Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Buka ya Diane

Dikgaolo

Lenaane la Diteng

  • 1

    • Maikaelelo a diane (1-7)

    • Dikotsi tsa ditsala tse di sa siamang (8-19)

    • Botlhale jwa boammaaruri bo goa phatlalatsa (20-33)

  • 2

    • Boleng jwa botlhale (1-22)

      • Senka botlhale jaaka fa o senka matlotlo a a fitlhegileng (4)

      • Bokgoni jwa go akanya bo a sireletsa (11)

      • Boitsholo jo bo sa siamang bo na le ditlamorago tse di botlhoko (16-19)

  • 3

    • Nna botlhale mme o ikanye Jehofa (1-12)

      • Tlotla Jehofa ka dilo tse di tlhwatlhwakgolo (9)

    • Botlhale bo dira gore motho a itumele (13-18)

    • Botlhale bo dira gore motho a babalesege (19-26)

    • Go dirisana le ba bangwe sentle (27-35)

      • Direla ba bangwe molemo fa go kgonega (27)

  • 4

    • Kaelo e e botlhale ya ga rre (1-27)

      • Mo godimo ga tsotlhe, senka botlhale (7)

      • Gana ditsela tse di bosula (14, 15)

      • Tselana ya basiami e nna e phatsima (18)

      • “Sireletsa pelo ya gago” (23)

  • 5

    • Tlhagiso e e amanang le mosadi yo o dirang boitsholo jo bo sa siamang (1-14)

    • Itumele le mosadi wa gago (15-23)

  • 6

    • Ikele tlhoko ka ditumalano tsa go duela melato (1-5)

    • “Ya kwa tshoswaneng, wena setshwakga” (6-11)

    • Motho yo o se nang mosola le yo o bosula (12-15)

    • Dilo tse supa tse Jehofa a di tlhoileng (16-19)

    • Ikele tlhoko mo mosading yo o bosula (20-35)

  • 7

    • Amogela ditaelo tsa Modimo mme o tshele (1-5)

    • Lekawana le le se nang maitemogelo le a tsiediwa (6-27)

      • “Jaaka poo e e yang go tlhabiwa” (22)

  • 8

    • Botlhale jo bo mothofaditsweng bo a bua (1-36)

      • ‘Ke nna wa ntlhantlha mo ditirong tsa Modimo’ (22)

      • ‘Ke le modiri yo o setswerere fa thoko ga Modimo’ (30)

      • “Ke ne ke rata batho fela thata” (31)

  • 9

    • Botlhale jwa boammaaruri bo laletsa batho (1-12)

      • “Botlhale bo tla dira gore malatsi a gago a nne mantsi” (11)

    • Mosadi yo o sematla o laletsa batho (13-18)

      • “Metsi a a utswilweng a monate” (17)

  • DIANE TSA GA SOLOMONE (10:1–24:34)

    • 10

      • Morwa yo o botlhale o itumedisa rraagwe (1)

      • Diatla tse di dirang ka natla di tlisa dikhumo (4)

      • Yo o buang thata o tla dira diphoso (19)

      • Tshegofatso ya ga Jehofa e a humisa (22)

      • Go boifa Jehofa go dira gore botshelo bo nne boleele (27)

    • 11

      • Ba ba boikokobetso ba botlhale (2)

      • Motlhanogi o tlisetsa ba bangwe tshenyego (9)

      • ‘Bagakolodi ba bantsi ba tlisa katlego’ (14)

      • Motho yo o pelotshweu o tla atlega (25)

      • Yo o ikanyang dikhumo tsa gagwe o tla wa (28)

    • 12

      • Yo o tlhoileng kgalemelo ga a na tlhaloganyo (1)

      • “Go bua o sa akanye go tshwana le go tlhaba ga tšhaka” (18)

      • Go dira kagiso go tlisa boitumelo (20)

      • Yo o buang maaka o makgapha mo go Jehofa (22)

      • Go tlhobaela go imetsa pelo (25)

    • 13

      • Ba ba batlang kgakololo ba botlhale (10)

      • Selo se motho a se eletsang fa se sa diragadiwe, se ka mo hutsafatsa (12)

      • Morongwa yo o ikanyegang o tlisa phodiso (17)

      • Go tsamaya le ba ba botlhale go dira gore motho a nne botlhale (20)

      • Kotlhao ke tsela ya go bontsha lorato (24)

    • 14

      • Pelo e itse botlhoko jwa yone (10)

      • Tsela e e lebegang e siame e ka isa kwa losong (12)

      • Yo o se nang maitemogelo o dumela sengwe le sengwe (15)

      • Ditsala tsa mohumi di dintsi (20)

      • Pelo e e ritibetseng e naya mmele botshelo (30)

    • 15

      • Karabo e e bonolo e faposa bogale (1)

      • Matlho a ga Jehofa a gongwe le gongwe (3)

      • Thapelo ya mosiami e itumedisa Modimo (8)

      • Dithulaganyo di a kgoreletsega fa go se na puisano (22)

      • Akanyetsa kwa teng pele ga o araba (28)

    • 16

      • Jehofa o tlhatlhoba maitlhomo a motho (2)

      • Bolelela Jehofa se o se dirang (3)

      • Dikale tse di siameng di tswa kwa go Jehofa (11)

      • Boikgogomoso bo dira gore motho a we (18)

      • Moriri o mosweu, serwalo sa bontle (31)

    • 17

      • O se ka wa duela molemo ka bosula (13)

      • Tsamaya pele ga komano e tsoga (14)

      • Tsala ya boammaaruri e lorato ka dinako tsotlhe (17)

      • “Pelo e e itumetseng ke kalafi e e molemo” (22)

      • Motho yo o nang le temogo o thiba mafoko a gagwe (27)

    • 18

      • Go itlhaola ke bopelotshetlha e bile ga go botlhale (1)

      • Leina la ga Jehofa ke tora e e nonofileng (10)

      • Mo mogopolong dikhumo di lebega e le tshireletso (11)

      • Botlhale jwa go reetsa matlhakore oomabedi (17)

      • Tsala e e ikanyegang go gaisa ba lelapa la gaeno (24)

    • 19

      • Temogo e fokotsa bogale jwa motho (11)

      • Mosadi yo o ratang go omana o tshwana le borulelo jo bo nelang (13)

      • Mosadi yo o botlhale o tswa kwa go Jehofa (14)

      • Otlhaya ngwana go sa ntse go na le tsholofelo (18)

      • Botlhale jwa go reetsa kgakololo (20)

    • 20

      • Beine ke mosotli (1)

      • Ditshwakga ga di leme ka ntlha ya mariga (4)

      • Dikakanyo tsa motho di tshwana le metsi a a boteng (5)

      • Tlhagiso ka go itlhaganelela go ikana (25)

      • Kgalalelo ya makawana ke nonofo ya bone (29)

    • 21

      • Jehofa o kaela pelo ya kgosi (1)

      • Tshiamiso e botoka go feta setlhabelo (3)

      • Go dira ka natla go dira gore motho a atlege (5)

      • Yo o sa reetseng motho wa maemo a a kwa tlase ga a kitla a arabiwa (13)

      • Go ganetsana le Jehofa ga go bontshe botlhale (30)

    • 22

      • Leina le le molemo le botoka go feta dikhumo tse dintsi (1)

      • Go rutwa go tswa boseeng go sologela molemo botshelo jotlhe (6)

      • Setshwakga se boifa tau e e kwa ntle (13)

      • Kotlhao e tlosa boeleele (15)

      • Modiri yo o setswerere o direla dikgosi (29)

    • 23

      • Nna kelotlhoko fa o amogela taletso (2)

      • O se ka wa gagamalela dikhumo (4)

      • Dikhumo di ka fofela kgakala le wena (5)

      • O se ka wa nna mo gare ga ba ba nwang bobe (20)

      • Bojalwa bo tla go loma jaaka noga (32)

    • 24

      • O se ka wa tswela batho ba ba bosula pelo (1)

      • Ntlo e agiwa ka botlhale (3)

      • Mosiami a ka wa, mme o tla tsoga (16)

      • O se ka wa ipusolosetsa (29)

      • Go rata boroko go tlisa khumanego (33, 34)

  • DIANE TSA GA SOLOMONE TSE DI KWALOLOTSWENG KE BANNA BA GA KGOSI HESEKIA (25:1–29:27)

    • 25

      • Khupamarama (9)

      • Mafoko a a tlhophilweng sentle (11)

      • Etela ntlo ya moagelani wa gago sewelo (17)

      • Go koela magala mo tlhogong ya mmaba (21, 22)

      • Pego e e molemo e tshwana le metsi a a tsididi (25)

    • 26

      • Ditshwakga di a tlhalosiwa (13-16)

      • O se ka wa tsena dikomano tsa batho (17)

      • Tila go tsietsa ba bangwe ka metlae (18, 19)

      • Fa go se na dikgong ga go nne le molelo (20, 21)

      • Mafoko a yo o senyang batho maina a tshwana le dithathana tse di monate (22)

    • 27

      • Go kgalemelwa ke tsala go sologela molemo (5, 6)

      • Morwaaka, itumedise pelo ya me (11)

      • Tshipi e lootsa tshipi (17)

      • Itse letsomane la gago (23)

      • Dikhumo ga di nnele ruri (24)

    • 28

      • Thapelo ya yo o sa reetseng e makgapha (9)

      • Yo o ikwatlhayang o utlwelwa botlhoko (13)

      • Go batla go huma ka bonako ga go ke go tlhoka molato (20)

      • Go kgalemelwa go botoka go na le go tsiediwa (23)

      • Yo o pelotshweu ga a tlhoke sepe (27)

    • 29

      • Ngwana yo o tlogelwang fela o tlhabisa ditlhong (15)

      • Fa go se na ponatshegelo, batho ga ba laolesege (18)

      • Motho yo o bogale o baka dikgogakgogano (22)

      • Motho yo o ikokobeditseng o a galalediwa (23)

      • Go boifa batho ke serai (25)

  • 30

    • MAFOKO A GA AGURE (1-33)

      • O se ka wa nnaya lehuma kgotsa dikhumo (8)

      • Dilo tse di sa keng di kgotsofala (15, 16)

      • Dilo tse di sa tlogeleng motlhala (18, 19)

      • Mosadi wa seaka (20)

      • Diphologolo tse di botlhale ka tlholego (24)

  • 31

    • MAFOKO A GA KGOSI LEMUELE (1-31)

      • Ke mang yo o ka nyalang mosadi yo o nang le mekgwa e mentle? (10)

      • Ke senatla (17)

      • Bopelonomi bo mo lolemeng lwa gagwe (26)

      • Bana ba gagwe le monna wa gagwe ba a mmaka (28)

      • Bontle bo a tsietsa (30)