Lekwalo la ga Jakobe 2:1-26

  • Go tseela ba bangwe kwa tlase ke boleo (1-13)

    • Lorato ke molao wa segosi (8)

  • Tumelo e e se nang ditiro e sule (14-26)

    • Madimona a a dumela e bile a a tshoga (19)

    • Aborahame o ne a bidiwa tsala ya ga Jehofa (23)

2  Bakaulengwe ba me, go tla jang gore fa lo sena go nna le tumelo mo go Morena wa rona Jesu Keresete yo o galaleditsweng, lo bo lo sa ntse lo tseela ba bangwe kwa godimo mme ba bangwe kwa tlase?+  Fa monna yo o rweleng dipalamonwana tsa gauta e bile a apere diaparo tse dintlentle a tla mo phuthegong ya lona, mme monna yo o humanegileng yo o apereng diaparo tse di leswe le ene a tsena,  a lo tseela yo o apereng diaparo tse dintlentle kwa godimo lo bo lo re, “Wena nna fano mo lefelong le le molemo,” mme lo bo lo raya yo o humanegileng lo re, “Wena tswelela o eme foo,” kgotsa “Nna fale fa tlase ga sebeo sa dinao tsa me”?+  A fa lo dira jalo ga lo tlhaole batho ba bangwe+ e bile a ga lo a itira baatlhodi ba ba dirang ditshwetso tse di bosula?+  Reetsang, bakaulengwe ba me ba ba rategang. A Modimo ga a tlhopha batho ba lefatshe le ba tsayang ba humanegile gore ba nne bahumi ka ntlha ya tumelo ya bone+ le gore ba nne baruaboswa ba Bogosi, jo a neng a bo solofetsa ba ba mo ratang?+  Le fa go ntse jalo, lo tlontlolotse bahumanegi. A bahumi ga se bone ba ba lo gatelelang+ e bile ba lo gogagogela fa pele ga dikgotlatshekelo?  A ga ba tlhapatse leina le le molemo le lo bidiwang ka lone?  Jaanong, fa e le gore lo tswelela lo diragatsa molao wa segosi o o mo lokwalong lono, o o reng, “O tshwanetse go rata moagelani wa gago jaaka o ithata,”+ lo dira sentle tota.  Mme fa lo tswelela lo tseela ba bangwe kwa tlase,+ lo dira boleo, e bile molao o dira gore go bonale* gore lo molato.+ 10  Gonne fa motho a ikobela Molao wa ga Moshe otlhe mme a bo a tlola taelo e le nngwe fela ya one, o tlodile molao otlhe.+ 11  Gonne yo o neng a re, “Ga o a tshwanela go dira boaka,”+ gape o ne a re, “Ga o a tshwanela go bolaya motho.”+ Jaanong, fa o sa dire boaka mme o bolaya motho, o tlodile molao. 12  Tswelelang lo bua e bile lo itshwara jaaka batho ba ba tlileng go atlholwa ka molao wa batho ba ba gololesegileng.*+ 13  Gonne motho yo o seng kutlwelobotlhoko, ga a kitla a utlwelwa botlhoko fa a atlholwa.+ Kutlwelobotlhoko e na le maatla go feta katlholo. 14  Bakaulengwe ba me, a go na le mosola gore motho a re o na le tumelo mme a sa e bontshe ka ditiro?+ A tumelo eo e ka mmoloka?+ 15  Fa go na le bakaulengwe kgotsa bokgaitsadi ba ba se nang diaparo* le dijo tse di lekaneng tsa letsatsi leo, 16  mme mongwe wa lona a bo a ba raya a re: “Tsamayang ka kagiso; e kete lo ka bona diaparo le dijo,” mme lo sa ba neye dilo tse ba di tlhokang,* go na le mosola wa eng?+ 17  Ka jalo, tumelo le yone, fa e se na ditiro, e sule.+ 18  Le fa go ntse jalo, mongwe a ka re: “O na le tumelo, mme nna ke na le ditiro. Mpontshe tumelo ya gago e e se nang ditiro, mme nna ke tla go bontsha tumelo ya me ka ditiro tsa me.” 19  O dumela gore go na le Modimo a le mongwe, gakere? O dira sentle. Tota le madimona a a dumela e bile a a tshoga.+ 20  Mme wena seeleele, a o batla go itse gore tumelo e e se nang ditiro ga e na mosola? 21  A rraarona e bong Aborahame ga a ka a bolelwa a siame ka ntlha ya se a neng a se dira? Eleruri o ne a bolelwa a siame fa a sena go baya Isake morwawe mo sebesong.+ 22  Tumelo ya gagwe e ne ya bonala mo go se a neng a se dira; o ne a bontsha ka ditiro tsa gagwe gore ruri o na le tumelo,+ 23  mme lokwalo lono lo ne lwa diragadiwa lo lo reng: “Aborahame o ne a dumela mo go Jehofa,* mme a tsewa e le motho yo o siameng ka ntlha ya tumelo ya gagwe,”+ mme o ne a bidiwa tsala ya ga Jehofa.*+ 24  Jaanong lo a lemoga gore motho o tla kaiwa a siame ka ntlha ya ditiro tsa gagwe, mme e seng ka tumelo fela. 25  Ka tsela e e tshwanang, a Modimo ga a ka a bolela gore Rahabe yo a neng a gweba ka mmele o ne a siame ka ntlha ya ditiro tsa gagwe fa a sena go amogela barongwa a bo a ba tshabisa ka tsela e nngwe?+ 26  Eleruri fela jaaka mmele o o se nang moya* o sule,+ tumelo e e se nang ditiro le yone e sule.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “o a lo kgalemela.”
Seger., “molao wa kgololesego.”
Seger., “ba ba sa ikategang.”
Kgotsa “se mmele o se tlhokang.”
Kgotsa “mohemo.”