Diane 25:1-28
25 Diane tseno le tsone ke tsa ga Solomone,+ tse banna ba ga Hesekia+ kgosi ya Juda ba di kwalolotseng:*
2 Kgalalelo ya Modimo ke go boloka kgang e le sephiri,+Mme kgalalelo ya dikgosi ke go batlisisa kgang.
3 Fela jaaka magodimo a le kwa godimo le lefatshe le le boteng,Ga go ope yo o ka tlhaloganyang pelo ya dikgosi.
4 Tlosa se se leswe mo selefereng,Mme e tla tlhaga e le phepa.+
5 Tlosa modirabosula fa pele ga kgosi,Mme bogosi jwa gagwe bo tla sireletsega e bile o tla nna a busa ka tshiamo.+
6 O se ka wa itlotlomatsa fa pele ga kgosi,+E bile o se ka wa nna mo gare ga ba ba tlotlegang,+
7 Gonne go botoka gore kgosi e go reye e re, “Tla o nne fano,”
Go na le gore e go kokobetse fa pele ga motlotlegi.+
8 O se ka wa potlakela go isa kgang kwa kgotlatshekelong,Gonne o tla dira eng moragonyana fa moagelani wa gago a go tlhabisa ditlhong?+
9 Bua kgang ya gago le moagelani wa gago,+Mme o se ka wa senola se o neng wa se bolelelwa mo sephiring,*+
10 Gore yo o go reeditseng a se ka a go tlhabisa ditlhongLe gore o se ka wa anamisa pego e e bosula* e e ka se kang ya phimoga.
11 Lefoko le le builweng ka nako e e tshwanetsengLe tshwana le diapole tsa gauta mo dikotleleng tsa selefera.+
12 Mokgalemi yo o botlhale o tshwana le lenyena la gauta,Le mokgabisa wa gauta e e sa tswakanngwang mo tsebeng ya motho yo o utlwang.+
13 Fela jaaka botsididi jwa kapoko mo letsatsing la thobo,Morongwa yo o ikanyegang o ntse jalo mo go ba ba mo romang,Gonne o lapolosa mong wa gagwe.+
14 Motho yo o ipelafatsang ka go re o tla naya mongwe mpho a bo a sa dire jalo*+O tshwana fela le maru le phefo tse di sa neseng pula.
15 Molaodi o kgonwa ka bopelotelele,E bile loleme lo lo bonolo lo kgona go roba lerapo.+
16 Fa e le gore o bone tswina ya dinotshe, ja fela e e go lekaneng,Gonne fa o ja e ntsi, o ka nna wa e tlhatsa.+
17 Ya kwa ntlong ya moagelani wa gago ka sewelo,Gore o se ka wa mo lapisa mme a go tlhoa.
18 Mosupi yo o buang maaka ka moagelani wa gagwe+O tshwana le molamu wa ntwa le tšhaka le motswi o o bogale.
19 Go ikanya motho yo o sa ikanyegeng* ka dinako tsa mathataGo tshwana le go tlhafuna ka leino le le robegileng kgotsa go tsamaya ka lonao lo lo kgwetlhang.
20 Yo o opelelang motho yo o pelo e tlhontseng dipina+O tshwana le motho yo o apolang seaparo go le tsididiE bile o tshwana le binika e e tshetsweng mo soteng.*
21 Fa mmaba wa gago* a tshwerwe ke tlala, mo neye senkgwe a je;Fa a nyorilwe, mo neye metsi a nwe,+
22 Gonne o tla bo o koela magala mo tlhogong ya gagwe,*+Mme Jehofa o tla go duela.
23 Phefo ya bokone e nesa pula e kgolo,Mme go seba go galefisa batho.+
24 Go botoka go nna mo khoneng ya boruleloGo na le go nna mo ntlong e le nngwe le mosadi yo o ratang go omana.*+
25 Pego e e molemo e e tswang kwa nageng e e kgakala,+E tshwana le metsi a a tsididi mo mothong* yo o nyorilweng.
26 Mosiami yo o ineelelang* modirabosulaO tshwana le motswedi o o tletseng seretse le sediba se se senyegileng.
27 Go ja tswina ya dinotshe e ntsi ga go a siama,+E bile ga go a siama gore motho a ipatlele kgalalelo.+
28 Motho yo o sa kgoneng go laola bogale jwa gagwe,*+O tshwana le motse o o thubegileng, o o se nang lobota.
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ Kgotsa “ba di kokoantseng ba bo ba di kwalolola.”
^ Kgotsa “diphiri tsa batho ba bangwe.”
^ Kgotsa “magatwe a a senyang motho leina.”
^ Seheb., “mpho ya maaka.”
^ Kgotsa gongwe “leferefere.”
^ Kgotsa “mo poereng ya sota.”
^ Seheb., “motho yo o go tlhoileng.”
^ Go tewa go reba motho bogale le go dira gore a nne bonolo.
^ Kgotsa “go tshwayatshwaya diphoso.”
^ Seheb., “ne′phesh.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
^ Kgotsa “kgotsofatsang.” Seheb., “kgokgweetsegang fa pele ga.”
^ Kgotsa “yo o sa kgoneng go thiba moya wa gagwe.”