atlega; ba ba sa dumeleng mo Modimong ba tla nyelediwa (11-13)

    • ‘Ke motlhatlheledi ofe yo o tshwanang le Modimo?’ (22)

    • Jobe o tshwanetse go tlotlomatsa Modimo (24)

    • “Modimo o mogolo thata go feta kafa re ka itseng ka gone” (26)

    • Modimo o laola pula le magadima (27-33)

36  Elihu o ne a tswelela a re:  2  “Ke kopa gore o se ka wa mphelela pelo fa ke ntse ke tlhalosaGonne ke sa ntse ke na le se nka se buang ke buelela Modimo.  3  Ke tla bua sotlhe se ke se itseng,Mme ke tla kaya gore Modiri wa me ke ene yo o siameng.+  4  Ruri mafoko a me ga se maaka;Mafoko ano a tswa kwa go yo o itseng sengwe le sengwe.+  5  Eleruri Modimo o maatla+ e bile ga a gane ope;O na le maatla a magolo a go tlhaloganya.*  6  Ga a kitla a boloka matshelo a batho ba ba bosula,+Mme o direla ba ba bogisiwang tshiamiso.+  7  Ga a tlose matlho a gagwe mo basiaming;+O ba baya le dikgosi,*+ mme ba tlotlomadiwa ka bosakhutleng.  8  Mme fa ba bofiwa ka dikeetaneBa bo ba tshwarwa ka megala ya pogisego,  9  O ba senolela se ba se dirileng,O ba senolela maleo a ba a dirileng ka ntlha ya go bo ba ikgogomosa. 10  O bula ditsebe tsa bone gore di reetse kgalemeloA bo a ba bolelela gore ba tlogele go dira se se phoso.+ 11  Fa ba mo ikobela e bile ba mo direla,Ba tla atlega botshelo jwa bone jotlhe,Mme botshelo jwa bone bo tla itumedisa.+ 12  Mme fa ba sa mo ikobele, ba tla nyelediwa ka tšhaka*+E bile ba tla swa ba se na kitso. 13  Ba ba sa dumeleng mo Modimong* ba a galefa. Ga ba kope thuso, tota le fa a ba otlhaya. 14  Ba swa ba sa ntse ba le bannye,+Ba fetsa* botshelo jwa bone ba na le bagwebakammele ba banna ba mo tempeleng.+ 15  Mme Modimo o golola ba ba bogisiwang ka nako ya fa ba bogisiwa;O dira gore ba mo reetse fa ba gatelelwa. 16  O go goga a go ntsha mo matshwenyegong+A bo a go isa kwa lefelong le le bulegileng, le le sa pitlaganang,+Le na le dijo tse di monate mo tafoleng ya gago gore a go gomotse.+ 17  Foo o tla kgotsofadiwa ke katlholo e e tla tlelang batho ba ba bosula,+Fa go ntshiwa katlholo e bile go diragadiwa tshiamiso. 18  Le fa go ntse jalo, o ikele tlhoko gore bogale bo se ka jwa dira gore o nne le letlhoo,*+E bile o se ka wa letla gore pipamolomo e ntsi e go timetse. 19  A go goa ga gago o kopa thusoKgotsa maiteko ape fela a o a dirang ka natla a ka dira gore o se ka wa nna le matshwenyego?+ 20  O se ka wa tlhologelelwa gore go nne bosigo,Fa batho ba nyelela mo mafelong a bone. 21  O ele tlhoko gore o se ka wa fapoga mme wa dira bosula,Gonne o tlhopha seno go na le pogisego.+ 22  Modimo o na le maatla a magolo thata;Ke motlhatlheledi ofe yo o tshwanang le ene? 23  Ke mang yo o neng a kaela* tsela ya gagwe,+Kgotsa a mo raya a re, ‘Se o se dirileng ga se a siama’?+ 24  Gakologelwa go tlotlomatsa tiro ya gagwe,+E batho ba opetseng ka yone.+ 25  Batho botlhe ba e bone,Motho o e leba a le kgakala. 26  Modimo o mogolo thata go feta kafa re ka itseng ka gone;+Dingwaga tsa gagwe ga di ka ke tsa balega.*+ 27  O gogela marothodi a metsi kwa godimo;+A fetoga pula e e tswang mo mouwaneng wa gagwe; 28  Go tswa foo, maru a rothisa pula,+A e nesetsa batho. 29  A mongwe a ka tlhaloganya tsela e maru a tlhatlaganeng ka yone,Ditumo tsa maru tse di tswang mo tenteng* ya gagwe?+ 30  Bona kafa a tsharololelang ka gone legadima* la gagwe+ mo godimo ga yone,A bo a khurumetsa boteng* jwa lewatle. 31  O tlamela* ditšhaba a dirisa dilo tseno;O di naya letlepu la dijo.+ 32  O khurumetsa legadima ka diatla tsa gagwe,E bile o le laela gore le ye kwa a batlang teng.+ 33  Tumo ya gagwe ya maru e a mo tlhalosa,Tota le diruiwa di a bolela gore ke mang* yo o tlang.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

^ Seheb., “a pelo.”
^ Kgotsa gongwe “O tlhoma dikgosi.”
^ Kgotsa “ka sebetsa (mmisaele).”
^ Kgotsa “Batlhanogi.”
^ Kgotsa gongwe “khutlisa.”
^ Kgotsa “o ope diatla ka letlhoo.”
^ Kgotsa gongwe “a kgala; a mo sekisetsa.”
^ Kgotsa “tsa hukutsega.”
^ Seheb., “mo loobong.”
^ Seheb., “lesedi.”
^ Seheb., “medi.”
^ Kgotsa gongwe “O seka kgetsi ya.”
^ Kgotsa gongwe “ke eng.”