Diane 21:1-31

  • Jehofa o kaela pelo ya kgosi (1)

  • Tshiamiso e botoka go feta setlhabelo (3)

  • Go dira ka natla go dira gore motho a atlege (5)

  • Yo o sa reetseng motho wa maemo a a kwa tlase ga a kitla a arabiwa (13)

  • Go ganetsana le Jehofa ga go bontshe botlhale (30)

21  Pelo ya kgosi e tshwana le melatswana ya metsi mo seatleng sa ga Jehofa.+ O e kaela gongwe le gongwe kwa a ratang teng.+  2  Ditsela tsotlhe tsa motho di lebega di siame mo go ene,+Mme Jehofa o tlhatlhoba dipelo.*+  3  Go dira se se siameng le go dira dilo ka tshiamisoGo itumedisa Jehofa thata go na le go ntsha setlhabelo.+  4  Matlho a a mabela le pelo e e ikgodisangKe lobone lo lo kaelang badirabosula, mme dilo tseno ke boleo.+  5  Dithulaganyo tsa motho yo o dirang ka natla di dira gore a atlege,*+Mme botlhe ba ba dirang dilo ka mafega ba feleletsa ba humanegile.+  6  Matlotlo a motho a nnang le one ka loleme lo lo buang maakaA tshwana le mouwane o o nyelelang, ke serai se se kotsi.*+  7  Thubakanyo ya badirabosula e tla ba gogola,+Gonne ba gana go dira dilo ka tshiamiso.  8  Tsela ya motho yo o nang le molato e sokame,Mme ditiro tsa motho yo o itshekileng di siame.+  9  Go botoka go nna mo khoneng ya boruleloGo na le go nna mo ntlong e le nngwe le mosadi yo o ratang go omana.*+ 10  Motho yo o bosula o eletsa se se bosula;+Ga a utlwele moagelani wa gagwe botlhoko.+ 11  Fa mosotli a otlhaiwa, yo o se nang maitemogelo o nna botlhale,Mme fa motho yo o botlhale a ithuta dilo tse di oketsegileng, o nna le kitso.*+ 12  Yo o Siameng o sekaseka ntlo ya modirabosula;O dira gore modirabosula a welwe ke masetlapelo.+ 13  Ope fela yo o thibang tsebe ya gagwe gore a se ka a utlwa selelo sa yo o tlhokangLe ene o tla bitsa mme ga a kitla a arabiwa.+ 14  Mpho e e ntshiwang mo sephiring e okobatsa bogale,+E bile pipamolomo e e fitlhilweng* e okobatsa tšhakgalo. 15  Mosiami o itumelela go dira se se siameng,+Mme ba ba dirang bosula ba tlhoile go dira se se siameng. 16  Motho yo o fapogang mo tseleng ya temogoO tla felela a le kwa bathong ba ba suleng.+ 17  Motho yo o ratang go ijesa monate o tla humanega;+Motho yo o ratang beine le leokwane ga a kitla a huma. 18  Modirabosula ke thekololo ya mosiami,E bile go tla tsewa leferefere mo boemong jwa ba ba ikanyegang.+ 19  Go botoka go nna kwa nagengGo na le go nna le mosadi yo o ratang go omana* e bile a lapisa.+ 20  Letlotlo le le tlhwatlhwakgolo le leokwane di fitlhelwa mo ntlong ya motho yo o botlhale,+Mme motho yo o sematla o tla dirisa* se a nang le sone botlhaswa.+ 21  Ope fela yo o latelelang tshiamo le lorato lo lo sa kgaotsengO tla bona botshelo, tshiamo le kgalalelo.+ 22  Motho yo o botlhale o kgona go palama lobota lwa* motse wa batho ba ba maatlaA bo a fedisa maatla a ba a ikantseng.+ 23  Yo o disang molomo wa gagwe le loleme lwa gagweO iketsha* mo mathateng.+ 24  Motho yo o dirang dilo ka boikgogomoso a le botlhaswaKe moikgogomosi, moikgantshi yo o ikgodisang.+ 25  Motho yo o setshwakga o tla bolawa ke se a se eletsang,Gonne o gana go bereka.+ 26  O eletsa ka bopelotshetlha letsatsi lotlhe,Mme mosiami o a aba, ga a gane ka sepe.+ 27  Modimo o tlhoile setlhabelo sa motho yo o bosula,+Bogolo jang fa a se ntsha ka maikaelelo a a sa siamang!* 28  Mosupi yo o buang maaka o tla nyelela,+Mme motho yo o begang se a se utlwileng o tla atlega.* 29  Motho yo o bosula o nna pelokgale,+Mme yo o siameng ene, tsela ya gagwe e sireletsegile.*+ 30  Ga go na botlhale, kgotsa temogo, kgotsa kgakololo e e tla dirang gore thato ya ga Jehofa e se ka ya direga.+ 31  Pitse e baakanyediwa letsatsi la tlhabano,+Mme poloko e tswa kwa go Jehofa.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

^ Kgotsa “maitlhomo.”
^ Kgotsa “di solegela molemo.”
^ Kgotsa gongwe “mo go ba ba batlang loso.”
^ Kgotsa “go tshwayatshwaya diphoso.”
^ Kgotsa “o itse se a tshwanetseng go se dira.”
^ Seheb., “pipamolomo e e mo sehubeng.”
^ Kgotsa “go tshwayatshwaya diphoso.”
^ Seheb., “metsa.”
^ Kgotsa “go fenya.”
^ Kgotsa “ikentsha.”
^ Kgotsa “a dira boitsholo jo bo tlhabisang ditlhong!”
^ Seheb., “o tla bua ka bosakhutleng.”
^ Kgotsa “o tlhomamisa tsela ya gagwe.”