Diane 15:1-33

  • Karabo e e bonolo e faposa bogale (1)

  • Matlho a ga Jehofa a gongwe le gongwe (3)

  • Thapelo ya mosiami e itumedisa Modimo (8)

  • Dithulaganyo di a kgoreletsega fa go se na puisano (22)

  • Akanyetsa kwa teng pele ga o araba (28)

15  Karabo e e bonolo e faposa bogale,+Mme lefoko le le kgopisang* le tsosa bogale.+  2  Yo o botlhale o dirisa kitso ka tsela e e molemo,+Mme sematla se phatloga fela se bua bomatla.  3  Matlho a ga Jehofa a gongwe le gongwe,A lebeletse ba ba bosula le ba ba molemo.+  4  Loleme lo lo ritibetseng* ke setlhare sa botshelo,+Mme puo e e sokameng e baka matshwenyego.*  5  Seeleele ga se tlotle kotlhao ya ga rraasone,+Mme motho yo o botlhale o amogela kgakololo.*+  6  Mo ntlong ya mosiami go na le letlotlo le legolo,Mme maungo* a modirabosula a mmakela mathata.+  7  Melomo ya ba ba botlhale e anamisa kitso,+Mme pelo ya sematla ga e a nna jalo.+  8  Setlhabelo sa badirabosula se makgapha mo go Jehofa,+Mme thapelo ya basiami e a mo itumedisa.+  9  Jehofa o tlhoile tsela ya motho yo o bosula,+Mme o rata motho yo o dirang se se siameng.+ 10  Kotlhao e lebega e sa siama* mo mothong yo o fapogang mo tseleng,+Mme ope fela yo o tlhoileng kgalemelo o tla swa.+ 11  Fa e le gore Jehofa o kgona go bona ba ba mo Lebitleng* le ba ba mo lefelong la tshenyego,*+Ruri o kgona go bona se se mo dipelong tsa batho!+ 12  Mosotli ga a rate yo o mo gakololang.*+ Ga a kitla a botsa ba ba botlhale.+ 13  Pelo e e itumetseng e dira gore sefatlhego se itumele,Mme pelo e e utlwileng botlhoko, e dira gore motho a kgobege marapo.*+ 14  Pelo e e tlhaloganyang e batla kitso,+Mme molomo wa dimatla o itumelela go bua bomatla.+ 15  Malatsi otlhe a motho yo o bogisiwang a bosula,+Mme yo o nang le pelo e e itumetseng* o nna a itumetse letsatsi le letsatsi.*+ 16  Go botoka go nna le mo gonnye o boifa Jehofa+Go na le go nna le dikhumo tse dintsi tse di bakang tlhobaelo.*+ 17  Go botoka dijo tsa merogo kwa go nang le lorato teng+Go na le poo e e nontshitsweng* kwa go nang le letlhoo teng.+ 18  Motho yo o galefang motlhofo o tsosa dikgogakgogano,+Mme yo o sa galefeng ka bonako o kokobetsa komano.+ 19  Tsela ya setshwakga e tshwana le legora la mmitlwa,+Mme tselana ya batho ba ba ikanyegang e tshwana le tsela e kgolo e e dirilweng sentle.+ 20  Morwa yo o botlhale o itumedisa rraagwe,+Mme motho yo o sematla o nyatsa mmaagwe.+ 21  Motho yo o seng botlhale o rata go dira dilo tsa boeleele,+Mme motho yo o nang le temogo o tsamaya a tlhamaletse.+ 22  Dithulaganyo di a kgoreletsega fa go se na puisano,*Mme go na le se se fitlhelelwang fa go na le bagakolodi ba bantsi.+ 23  Motho o a itumela fa a araba ka karabo e e siameng,*+E bile lefoko le le builweng ka nako e e tshwanetseng, ruri le molemo.+ 24  Motho yo o nang le temogo o mo tselaneng ya botshelo, e leng tselana e e tlhatlogelang kwa godimo,+O tila tsela e e fologelang kwa Lebitleng* kwa tlase.+ 25  Jehofa o tla rutlolola ntlo ya ba ba mabela,+Mme o tla sireletsa molelwane wa motlholagadi.+ 26  Jehofa o tlhoile maano a a bosula a modirabosula,+Mme mafoko a a monate a itshekile mo go ene.+ 27  Yo o dirisang ditsela tse di sa siamang go huma o tlisetsa ba lelapa la gagwe mathata,*+Mme yo o tlhoileng pipamolomo o tla tswelela a tshela.+ 28  Mosiami o akanyetsa kwa teng pele ga a araba,*+Mme modirabosula o phatloga fela a bua dilo tse di bosula. 29  Jehofa o kgakala thata le badirabosula,Mme o utlwa thapelo ya basiami.+ 30  Matlho a a phatsimang a* itumedisa pelo;Pego e e molemo e a kgothatsa.*+ 31  Motho yo o reetsang kgalemelo e e nayang botsheloO itumelela go nna mo bathong ba ba botlhale.+ 32  Ope fela yo o ganang kotlhao o nyatsa botshelo* jwa gagwe,+Mme ope fela yo o reetsang kgalemelo o tla nna le tlhaloganyo.*+ 33  Go boifa Jehofa go ruta motho gore a nne botlhale,+E bile boikokobetso bo tla pele ga kgalalelo.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

^ Kgotsa “le le utlwisang botlhoko.”
^ Kgotsa “fodisang.”
^ Seheb., “e utlwisa moya botlhoko.”
^ Kgotsa “kgalemelo.”
^ Kgotsa “lotseno.”
^ Kgotsa “e le setlhogo.”
^ Kgotsa “Sheole.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
^ Kgotsa “mo Abadona.”
^ Kgotsa “kgalemelang.”
^ Kgotsa “moya wa gagwe o utlwe botlhoko.”
^ Kgotsa “molemo.”
^ Seheb., “o na le moletlo ka metlha.”
^ Kgotsa “tlhakatlhakano.”
^ Seheb., “e e fepetsweng mo bojelong jwa diruiwa.”
^ Kgotsa “puo ya sephiri.”
^ Seheb., “ka karabo ya molomo wa gagwe.”
^ Kgotsa “Sheole.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
^ Kgotsa “tlontlologo.”
^ Kgotsa “Pelo ya mosiami e akanya ka kelotlhoko gore e ka araba jang; e a akanya pele ga e bua.”
^ Kgotsa “Go leba ka tsela e e itumedisang go.”
^ Seheb., “e nontsha marapo.”
^ Seheb., “ne′phesh.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
^ Seheb., “pelo.”