Jobe 33:1-33

  • Elihu o kgalemela Jobe ka gonne a ipona a siame (1-33)

    • Thekololo e bonwe (24)

    • Boela kwa malatsing a bosha (25)

33  “Mme jaanong Jobe, tsweetswee utlwa mafoko a me;Reetsa sengwe le sengwe se ke se buang.  2  Tsweetswee, ntheetse;Ke tshwanetse go bua.  3  Mafoko a me a bontsha gore pelo+ ya me e siame,Le se ke se buang se boammaaruri.  4  Moya wa Modimo o ne wa ntira,+Le mohemo wa Mothatayotlhe o ne wa ntshedisa.+  5  Fa o kgona, nkarabe;Iphemele fa pele ga me; ema mo maemong a gago.  6  Ke tshwana fela le wena fa pele ga Modimo wa boammaaruri;Le nna ke ne ka bopiwa ka letsopa.+  7  Ka jalo, ga o a tshwanela go mpoifa,E bile se ke tla se go bolelelang ga se kitla se go imela.  8  Mme o ne wa bua jaana ke reeditse,Ruri ke ne ka nna ka utlwa mafoko ano,  9  ‘Ke itshekile, ga ke na molato ope;+Ke phepa, ga ke na phoso epe.+ 10  Le fa go ntse jalo, Modimo o nna le mabaka a go nkganetsa;O ntsaya ke le mmaba wa gagwe.+ 11  O bofelela dinao tsa me mo dikoteng tsa go golega;*O sekaseka ditselana tsa me tsotlhe.’+ 12  Mme gone ga o bue boammaaruri fa o rialo, ka jalo ke tla go araba: Modimo o mogolo thata go feta motho.+ 13  Goreng o ngongorega ka Modimo?+ A ke ka gonne a sa araba mafoko otlhe a gago?+ 14  Gonne Modimo o bua gangwe le gape,Mme ga go motho ope yo o reetsang, 15  O bua ka toro, ponatshegelo ya bosigo,+Fa batho ba welwa ke boroko jo bogolo,Fa ba ntse ba robetse mo malaong a bone. 16  Foo o kabolola ditsebe tsa bone+A bo a gatelela* ditaelo tsa gagwe mo go bone, 17  Gore a fapose motho mo go direng bosula+Le gore a thibele motho go nna boikgogomoso.+ 18  Modimo o a mmoloka gore a se ka a tsena mo lebitleng,+O boloka botshelo jwa gagwe gore bo se ka jwa nyelediwa ka tšhaka.* 19  Motho o ithuta sengwe fa a le mo bolaong ka ntlha ya ditlhabiLe fa marapo a gagwe a le botlhoko ka dinako tsotlhe, 20  Mo e leng gore o* ila senkgwe,E bile o gana le dijo tse di monate.+ 21  O simolola go bopama thata,Mme marapo a gagwe a a neng a fitlhegile jaanong a a tlhaga.* 22  O* atamela lebitla;Botshelo jwa gagwe bo atamela ba ba batlang go mmolaya. 23  Fa e le gore go na le morongwa* yo a mo tlhometsweng,Mmueledi a le mongwe mo go ba le sekete,Gore a bolelele motho se se siameng, 24  Foo Modimo o tla mo utlwela botlhoko a bo a re,‘Mo golole gore a se ka a fologela mo lebitleng!+ Ke bone thekololo ya botshelo jwa gagwe!+ 25  A nama ya gagwe e ntšhafale* go gaisa fa a ne a le mosha,+A a boele kwa malatsing a bosha jwa gagwe a go nna matlhagatlhaga.’+ 26  O tla rapela Modimo,+ mme o tla mo amogela,Mme o tla goa ka boitumelo fa a bona sefatlhego sa Modimo,Mme Modimo o tla busetsa tshiamo ya Gagwe mo mothong. 27  Motho yoo o tla raya* batho a re,‘Ke leofile+ e bile ke sokamisitse se se siameng,Mme ga ke a ka ka amogela se se neng se ntshwanetse.* 28  O nkgolotse gore ke se ka ka tsena mo lebitleng,+Mme ke tla tswelela ke tshela.’ 29  Eleruri, Modimo o dira dilo tseno tsotlheA di direla motho gangwe le gape, 30  Gore a mo ntshe mo lebitleng,E le gore a phatsimelwe ke lesedi la botshelo.+ 31  Tlhwaya tsebe, Jobe! Ntheetse! Didimala, mme nna ke tla tswelela ke bua. 32  Fa e le gore go na le sengwe se o batlang go se bua, nkarabe. Bua, ka gonne nka rata go bontsha gore ga o na molato. 33  Fa go se na sepe se o ka se buang, ntheetse;Didimala, mme ke tla go ruta botlhale.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

^ Seheb., “a baya letshwao mo.”
^ Kgotsa “ka sebetsa (mmisaele).”
^ Seheb., “botshelo jwa gagwe bo.”
^ Kgotsa “bonala.”
^ Kgotsa “Botshelo jwa gagwe bo.”
^ Kgotsa “moengele.”
^ Kgotsa “e nne ntle.”
^ Seheb., “opelela.”
^ Kgotsa gongwe “Mme seo ga se a ntsholegela molemo.”