Jobe 20:1-29

  • Sofare o bua lekgetlo la bobedi (1-29)

    • A re Jobe o mo tlhapaditse (2, 3)

    • A re Jobe o bosula (5)

    • A re Jobe o itumelela go dira boleo (12, 13)

20  Sofare+ wa Monaama o ne a araba a re:   “Ke gone ka moo dikakanyo tsa me tse di ntshwenyang di ntlhotlheletsang gore ke arabeKa ntlha ya maikutlo a me a a fuduegileng.   Mafoko a lona a ntlhapaditse;Mme temogo ya me* e ntlhotlheletsa gore ke arabe.   Ruri o tshwanetse wa bo o ntse o itse seno,Gonne fa e sa le motho* a bewa mo lefatsheng, go diragetse seno:+   Batho ba ba bosula ba itumela ka nako e khutshwaneLe motho yo o sa dumeleng mo Modimong* o itumela ka nakwana fela.+   Le fa gone tlotlomalo ya gagwe e tlhatlogela kwa legodimongLe tlhogo ya gagwe e fitlha kwa marung,   O tla nyelela ka bosakhutleng jaaka mantle a gagwe;Ba ba neng ba tle ba mmone ba tla re, ‘O kae?’   O tla nyelela fela jaaka toro e nyelela, mme ga ba kitla ba mmona gape;Ba tla mo lebala fela jaaka ponatshegelo ya bosigo e lebalwa.   Yo o kileng a mmona ga a kitla a tlhola a mmona gape,Le lefelo la gagwe ga le kitla le tlhola le mmona.+ 10  Bana ba gagwe ba tla kopa bahumanegi gore ba ba utlwele botlhoko,Mme diatla tsa gagwe di tla busa khumo e a e tsereng mo go ba bangwe.+ 11  O ne a na le matlhagatlhaga a bosha,Le fa go ntse jalo, a* tla lala le ene mo loroleng. 12  Fa e le gore se se bosula se utlwala se le botshe mo molomong wa gagwe,Fa a se fitlha ka fa tlase ga loleme lwa gagwe, 13  Fa a se hupa mme a sa se kgweMme a nna a se bolokile mo molomong wa gagwe, 14  Dijo tsa gagwe di tla nna botlha mo teng ga gagwe;Di tla nna jaaka botlhole* jwa bokake mo teng ga gagwe. 15  O komeditse khumo, mme o tla e tlhatsa;Modimo o tla e ntsha mo mpeng ya gagwe. 16  O tla anya botlhole jwa bokake;Meno* a noga ya lebolobolo a tla mmolaya. 17  Ga a kitla a tlhola a bona melatswana ya metsi,Dinokana tsa tswina ya dinotshe le botoro. 18  O tla busa dithoto tsa gagwe a sa di ja;*Ga a kitla a itumedisiwa ke khumo e e tswang mo kgwebong ya gagwe.+ 19  Gonne o thubagantse bahumanegi e bile o ba phuagantse;O gapile ntlo e a sa e agang. 20  Mme gone, ga a kitla a nna le kagiso mo go ene;Khumo ya gagwe ga e kitla e mo thusa go falola. 21  Ga go a sala sepe se a ka se kometsang;Ke gone ka moo katlego ya gagwe e se kitlang e nnela ruri. 22  Fa khumo ya gagwe e fitlha kwa setlhoeng, o tla welwa ke tlhobaelo;O tla tlelwa ke dilo tsotlhe tse di bosula. 23  Fa a ntse a tlatsa mpa ya gagwe,Modimo o tla mo romelela bogale jwa gagwe jo bo tukangA bo tshololela mo go ene mo teng ga mala a gagwe. 24  Fa a tshaba dibetsa tsa tshipi,Metswi e e tswang mo boreng jwa kopore e tla mo tlhaba. 25  O goga motswi go tswa mo mokwatleng wa gagwe,Sebetsa se se tsabakelang go tswa mo santlhokong ya gagwe,Mme o aparelwa ke letshogo.+ 26  Matlotlo a gagwe a tla latlhelwa mo lefifing le lentshontsho;O tla lailwa ke molelo o o sa butswelwang ke ope;Bafalodi bape fela ba ba mo tenteng ya gagwe ba emetswe ke masetlapelo. 27  Legodimo le tla senola molato wa gagwe;Lefatshe le tla mo tlhanogela. 28  Morwalela o tla gogola ntlo ya gagwe;E tla nna metsi a mantsintsi a a elelang mo letsatsing la bogale jwa Modimo.* 29  Eno ke kabelo ya motho yo o bosula e e tswang kwa Modimong,Boswa jo Modimo a bo mo abetseng.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “moya o o tswang mo tlhaloganyong ya me.”
Kgotsa “batho; Adame.”
Kgotsa “Le motlhanogi.”
Go tewa matlhagatlhaga a gagwe.
Kgotsa “santlhoko.”
Seheb., “Loleme.”
Seheb., “mme ga a kitla a kometsa.”
Seheb., “gagwe.”