Ditiro Tsa Baaposetoloi 3:1-26

  • Petere o fodisa motlhoki yo o golafetseng maoto (1-10)

  • Puo ya ga Petere kwa Mathuding a ga Solomone (11-26)

    • “Dilo tsotlhe di dirwa disha” (21)

    • Moporofeti yo o tshwanang le Moshe (22)

3  Jaanong Petere le Johane ba ne ba ya kwa tempeleng ka nako ya thapelo, e leng mo e ka nnang ka 3:00 motshegare,* 2  mme go ne go kukilwe monna mongwe yo o neng a tsholwa a golafetse maoto. Letsatsi le letsatsi ba ne ba tle ba mmeye kwa tempeleng gaufi le kgoro e e neng e bidiwa Bontle, gore a kope madi mo bathong ba ba tsenang mo tempeleng. 3  Fa a bona Petere le Johane ba tloga ba tsena mo tempeleng, o ne a ba kopa madi. 4  Mme Petere le Johane ba ne ba mo tlhoma matlho; go tswa foo Petere o ne a re: “Re lebe.” 5  Ka jalo, o ne a ba leba ka kelotlhoko a solofetse gore ba mo neye sengwe. 6  Le fa go ntse jalo, Petere o ne a re: “Ga ke na selefera le gauta, mme ke go naya se ke nang le sone. Mo leineng la ga Jesu Keresete wa Monasaretha, ema o tsamaye!”+ 7  Foo o ne a mo tshwara ka seatla sa moja a bo a mo emisa.+ Ka yone nako eo, dinao tsa gagwe di ne tsa tia;+ 8  mme o ne a tlola a ema ka dinao,+ a simolola go tsamaya a bo a tsena le bone mo tempeleng, a tsamaya a ntse a tlolatlola e bile a baka Modimo. 9  Batho botlhe ba ne ba mmona a tsamaya e bile a baka Modimo. 10  Mme ba ne ba lemoga gore monna yono ke ene yo o neng a tlhola a kopa madi fa kgorong ya tempele e e bidiwang Bontle,+ mme ba ne ba gakgametse thata e bile ba akabaditswe ke se se mo diragaletseng. 11  Fa monna yono a ntse a tshwere diatla tsa ga Petere le Johane, batho botlhe ba ne ba tabogela kwa go bone kwa karolong e e neng e bidiwa Mathudi a ga Solomone,*+ ba gakgametse thata. 12  E rile Petere a bona seno, o ne a raya batho bao a re: “Banna ba Iseraele, ke ka ntlha yang fa lo gakgamaditswe ke seno, e bile ke ka ntlha yang fa lo re tlhomile matlho jaaka e kete re dirile gore a tsamaye ka maatla a rona kgotsa ka gonne re ineetse mo Modimong? 13  Modimo wa ga Aborahame le wa ga Isake le wa ga Jakobe,+ e leng Modimo wa borraaronamogolo, o galaleditse Motlhanka wa gagwe,+ e bong Jesu,+ yo lo neng lwa mo neela+ batho gore ba mmolaye lwa bo lwa mo itatola fa pele ga ga Pilato, le fa Pilato a ne a dirile tshwetso ya go mo golola. 14  Lo ne lwa itatola yo o boitshepo le yo o siameng, mme lwa kopa gore lo neelwe monna yo e leng mmolai,+ 15  mme lo ne lwa bolaya Moemedi yo Mogolo wa botshelo.+ Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a mo tsosa mo baswing, tiragalo e re leng basupi ba yone.+ 16  Ka ntlha ya leina la ga Jesu, le ka gonne re dumela mo go ene, monna yono yo lo mmonang e bile lo mo itse o nonotshitswe. Tumelo e re nang le yone mo go ene e dirile gore monna yono a nne le botsogo jo bo siameng fa pele ga lona lotlhe. 17  Mme jaanong bakaulengwe, ke a itse gore lo ne lo dira jalo ka go tlhoka kitso,+ fela jaaka babusi ba lona le bone ba dirile.+ 18  Mme ka tsela eno Modimo o diragaditse dilo tse a neng a di itsise go sa le pele a dirisa baporofeti botlhe, gore Motlodiwa* wa gagwe o ne a tla boga.+ 19  “Ka jalo, ikwatlhayeng+ lo bo lo sokologe+ gore maleo a lona a phimolwe,+ gore dipaka tse di lapolosang di tle di tswa kwa go Jehofa* 20  le gore a tle a romele Keresete yo lo mo tlhometsweng, e bong Jesu. 21  Mo nakong e e fetileng, Modimo o ne a dirisa baporofeti ba gagwe ba ba ikanyegang, a solofetsa gore Jesu o ne a tla tswelela a le kwa legodimong go fitlha dilo tsotlhe di dirwa disha. 22  Tota e bile, Moshe o ne a re: ‘Jehofa* Modimo wa lona o tla lo tlhomela moporofeti yo o tshwanang le nna yo o tswang mo go bomorwarraalona.+ Lo tshwanetse go reetsa sepe fela se a se lo bolelelang.+ 23  Eleruri, ope fela yo o sa reetseng Moporofeti yoo, o tla senngwa a tlosiwa mo bathong.’+ 24  Le baporofeti botlhe go simolola ka Samuele le ba ba neng ba mo tlhatlhama, fela jaaka botlhe ba buile, le bone ba ne ba bua ka tlhamalalo ka malatsi ano.+ 25  Lo bomorwa baporofeti e bile lo baruaboswa ba kgolagano e Modimo a neng a e dira le borraalonamogolo,+ fa a ne a raya Aborahame a re: ‘Malapa otlhe a lefatshe a tla segofadiwa ka losika lwa gago.’+ 26  Fa Modimo a sena go tlhoma Motlhanka wa gagwe, o ne a mo romela kwa go lona pele+ gore a lo segofatse ka go faposa mongwe le mongwe wa lona mo ditirong tsa lona tse di bosula.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

^ Seger., “ka ura ya borobongwe.”
^ Seger., “Keresete.”
^ Seger., “di tswa fa pele ga sefatlhego sa ga Jehofa.” Bona Dintlha A5.