Ditiro Tsa Baaposetoloi 23:1-35

  • Paulo o bua fa pele ga Sanehederine (1-10)

  • Paulo o nonotshiwa ke Morena (11)

  • Leano la boferefere la go bolaya Paulo (12-22)

  • Paulo o fudusediwa kwa Kaesarea (23-35)

23  E rile Paulo a leba maloko a Sanehederine, o ne a re: “Banna, bakaulengwe, ke ntse ke tshela ka segakolodi se se phepa+ fa pele ga Modimo go tla go fitlha mo letsatsing leno.”  Mme moperesiti yo mogolo e bong Ananiase, o ne a laela ba ba emeng gaufi le Paulo gore ba mo iteye mo molomong.  Foo Paulo o ne a mo raya a re: “Modimo o tlile go go itaya, moitimokanyi ke wena.* A o ntse foo gore o nkatlhole go dumalana le Molao wa ga Moshe mme gape o bo o tlola Molao ka go laela gore ke itewe?”  Ba ba emeng gaufi le ene ba ne ba re: “A o tlhapatsa moperesiti yo mogolo wa Modimo?”  Mme Paulo o ne a re: “Bakaulengwe, ke ne ke sa itse gore ke moperesiti yo mogolo. Gonne go kwadilwe go twe, ‘Ga o a tshwanela go bua le mmusi wa batho ba gaeno ka lonyatso.’”+  Jaanong e re ka Paulo a ne a lemoga gore karolo e nngwe ya Sanehederine e ne e le Basadukae mme e nngwe e le Bafarasai, o ne a goa a re: “Banna, bakaulengwe, ke Mofarasai, morwa Bafarasai.+ Ke atlholwa ka gonne ke dumela gore baswi ba tla tsosiwa.”  Se a neng a se bua se ne sa dira gore Bafarasai le Basadukae ba ganetsane, mme setlhopha seo se ne sa kgaogana.  Gonne Basadukae ba re ga go na tsogo ya baswi kgotsa moengele kgotsa moya, mme Bafarasai bone ba re dilo tseno tsotlhe di teng.+  Ka jalo, go ne ga tsoga tlhakatlhakano e kgolo, mme bakwadi bangwe ba lekoko la Bafarasai ba ne ba ema mme ba simolola go bua ka bogale ba re: “Ga re bone sepe se se phoso mo monneng yono. Go tweng fa e le gore moya kgotsa moengele o ile a bua le ene?”+ 10  Jaanong e rile kganetsano eo e gakala, molaodi wa masole o ne a boifa gore ba tla tloga ba kgaoganya Paulo ka bogare, mme o ne a laela masole gore a ye go mo goga mo gare ga bone mme a mo tlise mo lefelong le masole a nnang mo go lone. 11  Bosigo jo bo latelang Morena o ne a ema fa go ene mme a re: “Nna pelokgale!+ Gonne fela jaaka o ntse o tlhalosetsa batho ka botlalo ka ga me mo Jerusalema, o tshwanetse go ya go tlhalosetsa batho le kwa Roma.”+ 12  E rile bo sena go sa, Bajuda ba ne ba loga leano la boferefere ba bo ba dira maikano a gore ga ba kitla ba ja kgotsa ba nwa go fitlha ba bolaya Paulo. 13  Go ne go na le banna ba ba fetang 40 ba ba neng ba dirile maikano ao. 14  Banna bano ba ne ba ya kwa baperesiting ba bagolo le kwa bagolwaneng ba bo ba re: “Re dirile maikano a a masisi a gore ga re kitla re ja sepe gotlhelele go fitlha re bolaya Paulo. 15  Jaanong lona mmogo le Sanehederine, lo tshwanetse go bolelela molaodi wa masole gore a tlise Paulo kwa go lona jaaka e kete lo batla go sekaseka kgang ya gagwe sentle. Mme pele ga a goroga, re tla bo re ipaakantse mme re tla mmolaya.” 16  Le fa go ntse jalo, morwa kgaitsadia Paulo o ne a utlwa ka leano la bone la go mo lalela, mme o ne a ya kwa lefelong le masole a nnang kwa go lone a bo a bolelela Paulo. 17  Foo Paulo o ne a bitsa mongwe wa badiredi ba masole mme a mo raya a re: “Isa lekawana leno kwa molaoding wa masole, ka gonne le batla go mmegela sengwe.” 18  Ka jalo, o ne a mo isa kwa molaoding wa masole a bo a re: “Legolegwa le le bidiwang Paulo le ne la mpitsa mme la nkopa gore ke tlise lekawana leno kwa go wena, ka gonne le batla go go bolelela sengwe.” 19  Molaodi wa masole o ne a mo goga ka seatla mme a tsamaela le ene kwa thoko a bo a mmotsa a re: “Ke eng se o batlang go mpolelela sone?” 20  O ne a re: “Bajuda ba dumalane gore ba go kope gore o ise Paulo kwa pele ga Sanehederine kamoso, jaaka e kete ba batla go utlwa dintlha tse di oketsegileng ka kgang ya gagwe.+ 21  Le fa go ntse jalo, o se ka wa dira se ba se kopang, ka gonne banna ba bone ba ba fetang 40 ba mo laletse, e bile ba dirile maikano a gore ga ba kitla ba ja kgotsa ba nwa go fitlha ba mmolaya;+ mme jaanong ba ipaakantse, ba letetse gore o amogele kopo ya bone.” 22  Ka jalo, molaodi wa masole o ne a tlogela lekawana leo le tsamaya fa a sena go le laela a re: “O se ka wa bolelela ope gore o mpoleletse seno.” 23  Mme o ne a bitsa badiredi ba masole ba le babedi a bo a ba raya a re: “Rulaganyang masole a le 200, le masole a a tsamayang ka dipitse a le 70 le masole a le 200 a a dirisang marumo, gore a gwante go ya go fitlha kwa Kaesarea mo e ka nnang ka 9:00 bosigo.* 24  Gape, tlisetsang Paulo dipitse, gore a ye go goroga kwa go molaodi Felise a babalesegile.” 25  Mme o ne a kwala lekwalo le le nang le mafoko ano: 26  “Nna Kalaudio Lisiase ke kwalela wena Motlotlegi, e bong Molaodi Felise: Madume! 27  Bajuda ba ne ba tshwara monna yono e bile ba ne ba tloga ba mmolaya, mme ke ne ka tla ka bonako le masole a me mme ka mo namola,+ ka gonne ke ne ka utlwalela gore ke Moroma.+ 28  E re ka ke ne ke batla go itse lebaka la go bo ba ne ba mo latofatsa, ke ne ka mo isa fa pele ga Sanehederine ya bone.+ 29  Ke ne ka lemoga gore o latofadiwa ka dikgang tse di amanang le Molao wa bone,+ mme o ne a sa latofadiwe ka sepe se se ka dirang gore a bolawe kgotsa a tsenngwe mo kgologelong. 30  E re ka ke ne ka bolelelwa gore monna yono o logetswe leano la boferefere,+ ke mo romela kwa go wena gone jaanong e bile ke laela batho ba ba mo latofatsang gore ba tle go mo latofatsa fa pele ga gago.” 31  Ka jalo, masole ao a ne a tsaya Paulo+ fela jaaka a ne a laetswe mme a mo isa kwa Antipaterisi bosigo. 32  Letsatsi le le latelang ba ne ba letla masole a a tsamayang ka dipitse gore a tswelele le ene ka loeto, mme masole a mangwe a ne ba boela kwa lefelong le masole a nnang kwa go lone. 33  Masole a a tsamayang ka dipitse a ne a goroga kwa Kaesarea mme a neela molaodi lekwalo a bo a baya Paulo fa pele ga gagwe. 34  Ka jalo, o ne a bala lekwalo leo a bo a botsa Paulo gore o tswa kwa porofenseng* efe, mme o ne a mmolelela gore o tswa kwa Kilikia.+ 35  Molaodi o ne a re: “Ke tla go reetsa sentle fa balatofatsi ba gago ba goroga.”+ Mme o ne a laela gore a nne a disitswe mo ntlong ya segosi* ya ga Herode.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “lobota ke wena lo lo tshasitsweng kalaka.”
Seger., “ka ura ya boraro bosigo.”
Kgotsa “kwa kgaolong.”
Kgotsa “kwa ntlong ya mmusimogolo.”