Diane 22:1-29
22 Tlhopha go nna le leina le le molemo* go na le go tlhopha dikhumo tse dintsi;+Go tlotliwa* go botoka go na le selefera le gauta.
2 Mohumi le mohumanegi ba tshwana ka seno:*
Botlhe ba bopilwe ke Jehofa.+
3 Yo o botlhale o bona kotsi a bo a iphitlha,Mme yo o se nang maitemogelo o tswelela a tsamaya a bo a tlelwa ke ditlamorago tse di botlhoko.
4 Diphelelo tsa boikokobetso le go boifa JehofaKe dikhumo le kgalalelo le botshelo.+
5 Mmitlwa le dirai di mo tselaneng ya motho yo o sokameng,Mme ope fela yo o ratang botshelo* jwa gagwe o nnela kgakala le tsone.+
6 Ruta mosimane* tsela e a tshwanetseng go tsamaya mo go yone;+Tota le fa a tsofala ga a kitla a fapoga mo go yone.+
7 Mohumi o laola mohumanegi,E bile yo o adimilweng, ke lekgoba la motho yo a mo adimileng.+
8 Ope fela yo o jalang tshiamololo o tla roba masetlapelo,+E bile taolo ya gagwe e e setlhogo* e tla khutla.+
9 Motho yo o pelotshweu* o tla segofadiwa,Gonne o kgaogana dijo tsa gagwe le bahumanegi.+
10 Leleka mosotli,Mme manganga a tla fela;Dikgotlhang* le ditlhapatso di tla khutla.
11 Motho yo o pelo e e itshekilengO tla nna tsala ya Kgosi.+
12 Jehofa o sireletsa yo o dirang dilo ka botlhale,*Mme o pitikolola mafoko a maferefere.+
13 Setshwakga sa re: “Go na le tau kwa ntle!
E tla mpolaela mo patlelong!”+
14 Molomo wa basadi ba ba duleng mo tseleng* ke khuti e e boteng.+
Yo o atlhotsweng ke Jehofa o tla wela mo go yone.
15 Boeleele bo bofeletswe mo pelong ya mosimane,*+Mme thupa ya kotlhao e tla bo ntshetsa kgakala le ene.+
16 Yo o tsietsang bahumanegi gore a oketse dikhumo tsa gagwe+Le yo o abelang bahumi dimphoO tla felela a humanegile.
17 Sekega tsebe ya gago mme o reetse mafoko a ba ba botlhale,+Gore o tle o tlhome pelo ya gago mo kitsong ya me,+
18 Gonne go molemo gore o a boloke mo teng ga gago,+Gore o nne o a bua ka metlha.+
19 Ke go naya kitso gompieno,Gore tshepo ya gago e tle e nne mo go Jehofa.
20 A ga ke a go kwalela mo nakong e e fetileng,Ke go naya dikgakololo le kitso,
21 Ke go ruta mafoko a a boammaaruri le a a ikanyegang,Gore o tle o ise pego e e boammaaruri kwa go yo o go romileng?
22 O se ka wa thukutha mohumanegi ka gonne a humanegile,+E bile o se ka wa gatelela motho wa maemo a a kwa tlase kwa kgorong ya motse,+
23 Gonne Jehofa ka boene o tla tlhomamisa gore ba direlwa tshiamiso+E bile o tla bolaya ba ba ba tsietsang.
24 O se ka wa tsalana le motho yo o galefang motlhofoKgotsa wa ikopanya le motho yo o pelokhutshwane,
25 Gore le ka motlha o se ka wa ithuta ditsela tsa gagweMme wa itsenya mo seraing.+
26 O se ka wa nna le batho ba ba dirang tumalanoYa gore ba tla duelela ba bangwe melato ya bone.+
27 Fa o se na sepe se o ka duelang ka sone,Bolao jwa gago bo tla tsewa o ntse o robetse mo go jone!
28 O se ka wa sutisa letshwao la molelwane le le sa bolong go tlhomiwaLe borragomogolo ba neng ba le baya.+
29 A o kile wa bona motho yo o setswerere mo tirong ya gagwe?
O tla ema fa pele ga dikgosi;+Ga a kitla a ema fa pele ga batho fela.
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ Seheb., “Go amogelwa.”
^ Kgotsa “Tsela e e molemo e motho a itsegeng ka yone e botoka.” Seheb., “Tlhopha leina.”
^ Seheb., “ba kopana mmogo.”
^ Seheb., “ne′phesh.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
^ Kgotsa “ngwana; mosha.”
^ Seheb., “thobane ya tšhakgalo ya gagwe.”
^ Seheb., “Yo o nang le leitlho le le molemo.”
^ Kgotsa “Ditsheko.”
^ Seheb., “o sireletsa kitso.”
^ Kgotsa “ngwana; mosha.”