Diane 31:1-31
31 Mafoko a ga Kgosi Lemuele, molaetsa wa botlhokwa thata o mmaagwe a neng a mo gakolola ka one:+
2 Ke go reye ke reng tota morwaaka,Wena morwa yo ke mo tshotseng,*Wena morwa wa maikano a me?+
3 O se ka wa naya basadi matlhagatlhaga a gago,+Kgotsa wa latela ditsela tse di senyang dikgosi.+
4 Dikgosi ga di a tshwanela, wena Lemuele,Dikgosi ga di a tshwanela go nwa beineE bile babusi ga ba a tshwanela go re, “Bojalwa jwa me bo kae?”+
5 Gore ba se ka ba nwa mme ba lebala se se mo molaongBa bo ba sokamisa ditshwanelo tsa batho ba maemo a a kwa tlase.
6 Nayang ba ba nyelelang bojalwa+Le ba ba ngomogileng pelo lo ba neye beine.+
7 A ba nwe mme ba lebale lehuma la bone;A ba se ka ba tlhola ba gakologelwa mathata a bone.
8 Buelela ba ba sa kgoneng go bua;Femela ditshwanelo tsa botlhe ba ba nyelelang.+
9 Bua mme o atlhole ka tshiamo;Femela ditshwanelo* tsa batho ba maemo a a kwa tlase le tsa bahumanegi.+
א [Aleph]
10 Ke mang yo o ka nyalang mosadi yo o nang le mekgwa e mentle?*+
Tlhwatlhwa ya gagwe e feta ya dikorale* kgakala.
ב [Beth]
11 Monna wa gagwe o mo ikanya ka pelo yotlhe,E bile ga a tlhoke sepe se se tlhwatlhwakgolo.
ג [Gimel]
12 Malatsi otlhe a botshelo jwa gagwe,O direla monna wa gagwe se se molemo, e seng se se bosula.
ד [Daleth]
13 O kokoantse wulu le tlhale e e boleta;O itumelela go bereka ka diatla tsa gagwe.+
ה [He]
14 O tshwana le dikepe tsa mogwebi,+O tsaya dijo tsa gagwe kgakala.
ו [Waw]
15 Gape o tsoga go sa le bosigo,A naya ba lelapa la gagwe dijoA bo a abela malata a gagwe tiro.+
ז [Zayin]
16 O akanya thata ka tshimo a bo a e reka;O jala tshimo ya morara* ka se a se amogelang.*
ח [Heth]]
17 O dira ka natla,*+E bile o nonotsha mabogo a gagwe.
ט [Teth]
18 O lemoga gore kgwebo ya gagwe e tsenya lotseno;Bosigo, lobone lwa gagwe ga lo time.
י [Yod]
19 Diatla tsa gagwe di tshwara thobane ya selogi,E bile diatla tsa gagwe di tshwara toloki.*+
כ [Kaph]
20 O thusa batho ba ba tlhokang,E bile o abela bahumanegi ka bopelotshweu.+
ל [Lamed]
21 Ga a tshwenyege ka ba lelapa la gagwe ka gonne go le tsididi,Gonne ba lelapa la gagwe botlhe ba apere diaparo tse di bothitho.*
מ [Mem]]
22 O itirela matsela a a apesang bolao.
Diaparo tsa gagwe ke tsa letsela le le boleta le wulu e phepole.
נ [Nun]
23 Monna wa gagwe o a itsege kwa dikgorong tsa motse,+Kwa a nnang gone mo bagolwaneng ba motse oo.
ס [Samekh]
24 O dira diaparo* tsa letsela le le boleta a bo a di rekisaE bile o rekisetsa bagwebi mabanta.
ע [Ayin]
25 O pelokgale e bile o tlotlwa ke batho,E bile o leba bokamoso a na le tsholofelo.*
פ [Pe]
26 O bula molomo wa gagwe ka botlhale;+Loleme lwa gagwe lo kaelwa ke molao wa bopelonomi.*
צ [Tsade]
27 O ela tlhoko se se diregang mo ntlong ya gagwe,E bile ga a je senkgwe sa botshwakga.+
ק [Qoph]
28 Bana ba gagwe ba a ema ba bo ba mmaka;Monna wa gagwe o a ema a bo a mmaka.
ר [Resh]
29 Go na le basadi ba bantsi ba ba nang le mekgwa e mentle,*Mme wena, o ba gaisa botlhe.
ש [Shin]
30 Bontle bo ka tsietsa, e bile bontle bo ka nna jwa nyelela,*+Mme mosadi yo o boifang Jehofa o tla bakwa.+
ת [Taw]
31 Mo neyeng tuelo ya se a se dirang,*+E bile a ditiro tsa gagwe di mmake kwa dikgorong tsa motse.+
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ Seheb., “morwa wa popelo ya me.”
^ Kgotsa “Seka kgang.”
^ Kgotsa “yo o molemo thata.”
^ Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
^ Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
^ Seheb., “go tswa mo maungong a diatla tsa gagwe.”
^ Seheb., “O gatlha dinôka tsa gagwe ka nonofo.”
^ Thobane ya selogi le toloki e ne e le dithobane tse di dirisediwang go otlha kgotsa go dira tlhale.
^ Seheb., “tlhatlagantsweng.”
^ Kgotsa “diaparo tsa ka fa teng.”
^ Kgotsa “o tshega letsatsi le le tlang.”
^ Kgotsa “fa a ruta, o ruta a le lorato.” Seheb., “Molao wa lorato lo lo sa kgaotseng o mo lolemeng lwa gagwe.”
^ Kgotsa “ba ba molemo thata.”
^ Kgotsa “e ka nna lefela.”
^ Seheb., “Mo neyeng go tswa mo maungong a diatla tsa gagwe.”