Diane 9:1-18

  • Botlhale jwa boammaaruri bo laletsa batho (1-12)

    • “Botlhale bo tla dira gore malatsi a gago a nne mantsi” (11)

  • Mosadi yo o sematla o laletsa batho (13-18)

    • “Metsi a a utswilweng a monate” (17)

9  Botlhale jwa boammaaruri bo agile ntlo ya jone;Bo betlile dipilara tsa jone tse supa.  2  Bo baakantse nama ya jone ka botlalo;*Bo tlhakantse beine ya jone;Gape bo rulagantse tafole ya jone.  3  Bo rometse malata a joneGore a tlhaeletse a le kwa mafelong a a kwa godimo a motse a re:+  4  “Ope fela yo o se nang maitemogelo, a a tle kwano.” Botlhale bo raya yo o seng botlhale bo re:  5  “Tla o je senkgwe sa meMme o nwe beine e ke e tlhakantseng.  6  Tlogela go tlhoka maitemogelo* mme lo tshele;+Tswelela o tsamaya mo tseleng ya tlhaloganyo.”+  7  Motho yo o lolamisang mosotli o itlisetsa tlontlologo,+Mme ope fela yo o kgalemang motho yo o bosula o tla utlwa botlhoko.  8  O se ka wa kgalemela mosotli, ka gonne o tla go tlhoa.+ Kgalemela motho yo o botlhale, mme o tla go rata.+  9  Kaela motho yo o botlhale mme o tla nna botlhale le go feta.+ Ruta motho yo o siameng, mme kitso ya gagwe e tla oketsega. 10  Go boifa Jehofa ke tshimologo ya botlhale,+Mme go itse Yo o Boitshepotshepo+ ke tlhaloganyo. 11  Gonne botlhale bo tla dira gore malatsi a gago a nne mantsi,+E bile o tla tshela lobaka lo loleele. 12  Fa o nna botlhale, botlhale joo bo tla go solegela molemo,Mme fa o le mosotli, ke wena o tla welwang ke ditlamorago tsa teng o le nosi. 13  Mosadi yo o sematla o modumo.+ Ga a kgathale e bile ga a itse sepe gotlhelele. 14  O nna fa kgorong ya ntlo ya gagweMo setulong se se mo mafelong a a kwa godimo a motse+ 15  A bo a bitsa ba ba fetang ka tsela,Ba ba tsamayang mo tseleng ya bone ba sa fapoge a re: 16  “Ope fela yo o se nang maitemogelo, a a tle kwano.” O raya ba ba seng botlhale+ a re: 17  “Metsi a a utswilweng a monate,Le dijo tse di jelwang mo sephiring di a itumedisa.”+ 18  Mme ga ba itse gore ba ba suleng ba teng koo,Ga ba itse gore baeng ba gagwe ba mo mpeng ya Lebitla.*+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “O tlhabile phologolo ya gagwe.”
Kgotsa “Tlogela ba ba se nang maitemogelo.”
Kgotsa “Sheole.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.