Jobe 5:1-27

  • Elifase o tswelela a bua (1-27)

    • “Modimo o dira gore batho ba ba botlhale ba wele mo seraing sa bone” (13)

    • ‘Jobe ga a tshwanela go gana kotlhao ya Modimo’ (17)

5  “Tsweetswee, bitsa! A go na le mongwe yo o go arabang? O tla retologela kwa moengeleng ofe?  2  Gonne seeleele se tla bolawa ke go galefa,Mme yo o tsietsegang motlhofo o tla bolawa ke lefufa.  3  Ke bone seeleele se mela medi,Mme ka tshoganyetso lefelo le se nnang mo go lone le a hutsiwa.  4  Bomorwawe ba kgakala le polokesego,Mme ba a gatakwa kwa kgorong ya motse,+ go se na ope yo o ba gololang.  5  Yo o tshwerweng ke tlala o ja se motho yoo a se robileng;E bile o se ntsha le mo gare ga mmitlwa,Mme dithoto tsa bone di a tsewa.  6  Gonne dilo tse di utlwisang botlhoko ga di tlhoge mo loroleng,Le matshwenyego ga a mele mo mmung.  7  Gonne motho o tsaletswe matshwenyego,Fela jaaka ditlhase di fofela kwa godimo.  8  Le fa go ntse jalo, ke tla ikuela kwa Modimong,E bile ke tla isa kgetsi ya me kwa Modimong,  9  Kwa go Ene yo o dirang dilo tse dikgolo le tse go se nang ope yo o ka di tlhaloganyang,Dilo tse di gakgamatsang tse di se nang palo. 10  O nesa pula mo lefatshengE bile o romela metsi mo masimong. 11  O tsholeletsa ba maemo a a kwa tlase kwa godimo,E bile o boloka yo o hutsafetseng. 12  O kgoreletsa maano a ba ba botlhajana,Gore tiro ya diatla tsa bone e se ka ya atlega. 13  Modimo o dira gore batho ba ba botlhale ba wele mo seraing sa bone,+Gore boikaelelo jwa ba ba botlhale bo kgoreletsege. 14  Ba kopana le lefifi go le motshegare,E bile ba apaapa go le sethoboloko jaaka e kete go ne go le bosigo. 15  O golola mo tšhakeng e e tswang mo molomong wa bone,A golola ba ba humanegileng mo seatleng sa ba ba nonofileng, 16  Gore motho wa maemo a a kwa tlase a nne le tsholofelo,Mme molomo o o buang se se sa siamang o tswetswe. 17  Go itumela motho yo Modimo a mo kgalemelang;Ka jalo, o se ka wa gana kotlhao ya Mothatayotlhe! 18  Gonne o baka kutlobotlhoko, mme gone o hapa ntho;O gagoganya ka bogare, mme gone o fodisa ka diatla tsa gagwe. 19  O tla go golola mo matshwenyegong a le marataro,Tota le matshwenyego a bosupa ga a na go go utlwisa botlhoko. 20  Ka nako ya leuba, o tla go golola mo losong,Le mo maatleng a tšhaka ka nako ya ntwa. 21  O tla sirelediwa gore o se ka wa utlwa molomo o o buang dilo tse di bosula,+Mme ga o kitla o boifa masetlapelo fa a tla. 22  Ka nako ya tshenyego le tlala o tla tshega,E bile ga o kitla o boifa dibatana tsa lefatshe. 23  Gonne maje a naga ga a kitla a go utlwisa botlhoko,*Le dibatana di tla tshela le wena ka kagiso. 24  O tla itse gore tente ya gago e sireletsegile,*Mme ga go na sepe se se tla bong se tlhaela fa o sekaseka mafulo a gago. 25  O tla itumelela go nna le bana ba bantsiE bile ditlogolwana tsa gago di tla nna dintsi jaaka dimela tsa lefatshe. 26  O tla bo o sa ntse o nonofile fa o ya kwa lebitleng,O tshwana le dingata tsa dijo tsa ditlhaka tse di phuthilweng ka paka ya tsone. 27  Re dirile dipatlisiso ka seno, mme se ntse jalo. Reetsa mme o se amogele.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “a tla nna mo kgolaganong (tumalanong) le wena.”
Seheb., “e mo kagisong.”