Diane 20:1-30

  • Beine ke mosotli (1)

  • Ditshwakga ga di leme ka ntlha ya mariga (4)

  • Dikakanyo tsa motho di tshwana le metsi a a boteng (5)

  • Tlhagiso ka go itlhaganelela go ikana (25)

  • Kgalalelo ya makawana ke nonofo ya bone (29)

20  Beine ke mosotli,+ bojalwa bo dira gore motho a se ka a laolesega;+Ope fela yo o faposiwang ke tsone ga a botlhale.+  2  Fela jaaka go duma ga tau* go tshosa, kgosi e dira gore batho ba nne mo letshogong le legolo;+Ope fela yo o tsosang bogale jwa yone o tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing.+  3  Ke selo se se tlotlegang fa motho a ithiba mo kganetsanong,+Mme seeleele sengwe le sengwe se tsena ka tlhogo mo go yone.+  4  Setshwakga ga se leme ka ntlha ya mariga,Ka jalo, se tla bo se kopa ka nako ya thobo fa se tla bo se se na sepe.*+  5  Dikakanyo* tse di mo pelong ya motho di tshwana le metsi a a boteng,Mme motho yo o nang le temogo o kgona go di gelela.  6  Batho ba le bantsi ba ipolela gore ba na le lorato lo lo sa kgaotseng,Mme motho yo o ikanyegang a ka bonwa kae?  7  Mosiami o dira ka natla gore a nne a ikanyega.+ Go itumela bana* ba gagwe ba ba tlang morago ga gagwe.+  8  Fa kgosi e nna mo setulong sa bogosi gore e atlhole,+E fefera bosula jotlhe ka matlho a yone.+  9  Ke mang yo o ka reng: “Ke phepafaditse pelo ya me;+Ke itshekile, ke dule mo boleong”?+ 10  Dilekanyabokete tse di sa siamang le dilekanyo tsa maaka,*Tsoopedi di makgapha mo go Jehofa.+ 11  Tota le ngwana* o itsege ka ditiro tsa gagwe,Gore a boitshwaro jwa gagwe bo itshekile e bile bo siame.+ 12  Tsebe e e utlwang le leitlho le le bonang,Tsotlhe di dirilwe ke Jehofa.+ 13  O se ka wa rata boroko, go seng jalo o tla humanega.+ Bula matlho, mme o tla kgotsofadiwa ke senkgwe.+ 14  Moreki a re, “Ga se a siama, ga se a siama!”;Go tswa foo o a tsamaya a bo a ikgantsha ka go re o ntshitse madi a mannye.+ 15  Go na le gauta, gape go na le dikorale* tse dintsi,Mme yo o buang ka botlhale o tlhwatlhwakgolo go di feta.+ 16  Tsaya seaparo sa motho, fa e le gore motho yoo o dumalane go ntshetsa motswakwa peeletso;+Tsaya peeletso eo mo go ene fa e le gore o e ntsheditse mosadi wa motswakwa.*+ 17  Senkgwe se se bonweng ka tsietso se monate mo mothong,Mme morago ga moo molomo wa gagwe o tla tlala matlapana.+ 18  Fa go na le puisano,* dithulaganyo di tla atlega,*+Ka jalo, dirisa kgakololo e e botlhale e e tswang mo bathong ba bangwe.+ 19  Motho yo o senyang batho maina o tsamayatsamaya a ntsha diphiri tsa batho;+O se ka wa itsalanya le motho yo o ratang go seba.* 20  Ope fela yo o hutsang rraagwe le mmaagwe,Lobone lwa gagwe lo tla timiwa fa lefifi le atamela.+ 21  Boswa jo bo bonwang ka bopelotshetlha kwa tshimologongGa bo kitla bo nna tshegofatso kwa bofelong.+ 22  O se ka wa re: “Ke tla ipusolosetsa!”+Solofela mo go Jehofa,+ mme o tla go thusa.+ 23  Dilekanyabokete tse di sa siamang* di makgapha mo go Jehofa,E bile dikale tse di dirisediwang go tsietsa ga di a siama. 24  Dikgato tsa motho di kaelwa ke Jehofa;+Motho a ka tlhaloganya jang tsela ya gagwe?* 25  Ke bothata jo bo seng kana ka sepe fa motho a itlhaganelela go goa a re, “Boitshepo!”+ Mme moragonyana e bo e le gone a akanyetsang maikano a a a dirileng.+ 26  Fela jaaka fa motho a fefera dijo tsa ditlhaka a di kgaoganya le mmoko,+Ka tsela e e tshwanang, kgosi e e botlhale e kgaoganya batho ba ba bosula e bo e ba tlosa.+ 27  Mafoko* a motho a tshwana le lobone lwa ga Jehofa,A senola se se kwa tengteng ga motho. 28  Lorato lo lo sa kgaotseng le boikanyegi di sireletsa kgosi;+O nonotsha setulo sa gagwe sa bogosi ka lorato lo lo sa kgaotseng.+ 29  Kgalalelo ya makawana ke nonofo ya bone,+Mme bontlentle jwa bannabagolo ke moriri wa bone o mosweu.+ 30  Kotlhao e dira gore re tlogele go dira se se sa siamang,+E bile kgalemelo e tshwana le sengwe se se tlosang bosula mo dipelong tsa rona.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

^ Kgotsa “tawana e e seriri.”
^ Kgotsa gongwe “Se tla batla ka paka ya thobo mme ga se kitla se bona sepe.”
^ Kgotsa “Maikaelelo.” Seheb., “Kgakololo.”
^ Seheb., “barwa.”
^ Kgotsa “Dilekanyabokete tse pedi tsa leje tse di farologaneng le dikgamelo tse pedi tse di lekanyang tse di farologaneng.”
^ Kgotsa “mosimane.”
^ Kgotsa “o e ntsheditse motswakwa.”
^ Kgotsa “kgakololo.”
^ Kgotsa “di tla tlhomamisiwa.”
^ Kgotsa “yo o raelang ka molomo wa gagwe.”
^ Kgotsa “Dilekanyabokete tse pedi tsa leje tse di farologaneng.”
^ Kgotsa “tsela e a tshwanetseng go tsamaya ka yone?”
^ Seheb., “Mohemo.”