Diane 6:1-35
6 Morwaaka, fa e le gore o dirile tumalano ya gore o tla duela molato wa moagelani wa gago,+Fa o dirile tumalano le motswakwa,+
2 Fa o golegilwe ke tsholofetso e o e dirileng,O tshwerwe ke mafoko a molomo wa gago,+
3 Dira seno morwaaka, mme o ikgolole,Ka gonne o wetse mo seatleng sa moagelani wa gago:
Tsamaya, o ikokobetse mme o itlhaganele o kope moagelani wa gago gore a go golole mo tumalanong eo.+
4 O se ka wa robala,Kgotsa wa tswala matlho a gago o ise o dire seno.
5 Ikgolole jaaka tshepe mo seatleng sa motsomi,Jaaka nonyane mo seatleng sa motshwaradinonyane.
6 Ya kwa tshoswaneng, wena setshwakga;+Ithute ditsela tsa yone mme o tlhalefe.
7 Le fa gone e se na molaodi, mookamedi kgotsa mmusi,
8 E phutha dijo tsa yone selemo,+E bile e kgobokanya dijo tsa yone ka nako ya thobo.
9 O tla robala foo ka lobaka lo lo kae, wena setshwakga?
O tla tsoga leng?
10 Fa o robala go le gonnye, o otsela go le gonnye,O phutha diatla go le gonnye gore o ikhutse,+
11 Khumanego e tla go tlela fela jaaka senokwane,Le tshotlego e tla go tlela jaaka legodu le le tshotseng sebetsa.+
12 Motho yo o se nang mosola le yo o bosula o tsamayatsamaya a bua puo e e sokameng;+
13 O tsipa leitlho,+ o dira matshwao ka lonao, e bile o supasupa ka menwana.
14 E re ka pelo ya gagwe e sokame,O nna a loga maano a a bosula+ e bile a baka dikganetsano.+
15 Ka jalo, o tla tlelwa ke masetlapelo ka tshoganyetso;Go ise go ye kae, o tla robaganngwa mo a ka se kang a fola.+
16 Go na le dilo di le thataro tse Jehofa a di tlhoileng;Tota dilo tse a di ilang di supa:
17 Matlho a a ikgodisang,+ loleme lo lo buang maaka,+ le diatla tse di tshololang madi a a se nang molato,+
18 Pelo e e logang maano a a bosula,+ le dinao tse di tabogelang kwa go direng bosula,
19 Mosupi wa maaka yo o sa bueng boammaaruri,+Le ope fela yo o losang bana* ba motho.+
20 Morwaaka, ikobele taelo ya ga rrago,Mme o se ka wa latlha kaelo* ya ga mmago.+
21 Di bofelele mo pelong ya gago ka metlha;Di gokelele mo molaleng wa gago.
22 Fa o tsamaya, di tla go etelela pele;Fa o robala, di tla go disa;Mme fa o tsogile, di tla bua le wena.*
23 Gonne taelo ke lobone,+Mme molao ke lesedi,+Mme kgalemelo le kotlhao ke tsela e e isang kwa botshelong.+
24 Di tla go sireletsa mo mosading yo o bosula,+Le mo lolemeng lo lo tsietsang lwa mosadi yo o dirang boitsholo jo bo sa siamang.*+
25 O se ka wa eletsa bontle jwa gagwe mo pelong ya gago+Kgotsa wa mo letla gore a go gogele ka matlho a gagwe a mantle,
26 Gonne ka ntlha ya mogwebakammele, monna o sala fela ka senkgwe,+Mme mosadi wa monna yo mongwe ene o tsoma botshelo* jwa gago jo bo tlhwatlhwakgolo.
27 A motho a ka baya molelo mo sehubeng sa gagwe mme diaparo tsa gagwe di bo di sa she?+
28 Kgotsa a motho a ka tsamaya mo magaleng a a molelo mme dinao tsa gagwe di bo di sa she?
29 Go ntse fela jalo ka mongwe le mongwe yo o tlhakanelang dikobo le mosadi wa moagelani wa gagwe;Ga go na ope yo o tshwarang mosadi yoo yo o ka se kang a otlhaiwa.+
30 Batho ga ba kgale legoduFa le utswa ka gonne le tshwerwe ke tlala.
31 Le fa go ntse jalo, fa le tshwarwa, le tla duela go menagane ga supa;Le tla latlhegelwa ke dilo tsotlhe tse di tlhwatlhwakgolo tsa ntlo ya lone.+
32 Ope fela yo o dirang boaka* ga a botlhale;Yo o dirang jalo o ipakela tshenyego.+
33 O tla amogela dintho le tlontlologo fela,+Mme ditlhong tsa gagwe ga di kitla di phimoga.+
34 Gonne lefufa le dira gore monna wa gagwe a tlale bogale,Ga a kitla a mo tlhomogela pelo fa a ipusolosetsa.+
35 Ga a kitla a amogela tuelo* epe;Ga a kitla a busa pelo, go sa kgathalesege gore o newa mpho e kgolo go le kana kang.
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ Seheb., “barwa.”
^ Kgotsa “molao.”
^ Kgotsa “di tla go kaela.”
^ Seheb., “ne′phesh.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
^ Seheb., “yo o dirang boaka le mosadi.”
^ Kgotsa “thekololo.”