Jobe 4:1-21
4 Foo Elifase+ wa Motemane o ne a araba a re:
2 “Fa mongwe a leka go bua le wena, a o tla mo felela pelo?
Gonne ke mang yo o ka ithibang a sa bue?
3 Ke boammaaruri gore o gakolotse ba le bantsi,E bile o ne o tle o nonotshe diatla tse di bokoa.
4 Mafoko a gago a ne a tle a emise ope fela yo o kgopiwang,E bile o ne o tle o nonotshe ba mangole a bone a neng a kgwetlha.
5 Mme jaanong go diragaletse wena, mme o kgobegile marapo;*Go a go ama, mme o welwa ke letshogo.
6 A go boifa Modimo ga gago ga go dire gore o nne le tshepo?
A tsela e o ikanyang+ Modimo ka yone ga e dire gore o nne le tsholofelo?
7 Tsweetswee, gakologelwa seno: Ke motho ofe yo o se nang molato yo o kileng a nyelela?
Ke leng batho ba ba siameng ba kileng ba fedisiwa?
8 Se ke se boneng ke gore ba ba lemang* se se utlwisang botlhokoLe ba ba jalang matshwenyego ba tla roba se se tshwanang.
9 Ba a swa fa Modimo a ba romelela phefo e e maatla,E bile fa a tuka ka bogale, ba a nyelela.
10 Tau e a kurutla, mme tawana e a rora,Tota le meno a ditau tse di nonofileng* a robegile.
11 Tau e swa ka gonne go se na se e se tsomang,Mme ditawana tsa yone di a gasama.
12 Jaanong lefoko le ne la tlisiwa mo go nna mo sephiring,Mme le ne la fitlha mo tsebeng ya me le sebiwa.
13 Mo dikakanyong tse di tshwenyang ka nako ya diponatshegelo tsa bosigo,Fa batho ba welwa ke boroko jo bogolo,
14 Ke ne ka roroma ka tsela e e feteletseng,Marapo a me otlhe a ne a tlala poifo.
15 Moya o ne wa feta fa godimo ga sefatlhego sa me;Moriri wa letlalo la me o ne wa tlharalala.
16 Foo moya oo o ne wa ema o sa tshikinyege,Mme ga ke a ka ka lemoga gore o ne o ntse jang.
Go ne go na le moriti wa sengwe fa pele ga matlho a me;Go ne ga nna le tshisibalo, go tswa foo ka utlwa lentswe le re:
17 ‘A motho a ka siama go feta Modimo?
A motho a ka nna phepa go feta Modiri wa gagwe?’
18 Ga a ikanye batlhanka ba gagwe,E bile o bona baengele* ba gagwe molato.
19 Go tweng ka ba ba nnang mo matlong a letsopa,Ba motheo wa bone o leng mo loroleng,+Ba ba fedisiwang motlhofo fela jaaka motoutwane!*
20 Mo mosong ba a tshela mme maitseboa ba a fedisiwa;Ba nyelela ka bosakhutleng, mme ga go na ope yo o lemogang.
21 A ga ba tshwane le tente e mogala wa yone o somolwang?
Ba swa ba se na botlhale.
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ Seheb., “o felelwa ke nonofo.”
^ Kgotsa “ba ba logang maano.”
^ Kgotsa “ditawana tse di seriri.”
^ Kgotsa “barongwa.”
^ Kgotsa “mmoto.”