Lekwalo la ga Jakobe 4:1-17

  • Lo se ka lwa itsalanya le lefatshe (1-12)

    • Ganetsang Diabolo (7)

    • Atamelang Modimo (8)

  • Tlhagiso ka boikgogomoso (13-17)

    • “Fa Jehofa a rata” (15)

4  Ke eng se se bakang dikganetsano le dintwa fa gare ga lona? A ga di bakwe ke dikeletso tsa lona tsa bopelotshetlha tse di lo laolang?*+  Lo a eletsa, le fa go ntse jalo ga lo nne le sepe. Lo nna lo bolaya batho e bile lo pelotshetlha, le fa go ntse jalo ga lo kgone go bona sepe. Lo tswelela lo tlhabana e bile lo a lwa.+ Ga lo na sepe ka gonne ga lo kope.  Fa lo kopa ga lo amogele, ka gonne lo kopa ka boikaelelo jo bo sa siamang, gore lo kgotsofatse dikeletso tsa lona tsa bopelotshetlha.  Lona batho ba ba sa ikanyegeng,* a ga lo itse gore go itsalanya le lefatshe go dira gore lo nne baba ba Modimo? Ka jalo, ope fela yo o batlang go nna tsala ya lefatshe o itira mmaba wa Modimo.+  Kgotsa a lo akanya gore lokwalo lo bua jaana kwantle ga lebaka: “E re ka re na le go nna le lefufa, re na le mokgwa wa go eletsa dilo tse di farologaneng ka metlha.”+  Le fa go ntse jalo, bopelonomi jo bogolo* jo a bo abang bo bogolo thata. Ka jalo, lokwalo lwa re: “Modimo ga a itumelele batho ba ba mabela,+ mme o naya ba ba ikokobeditseng bopelonomi jo bogolo.”+  Ka jalo ikobeleng Modimo;+ ganetsang Diabolo,+ mme o tla lo tshaba.+  Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.+ Tlhapang diatla tsa lona, lona baleofi,+ e bile lo itshekise dipelo tsa lona,+ lona ba lo sa kgoneng go dira ditshwetso.  Utlwang botlhoko, hutsafalang lo bo lo lele.+ A setshego sa lona se fetoge khutsafalo, le boitumelo jwa lona bo fetoge kutlobotlhoko. 10  Ikokobetseng fa pele ga ga Jehofa,*+ mme o tla lo godisa.+ 11  Bakaulengwe, tlogelang go kgalana.+ Ope fela yo o kgalang mokaulengwe kgotsa yo o atlholang mokaulengwe wa gagwe o kgala molao e bile o atlhola molao. Jaanong fa o atlhola molao, o moatlhodi mme ga o tlhole o diragatsa molao. 12  Go na le motho a le mongwe yo e leng Moneimolao e bile e le Moatlhodi,+ ene yo o kgonang go boloka le go senya.+ Mme wena, o mang go bo o atlhola moagelani wa gago?+ 13  Jaanong, reetsang lona ba lo reng: “Gompieno kgotsa kamoso re tla ya kwa motseng ono, re tla nna ngwaga gone, mme re tla dira kgwebo re bo re dira madi,”+ 14  mme lo sa itse gore botshelo jwa lona bo tla nna jang kamoso.+ Gonne lo mouwane o o bonalang ka nakwana mme go tswa foo o bo o nyelela.+ 15  Go na le moo, lo tshwanetse go re: “Fa Jehofa* a rata,+ re tla tshela re bo re dira seno kgotsa sele.” 16  Mme jaanong lo a ikgogomosa fa lo ntse lo ikgantsha thata. Go ikgantsha jalo ga go a siama. 17  Ka jalo, fa mongwe a itse se se siameng mme a sa se dire, o dira boleo.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seger., “ditokololo tsa lona.”
Seger., “Basadi ba baakafadi.”