Jobe 7:1-21

  • Jobe o tswelela a bua (1-21)

    • Botshelo bo tshwana le tiro e motho a e patelediwang (1, 2)

    • “Ke ka ntlha yang fa o nkwaile?” (20)

7  “A botshelo jwa motho mo lefatsheng ga bo tshwane le tiro e e patelediwang,Mme a malatsi a gagwe ga a tshwane le a modiri yo o thapilweng?+  2  O tlhologeletswe moriti jaaka motlhanka,E bile o letetse tuelo ya gagwe jaaka modiri yo o thapilweng.+  3  Ka jalo ke abetswe dikgwedi tse di se nang mosola,E bile ke baletswe masigo a a nang le matshwenyego.+  4  Fa ke robala ke ipotsa gore, ‘Ke tla tsoga leng?’+ Mme fa bosigo bo ntse bo tsweletse, ga ke kgone go robala go fitlha letsatsi le tlhaba.*  5  Nama ya me e apesitswe ke diboko le makwete a mmu;+Letlalo la me le tletse magogo le boladu.+  6  Malatsi a me a feta ka bonako go gaisa nnale ya selogi,+Mme a khutla go se na tsholofelo.+  7  Gakologelwa gore botshelo jwa me ke phefo,+Le gore ga nkitla ke tlhola ke itumela gape.  8  Leitlho le le mponang gone jaanong ga le kitla le tlhola le mpona;Matlho a gago a tla mpatla, mme ke tla bo ke seyo.+  9  Fela jaaka leru le le ngotlegang le bo le nyelela,Motho yo o fologelang kwa Lebitleng* ga a boe.+ 10  A ka se boele kwa ntlong ya gagwe gape,Lefelo la gagwe le lone le ka se tlhole le mo itse.+ 11  Ka jalo, nka se ithibe molomo. Ke tla bua ka ntlha ya kutlobotlhoko e ke e utlwang mo pelong* ya me;Ke tla ngongorega ke le mo matshwenyegong a a botlhoko!+ 12  A ke lewatle kgotsa setshedi se setona sa lewatle,Gore o mpeele modisa? 13  Fa ke re, ‘Bolao jwa me bo tla nkgomotsa;Bo tla thusa go okobatsa khutsafalo ya me,’ 14  Foo o ntshosa ka ditoroE bile o mpoifisa ka diponatshegelo, 15  Mo e leng gore ke tlhopha gore ke hupelwe,Ruri go botoka gore ke swe go na le gore mmele wa me* o nne jaana.+ 16  Ke tlhoile botshelo jwa me;+ ga ke batle go tswelela ke tshela. Ntlogele, ka gonne malatsi a me a tshwana le mohemo.+ 17  Motho ke eng go bo o tshwanetse go amega ka eneLe go nna o tlhomile mogopolo wa gago* mo go ene?+ 18  Goreng o mo tlhatlhoba moso mongwe le mongweE bile o mo leka nako le nako?+ 19  A ga o kitla o tlosa matlho a gago mo go nnaMme o ntlogela gore ke kgone go metsa mathe?+ 20  Fa e le gore ke leofile, nka go utlwisa botlhoko jang, wena Molebeledi wa batho?+ Ke ka ntlha yang fa o nkwaile? A ke fetogile morwalo mo go wena? 21  Goreng o sa itshwarele molato wa meE bile o sa phimole phoso ya me? Gonne go ise go ye kae ke tla rapama mo loroleng,+Mme o tla mpatla, le fa go ntse jalo ke tla bo ke seyo.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

^ Kgotsa “go fitlha ka makuku.”
^ Kgotsa “Sheole.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
^ Seheb., “mo moyeng.”
^ Seheb., “le gore marapo a me.”
^ Seheb., “o tlhomile pelo ya gago.”