Diane 14:1-35
14 Mosadi yo o botlhale o aga ntlo ya gagwe,+Mme yo o seeleele o e rutlolola ka diatla tsa gagwe.
2 Yo o dirang se se siameng o boifa Jehofa,Mme yo o tsietsang o nyatsa Modimo.
3 Puo ya mabela ya seeleele e tshwana le thupa,Mme melomo ya ba ba botlhale e tla ba sireletsa.
4 Kwa go se nang dikgomo teng bojelo jwa diruiwa ga bo nne le sepe,Mme maatla a poo a dira gore go nne le thobo e kgolo.
5 Mosupi yo o ikanyegang ga a kitla a bua maaka,Mme mosupi wa maaka ga a ke a bua boammaaruri.+
6 Mosotli o batla botlhale mme ga a bo bone,Mme kitso e itlela motlhofo fela mo mothong yo o nang le tlhaloganyo.+
7 Tswa mo mothong yo o seeleele,Gonne ga o kitla o utlwa kitso epe mo go ene.+
8 Motho yo o botlhale o tlhopha tsela e a tsamayang ka yone,Mme dimatla di tsiediwa ke* boeleele jwa tsone.+
9 Dieleele ga di tseye molato* masisi,+Mme ba ba siameng bone, ba ikemiseditse go agisana.
10 Pelo e itse botlhoko jwa yone,Mme ga go na ope o sele yo o ka itumelang le yone.
11 Ntlo ya badirabosula e tla senngwa,+Mme tente ya basiami e tla nna kgolo.
12 Go na le tsela e e lebegang e siame mo mothong,+Mme kwa bofelong e isa kwa losong.+
13 Tota le fa motho a tshega, pelo e ka tswa e utlwile botlhoko,E bile boitumelo bo ka nna jwa felela ka khutsafalo.
14 Motho yo pelo ya gagwe e duleng mo tseleng o tla roba diphelelo tsa ditsela tsa gagwe,+Mme motho yo o molemo o roba maduo a ditiro tsa gagwe.+
15 Motho yo o se nang maitemogelo o dumela lefoko lengwe le lengwe,Mme yo o botlhale o akanyetsa kgato nngwe le nngwe e a e tsayang.+
16 Motho yo o botlhale o kelotlhoko e bile o fapoga bosula,Mme sematla se botlhaswa* e bile se itshepa thata.
17 Motho yo o bonako go galefa o dira dilo ka boeleele,+Mme motho yo o akanyetsang dilo kwa teng* o tlhoilwe.
18 Batho ba ba se nang maitemogelo, boswa jwa bone ke boeleele,Mme ba ba botlhale ba rwele kitso mo tlhogong.+
19 Batho ba ba bosula ba tla tshwanelwa ke go ikoba fa pele ga ba ba molemo,Mme badirabosula ba tla ikoba fa dikgorong tsa basiami.
20 Mohumanegi o tlhoilwe tota le ke baagelani ba gagwe,+Mme ditsala tsa mohumi di dintsi.+
21 Yo o nyatsang moagelani wa gagwe o a leofa,Mme ope fela yo o tlhomogelang motho wa maemo a a kwa tlase pelo o itumetse.+
22 A ba ba logang maano a a bosula ga ba kitla ba timela?
Mme ba ba ikemiseditseng go dira molemo ba tla amogela lorato lo lo sa kgaotseng le boikanyegi.+
23 Tiro nngwe le nngwe ya bonatla e solegela molemo,Mme go bua fela go dira gore motho a humanege.+
24 Serwalo sa ba ba botlhale ke dikhumo tsa bone;Mme ditiro tsa dieleele di felela ka boeleele.+
25 Mosupi wa boammaaruri o boloka botshelo,*Mme yo o tsietsang o nna a bua maaka fela.
26 Motho yo o boifang Jehofa o mo ikanya mo go sengwe le sengwe,+E bile bana ba gagwe ba tla nna le lefelo la botshabelo.+
27 Go boifa Jehofa ke motswedi wa botsheloO o faposang motho mo diraing tsa loso.
28 Boidiidi jwa batho ke tlotlomalo ya kgosi,+Mme mmusi yo o se nang batho ba a ba busang o a phutlhama.
29 Motho yo o sa galefeng ka bonako o na le temogo e kgolo,+Mme yo o felang pelo o bontsha gore ke seeleele.+
30 Pelo e e ritibetseng e naya mmele botshelo,*Mme lefufa le bodisa marapo.+
31 Yo o tsietsang motho wa maemo a a kwa tlase o tlhapatsa Modiri wa gagwe,+Mme ope fela yo o tlhomogelang motho wa maemo a a kwa tlase pelo o galaletsa Modimo.+
32 Modirabosula o tla digwa ke bosula jwa gagwe,Mme mosiami o tla sirelediwa ka gonne a ikanyega.+
33 Motho yo o nang le tlhaloganyo ga a ikgantshe ka botlhale jwa gagwe,+Mme sematla sone se nna se ikgantsha ka se se se itseng.
34 Tshiamo e tlotlomatsa setšhaba,+Mme boleo bo tlhabisa morafe ditlhong.
35 Kgosi e itumedisiwa ke motlhanka yo o dirang dilo ka temogo,+Mme e galefela yo o dirang ditiro tsa matlhabisaditlhong.+
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ Kgotsa gongwe “dimatla di tsietsa ba bangwe ka.”
^ Kgotsa “go baakanya dilo.”
^ Kgotsa “bogale.”
^ Kgotsa “motho yo o nang le bokgoni jwa go akanya.”
^ Seheb., “ne′phesh.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
^ Kgotsa “botsogo jo bo siameng.”