Diane 24:1-34

  • O se ka wa tswela batho ba ba bosula pelo (1)

  • Ntlo e agiwa ka botlhale (3)

  • Mosiami a ka wa, mme o tla tsoga (16)

  • O se ka wa ipusolosetsa (29)

  • Go rata boroko go tlisa khumanego (33, 34)

24  O se ka wa tswela batho ba ba bosula pelo,E bile o se ka wa eletsa go nna le bone,+   Gonne ba nna ba akanya thata ka thubakanyo,E bile ba nna ba bua ka ditiro tse di bosula.   Ntlo* e agiwa ka botlhale,+E bile e sirelediwa ka temogo.   Ka kitso, diphaposi tsa yone di tladiwaKa matlotlo otlhe a mefutafuta a a tlhwatlhwakgolo le a mantle.+   Monna yo o botlhale o nonofile,+E bile motho o oketsa maatla a gagwe ka kitso.   O tla tlhabana ka kgakololo e e botlhale,+E bile fa go na le bagakolodi ba bantsi go nna le phenyo.*+   Motho yo o seeleele o tsaya go nna le botlhale jwa boammaaruri e le selo se se sa kgonegeng;+Ga a na sepe se a ka se buang kwa kgorong ya motse.   Ope fela yo o logang maano a a bosulaO tla bidiwa mologamaano yo mogolo.+   Maano a boeleele* a isa kwa boleong,E bile batho ba tlhoile mosotli.+ 10  Fa o kgobega marapo mo letsatsing la matshwenyego* O tla felelwa ke maatla. 11  Golola ba ba isiwang kwa losongO bo o thibele ba ba kgokgweetsegelang go ya go bolawa.+ 12  Fa o re: “Mme re ne re sa itse seno,” A Ene yo o tlhatlhobang dipelo* ga a kitla a lemoga seo?+ Eleruri, Ene yo o go lebileng o tla itseE bile o tla duela mongwe le mongwe go ya ka ditiro tsa gagwe.+ 13  Morwaaka, ja tswina ya dinotshe, ka gonne e molemo;Tswina ya dinotshe e e tswang mo mamepeng e monate fa o e e ja. 14  Ka tsela e e tshwanang, itse gore botlhale bo ka go solegela molemo.*+ Fa o bo bone, o tla nna le bokamoso jo bo molemoE bile tsholofelo ya gago ga e kitla e kgaolwa.+ 15  O se ka wa dira bosula ka go lalela mosiami gaufi le legae la gagwe;O se ka wa senya lefelo la gagwe la boikhutso. 16  Gonne le fa mosiami a ka wa ga supa, o tla tsoga gape,+Mme badirabosula bone ba tla wa ka ntlha ya masetlapelo.+ 17  Fa mmaba wa gago a wa, o se ka wa itumela,E bile fa a kgopiwa, o se ka wa letla gore pelo ya gago e itumele;+ 18  Go seng jalo, Jehofa o tla bona seo a bo a sa itumele,E bile o tla tlosa bogale jwa gagwe mo go ene.*+ 19  O se ka wa kgopisega* ka ntlha ya batho ba ba bosula;O se ka wa ba tswela pelo, 20  Gonne badirabosula ga ba na bokamoso;+Lobone lwa batho ba ba bosula lo tla timiwa.+ 21  Morwaaka, boifa Jehofa le kgosi.+ E bile o se ka wa itsalanya le batlhanogi,*+ 22  Gonne ba tla welwa ke masetlapelo ka tshoganyetso.+ Ke mang yo o itseng gore boobabedi* ba tla ba tlisetsa tshenyego efe?+ 23  Mafoko ano le one ke a batho ba ba botlhale: Go tsaya letlhakore fa o atlhola ga go a siama.+ 24  Ope fela yo o rayang modirabosula a re, “Wena o siame,”+ O tla hutsiwa ke ditšhaba e bile o tla atlholwa ke merafe. 25  Mme batho ba ba kgalemelang modirabosula, ba tla atlega;+Ba tla tlelwa ke masego a dilo tse di molemo.+ 26  Batho ba tla suna motho yo o arabang ka boikanyegi.*+ 27  Baakanya tiro ya gago e e kwa ntle, mme o rulaganye sengwe le sengwe kwa tshimong;Go tswa foo, o age ntlo* ya gago. 28  O se ka wa latofatsa moagelani wa gago o se na mabaka a a utlwalang.+ O se ka wa dirisa molomo wa gago go tsietsa ba bangwe.+ 29  O se ka wa re: “Ke tlile go mo dira fela jaaka a ntirile;Ke tlile go ipusolosetsa go ya ka se a se ntirileng.”*+ 30  Ke fetile fa tshimong ya setshwakga,+Fa tshimong ya morara* ya motho yo o seng botlhale. 31  Ke bone e tlhogile mefero gotlhe fela;E ne e khurumeditswe ke dibabetsane,E bile lobota lwa yone lwa maje lo ne lo thubegile.+ 32  Ke ne ka lemoga seno ka bo ka se isa pelong;Ke ne ka se bona mme ka ithuta thuto* eno: 33  Fa o robala go le gonnye, o otsela go le gonnye,O phutha diatla go le gonnye gore o ikhutse, 34  Khumanego e tla go tlela fela jaaka senokwane,Le tshotlego e tla go tlela jaaka legodu le le tshotseng sebetsa.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “Lelapa.”
Kgotsa “katlego; poloko.”
Kgotsa “seeleele.”
Kgotsa “ka dinako tsa mathata.”
Kgotsa “maitlhomo.”
Kgotsa “bo monate mo go wena.”
Go tewa mmaba.
Kgotsa “wa itshupa o galefile.”
Kgotsa “ba ba lwelang diphetogo.”
Go tewa Jehofa le kgosi.
Kgotsa gongwe “Go araba motho ka tsela e e tlhamaletseng go tshwana le go mo suna.”
Kgotsa “ba lelapa.”
Kgotsa “Ke tla itepatepanya le ene.”
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Seheb., “ka amogela kotlhao.”