Diane 16:1-33

  • Jehofa o tlhatlhoba maitlhomo a motho (2)

  • Bolelela Jehofa se o se dirang (3)

  • Dikale tse di siameng di tswa kwa go Jehofa (11)

  • Boikgogomoso bo dira gore motho a we (18)

  • Moriri o mosweu, serwalo sa bontle (31)

16  Motho o baakanya dikakanyo tsa pelo ya gagwe,*Mme karabo e a e buang* e tswa kwa go Jehofa.+  2  Ditsela tsotlhe tsa motho di lebega di siame* mo go ene,+Mme Jehofa o tlhatlhoba maitlhomo a motho.*+  3  Bolelela Jehofa sepe fela se o se dirang,*+Mme dithulaganyo tsa gago di tla atlega.  4  Jehofa o dirile gore sengwe le sengwe se diragatse boikaelelo jwa gagwe,Tota le batho ba ba bosula o ba beetse letsatsi la masetlapelo.+  5  Mongwe le mongwe yo pelo ya gagwe e ikgogomosang o makgapha mo go Jehofa.+ Eleruri o tla otlhaiwa.  6  Boleo bo itshwarelwa ka ntlha ya lorato lo lo sa kgaotseng le boikanyegi,+Mme motho o fapoga bosula ka go boifa Jehofa.+  7  Fa Jehofa a itumedisiwa ke ditsela tsa motho,O dira gore tota le baba ba motho yoo ba nne mo kagisong le ene.+  8  Go botoka go sa nne le mo go kalo mme o dira se se siameng+Go na le go nna le mo go gontsi mme o dira se se sa siamang.+  9  Motho a ka nna le dilo tse a batlang go di dira mo botshelong,Mme Jehofa ke ene a kaelang dikgato tsa gagwe.+ 10  Kgosi e tshwanetse go bua ditshwetso tsa Modimo;+Le ka motlha ga e a tshwanela go itlhokomolosa tshiamiso.+ 11  Dilekanyi le dikale tse di siameng di tswa kwa go Jehofa;Dilekanyabokete tsotlhe tse di mo kgetsing di dirilwe ke ene.+ 12  Ditiro tse di bosula di makgapha mo dikgosing,+Gonne o tiisitse setulo sa bogosi a dirisa tshiamiso.+ 13  Puo e e siameng e itumedisa dikgosi. Di rata motho yo o buang boammaaruri.+ 14  Bogale jwa kgosi bo ka dira gore motho a bolawe,+Mme motho yo o botlhale o a bo kokobetsa.*+ 15  Fa kgosi e amogela mongwe, motho yoo o tla itumela mo botshelong;Fa a amogelwa jalo, go tshwana le pula e e nang ka nako e e tshwanetseng.*+ 16  Ruri go nna le botlhale go botoka thata go gaisa go nna le gauta!+ Go nna le tlhaloganyo go tshwanetse ga tlhophiwa go na le selefera.+ 17  Basiami ga ba dire se se bosula. Ope fela yo o sireletsang tsela ya gagwe o boloka botshelo* jwa gagwe.+ 18  Boikgogomoso bo dira gore motho a we,E bile go nna mabela go dira gore motho a we.+ 19  Go botoka go nna boikokobetso* le go itsalanya le ba ba pelonolo+Go na le go kgaogana dilo tse di gapilweng le ba ba mabela. 20  Motho yo o bontshang temogo mo kgannyeng o tla atlega,*E bile go itumela motho yo o ikanyang Jehofa. 21  Motho yo o pelo e botlhale o tla bidiwa yo o tlhaloganyang,+E bile motho yo o buang ka bonolo* o na le bokgoni jwa go tlhotlheletsa ba bangwe.+ 22  Temogo ke motswedi wa botshelo mo go ba ba nang le yone,Mme dieleele di otlhaiwa ka boeleele jwa tsone. 23  Motho yo o botlhale o tlhopha mafoko,+E bile mafoko a gagwe a tlhatswa pelo. 24  Mafoko a a itumedisang a tshwana le tswina ya dinotshe,A monate e bile a nonotsha marapo.+ 25  Go na le tsela e e lebegang e siame mo mothong,Mme kwa bofelong e isa kwa losong.+ 26  Keletso ya dijo ya motho yo o berekang, e dira gore a dire ka natla,Gonne tlala* e mo tlhotlheletsa go dira ka natla.+ 27  Motho yo o se nang mosola o epolola se se bosula;+Puo ya gagwe e tshwana le molelo o o babolang.+ 28  Motho yo o bakang mathata* o dira gore go nne le dikgaogano,+E bile motho yo o senyang batho maina o kgaoganya ditsala tse di atamalaneng.+ 29  Motho yo o ratang thubakanyo o tsietsa moagelani wa gagweA bo a mo tsenya mo tseleng e e sa siamang. 30  O tsipa leitlho la gagwe fa a ntse a loga maano a a utlwisang botlhoko. O moma molomo wa gagwe fa a ntse a dira bosula. 31  Moriri o mosweu ke serwalo sa bontle*+Fa o fitlhelwa mo tseleng ya tshiamo.+ 32  Motho yo o sa galefeng ka bonako+ o botoka go gaisa monna yo o maatla,E bile motho yo o laolang bogale jwa gagwe* o botoka go gaisa yo o fenyang motse.+ 33  Bola bo latlhelwa mo seropeng,+Mme tshwetso nngwe le nngwe ya jone e tswa kwa go Jehofa.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

^ Kgotsa “karabo e e siameng.” Seheb., “karabo ya loleme.”
^ Seheb., “Dithulaganyo tsa pelo ke tsa motho.”
^ Seheb., “itshekile.”
^ Seheb., “meya.”
^ Seheb., “Pitikela ditiro tsa gago mo go Jehofa.”
^ Kgotsa “tila.”
^ Go tewa pula e e neng e na ka kgwedi ya April e e neng e dira gore dijalo tse di lemilweng di gole. Bona Dintlha B15.
^ Seheb., “ne′phesh.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
^ Seheb., “go nna le moya wa go ikokobetsa.”
^ Seheb., “bona molemo.”
^ Kgotsa “E bile puo e e kgatlhang.” Seheb., “E bile dipounama tse di botshe.”
^ Seheb., “molomo.”
^ Kgotsa “Motho yo o logang maano a a bosula.”
^ Kgotsa “kgalalelo.”
^ Seheb., “yo o busang moya wa gagwe.”