Hosea 12:1-14

  • Eferaime o tshwanetse go boela kwa go Jehofa (1-14)

    • Jakobe o sokasokana le Modimo (3)

    • Jakobe o ne a lela gore Modimo a mo segofatse (4)

12  “Eferaime o iphepa ka phefo. O lelekisa phefo ya botlhaba letsatsi lotlhe. O anamisa maaka le thubakanyo. O dira kgolagano le Asiria,+ e bile o tsaya leokwane kwa Egepeto.+  2  Jehofa o tla sekisa Juda;+O tla otlhaya Jakobe go dumalana le ditsela tsa gagwe,E bile o tla mo duela go dumalana le ditiro tsa gagwe.+  3  Fa a ne a le mo popelong, o ne a tshwara morwarraagwe ka serethe,+E bile o ne a sokasokana le Modimo ka maatla otlhe a gagwe.+  4  O ne a nna a sokasokana le moengele mme o ne a fenya. O ne a lela a bo a kopa gore a mo segofatse.”+ Modimo o ne a mo fitlhela kwa Bethele, mme o ne a bua le rona gone koo,+  5  Jehofa, Modimo wa masomosomo,+Jehofa ke leina le a gopolwang ka lone.+  6  “Ka jalo, boela kwa Modimong wa gago,+Tswelela o na le lorato lo lo sa kgaotseng le tshiamiso,+Mme o solofele mo Modimong wa gago ka metlha.  7  Mo seatleng sa mogwebi go na le dikale tsa tsietso;O rata go tsietsa.+  8  Eferaime o nna a re, ‘Eleruri ke humile;+Ke na le dikhumo.+ E bile mo dilong tsotlhe tse ke di bereketseng ka natla, ga ba kitla ba fitlhela sepe se se phoso kgotsa boleo bope.’  9  Mme nna Jehofa, ke Modimo wa gago, go tloga* ka nako ya fa o ne o sa ntse o le kwa lefatsheng la Egepeto.+ Ke tla dira gore o nne mo ditenteng gape Fela jaaka mo malatsing a nako e e tlhomilweng.* 10  Ke ne ka bua le baporofeti,+Ke ne ka dira gore diponatshegelo tsa bone di nne dintsi,E bile ke ne ka bua ka ditshwantsho ke dirisa baporofeti. 11  Go ne go na le tsietso* le maaka mo Gileade.+ Ba ntshitse ditlhabelo tsa dipoo mo Gilegala,+E bile dibeso tsa bone di tshwana le mokoa wa maje mo meseleng ya tshimo.+ 12  Jakobe o ne a tshabela kwa nageng* ya Arame,*+Iseraele+ o ne a direla gone koo gore a bone mosadi,+E bile o ne a disa dinku gore a bone mosadi.+ 13  Jehofa o ne a ntsha Iseraele kwa Egepeto a dirisa moporofeti,+E bile o ne a dirisa moporofeti gore a mo dise.+ 14  Eferaime o ne a nkgalefisa thata;+Molato wa gagwe wa madi o tla nna o le mo go ene;Morena wa gagwe o tla mo naya tuelo ya kgobo e a mo tliseditseng yone.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa gongwe “a moletlo.”
Kgotsa “fa e sa le.”
Kgotsa “maatla a masaitseweng; boselamose.”
Seheb., “kwa tshimong.”
Kgotsa “Siria.”