Jobe 30:1-31
30 “Jaanong banna ba babotlana mo go nnaBa a ntshega,+Ba borraabone nka bong ke ile ka se ka ka ba letlaGore ba thuse dintša go disa letsomane la me.
2 Maatla a bone a ne a ntsholegela molemo ka eng?
Matlhagatlhaga a bone a nyeletse.
3 Ba onetse ka ntlha ya go tlhoka le tlala;Ba kokona lefatshe le le omeletsengLe le neng le setse le sentswe e bile le kgakgabaditswe.
4 Ba phutha setlhatshana sa letswai mo ditlhatshaneng;Dijo tsa bone ke modi wa ditlhare tsa monnamotswe.
5 Ba lelekiwa mo setšhabeng;+Batho ba ba goa jaaka fa ba ka goa legodu.
6 Ba nna mo mekgokoloseng ya mekgatšha,*Mo mesimeng e e mo mmung le mo mafikeng.
7 Ba goa ba le mo ditlhatshanengMme ba kgotlhagana fa gare ga dibabetsane.
8 Fela jaaka barwa ba batho ba ba se nang tlhaloganyo le ba ba se nang leina,Ba lelekilwe* mo lefatsheng.
9 Mme jaanong ba a ntshotla, tota le mo dipineng tsa bone;+Ke fetogile sengwe sa go jewa ditshego* mo go bone.+
10 Ba ntlhoile e bile ba katogetse kgakala le nna;+Ga ba tshabe go nkgwela mathe mo sefatlhegong.+
11 E re ka Modimo a nkamogile dibetsa* e bile a nkokobeditse,Ga ba itshware sentle fa ba le fa pele ga me.
12 Ba ntlhasela ka fa mojeng ba le segongwana;Ba dira gore ke tshabeE bile ba nthibela tsela gore ba ntlisetse masetlapelo.
13 Ba tlhatlhamolola ditsela tsa meE bile ba oketsa masetlapelo a me,+Go se na ope yo o ba thibang.*
14 Ba tla jaaka e kete ba tsena mo phatlheng e e atlhameng e e mo loboteng;Ba ologela mo lefelong le le fetogileng marope.
15 Ke fekeediwa ke letshogo;Seriti sa me se phepheutswe jaaka e kete se phepheulwa ke phefo,Le poloko ya me e nyelela jaaka leru.
16 Jaanong ke felelwa ke botshelo;*+Ke wetswe ke motlha wa pogisego.+
17 Fa go le bosigo marapo a me a a opa,*+Ke nna fela ke kokonwa ke ditlhabi.+
18 Seaparo sa me se gogilwe ka maatla a magolo;*Se nkgama jaaka molala o o gagamatsang wa seaparo.
19 Modimo o ntatlhetse mo seretseng;Ke fetogile lorole le melora.
20 Ke goela kwa go wena ke kopa thuso, mme ga o nkarabe;+Ke tla fa pele ga gago, mme o nteba fela.
21 O mphetogetse ka tsela e e setlhogo;+O ntlhasela ka maatla otlhe a gago.
22 O a ntsholetsa o bo o ntsaya ka phefo;Go tswa foo o nkisa kwa le kwa mo setsuatsueng.*
23 Ke a itse gore o tla nkisa kwa losong,Kwa ntlong e batshedi botlhe ba tla kopanelang kwa go yone.
24 Le fa go ntse jalo, ga go ope yo o ka itayang motho yo o tshwenyegileng*+Fa a ntse a kopa thuso ka nako ya masetlapelo.
25 A ga ke a ka ka lelela ba ba wetsweng ke mathata?*
A ke ne ka se ka ka hutsafalela bahumanegi?+
26 Le fa gone ke ne ke solofetse molemo, go ne ga tla bosula;Ke ne ke letetse lesedi, mme ga tla lefifi.
27 Ke ne ka nnela go fuduega mo teng;Ke ne ka welwa ke motlha wa pogisego.
28 Ke tsamayatsamaya ke kotlomane pelo;+ ga go na lesedi la letsatsi.
Ke ema mo phuthegong ke bo ke goa ke kopa thuso.
29 Ke fetogile morwarraagwe bophokoje,Le tsala ya bomorwadia ntšhe.+
30 Letlalo la me le ntshofetse e bile le a oboga;+Marapo a me a fisiwa ke mogote.*
31 Harepa ya me e dirisediwa khutsafalo fela,Le fulutu* ya me e lediwa fa go na le ba ba lelang.
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ Kgotsa “melapo.”
^ Seheb., “kgwathisitswe.”
^ Seheb., “Ke fetogile seane.”
^ Seheb., “a bofolotse mogala wa me wa bora.”
^ Kgotsa gongwe “Go se na ope yo o ba thusang.”
^ Seheb., “ne′phesh.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
^ Seheb., “marapo a me a a phunngwa.”
^ Kgotsa gongwe “Pogisego ya me e kgolo e dirile gore ke tshwanologe.”
^ Kgotsa gongwe “o nnyerolosa ka go mphatlakanya.”
^ Seheb., “mokoa wa marope.”
^ Kgotsa “ba dilo di sa ba tsamaeleng sentle?”
^ Kgotsa gongwe “letshoroma.”
^ Kgotsa “phala ya lotlhaka.”