Lekwalo la ga Jakobe 5:1-20

  • Bahumi ba a tlhagisiwa (1-6)

  • Modimo o segofatsa batho ba ba itshokang ka bopelotelele (7-11)

  • A “ee” wa lona e nne ee (12)

  • Thapelo e motho a e rapelang a na le tumelo e maatla (13-18)

  • Thusa moleofi gore a tlogele go dira boleo (19, 20)

5  Jaanong, reetsang lona bahumi, lelang lo bo lo bokolele ka ntlha ya masetlapelo a a lo tlelang.+ 2  Dikhumo tsa lona di bodile e bile diaparo tsa lona di jelwe ke motoutwane.*+ 3  Gauta le selefera ya lona di jelwe ke ruse, mme ruse ya tsone e tla bontsha gore lo molato e bile e tla ja nama ya lona. Se lo se bolokileng se tla tshwana le molelo mo malatsing a bofelo.+ 4  Badiri ba ba neng ba bereka mo masimong a lona ba roba, ba nna ba goa ka gonne ga lo a ba duela, e bile Jehofa* wa masomosomo o utlwile selelo sa bone ba kopa thuso.+ 5  Lo ne lo tshela mo manobonobong e bile lo tshelela go ijesa monate mo lefatsheng. Dipelo tsa lona di tshwana le diphologolo tse di nontsheditsweng letsatsi la go tlhabiwa.+ 6  Lo bone motho yo o siameng molato e bile lo mmolaile. Modimo ga a lo itumelele. 7  Ka jalo bakaulengwe, nnang pelotelele go fitlha ka nako ya go nna gone ga Morena.+ Molemi o nna a letetse thobo e e tlhwatlhwakgolo ya lefatshe, a le pelotelele go fitlha pula ya ntlha le pula ya morago di na.+ 8  Le lona nnang pelotelele;+ nonotshang dipelo tsa lona, ka gonne nako ya go nna gone ga Morena e atametse.+ 9  Bakaulengwe, lo se ka lwa galefelana,* gore Morena a se ka a tla a lo atlhola.+ Moatlhodi o eme fa pele ga kgoro. 10  Bakaulengwe, etsang sekao sa baporofeti ba ba neng ba bua mo leineng la ga Jehofa.*+ Ba ne ba boga ka ditsela tse dintsi+ e bile ba ne ba itshoka ka bopelotelele.+ 11  Ba ba itshokileng ke bone ba ba itumetseng.*+ Lo utlwile kafa Jobe a ileng a itshoka ka gone+ e bile lo bone se Jehofa* a mo diretseng sone kwa bofelong,+ gore Jehofa* o pelotlhomogi thata* e bile o kutlwelobotlhoko.+ 12  Bakaulengwe ba me, mo godimo ga dilo tsotlhe, tlogelang go ikana, e ka tswa e le ka legodimo kgotsa ka lefatshe kgotsa lo ikana ka sepe fela. Mme a “Ee” wa lona e nne ee le “Nnyaa” wa lona e nne nnyaa,+ gore Modimo a se ka a lo atlhola. 13  A go na le motho yo o bogang ka ntlha ya mathata? A a tswelele a rapela.+ A go na le motho yo o itumetseng? A a opele dipesalema.+ 14  A go na le motho yo o lwalang mo go lona? A a biletse bagolwane+ ba phuthego kwa go ene, mme a ba mo rapelele, ba mo tlotse ka leokwane+ ka leina la ga Jehofa.* 15  Mme thapelo e motho a e rapelang a na le tumelo e tla fodisa yo o lwalang,* e bile Jehofa* o tla mo tsosa. Gape, fa a dirile boleo, Modimo o tla mo itshwarela. 16  Ka jalo, ipolelelaneng maleo lo sa fitlhe sepe+ lo bo lo rapelelane gore lo fole. Thapelo ya mosiami yo o rapelang ka tlhoafalo e na le maatla a magolo.*+ 17  Elija e ne e le motho yo o nang le maikutlo a a tshwanang le a rona, mme fa a ne a rapela ka tlhoafalo gore pula e se ka ya na, e ne ya se ka ya na dingwaga di le tharo le dikgwedi di le thataro.+ 18  Go tswa foo, o ne a rapela gape, mme pula e ne ya na, lefatshe le lone la ungwa.+ 19  Bakaulengwe ba me, fa mongwe mo go lona a fapoga mo boammaaruring mme yo mongwe a mmusa, 20  itseng gore ope fela yo o thusang moleofi gore a tlogele go dira boleo+ o tla mmoloka gore a se ka a swa e bile o tla mo thusa gore a itshwarelwe maleo a gagwe a mantsi.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “mmoto.”
Seger., “lo se ka lwa fegelwa mongwe go yo mongwe.”
Seger., “o na le lorato lo logolo lwa bopelonomi.”
Kgotsa “ba ba segofetseng.”
Kgotsa gongwe “yo o lapileng.”
Seger., “e na le maatla fa e dira.”