Hosea 2:1-23

  • Iseraele o a senngwa ka gonne ga a ikwatlhaye (1-13)

  • O boela kwa go Jehofa yo e leng monna wa gagwe (14-23)

    • “O tla mpitsa Monna wa me” (16)

2  “Rayang bomorwarraalona lo re, ‘Batho ba me!’*+ Le bomorwadiarraalona lo re, ‘Wena mosadi yo o utlwetsweng botlhoko!’*+  2  Bonang mmaalona molato; mmoneng molato,Ka gonne ga se mosadi wa me,+ mme nna ga ke monna wa gagwe. O tshwanetse go tlogela go dira boaka*E bile o tshwanetse go tlosa boaka fa gare ga mabele a gagwe,  3  Go seng jalo ke tla mo apola gore a sale a sa apara ke bo ke dira gore a nne jaaka ka letsatsi le a neng a tsholwa ka lone,Ke tla dira gore a tshwane le naga,Ke tla dira gore a nne lefatshe le le se nang metsi Ke bo ke dira gore a bolawe ke lenyora.  4  Mme ga nkitla ke utlwela bana ba gagwe botlhoko,Ka gonne ke bana ba boaka.*  5  Gonne mmaabone o dirile boaka.*+ Ene yo o neng a ba imile o dirile se se tlhabisang ditlhong,+ ka gonne o ne a re,‘Ke tla latelela ba ba nthatang,+Ba ba nnayang senkgwe le metsi,Wulu le tlhale e e boleta, leokwane le beine.’*  6  Ka jalo, ke tla thiba tsela ya gagwe ka legora la mmitlwa;E bile ke tla mo agela lobota lwa maje,Gore a se ka a bona ditsela tsa gagwe.  7  O tla lelekisa ba ba mo ratang, mme ga a kitla a ba tshwara;+O tla ba batla, mme ga a kitla a ba bona. Foo o tla re, ‘Ke batla go boela kwa monneng wa me,*+Ka gonne dilo di ne di ntsamaela sentle ka nako eo go na le gone jaanong.’+  8  O ne a sa lemoge gore ke nna ke neng ke mo neile dijo tsa ditlhaka,+ beine e ntšha le leokwane,Le gore ke nna ke neng ke mo neile selefera e ntsi,Le gauta, tse a neng a di dirisa mo kobamelong ya ga Baale.+  9  ‘Ka jalo, ke tla boa ke bo ke tsaya dijo tsa me tsa ditlhaka ka nako ya tsoneLe beine ya me e ntšha ka paka ya yone,+E bile ke tla phamola diaparo tsa me tsa wulu le tsa letsela le le boleta tse a neng a tla ikhurumetsa ka tsone ka gonne a sa apara. 10  Jaanong ke tla dira gore ba ba mo ratang ba bone dirwe tsa gagwe tsa sephiri,E bile ga go na motho ope yo o tla mo gololang mo seatleng sa me.+ 11  Ke tla fedisa boitumelo jotlhe jwa gagwe,Ke tla fedisa meletlo ya gagwe,+ bongwedi ba gagwe ba basha, bosabata ba gagwe le dipaka tsotlhe tsa meletlo ya gagwe. 12  Mme ke tla senya setlhare sa gagwe sa morara* le ditlhare tsa gagwe tsa mofeige tse a buileng jaana ka tsone: “Eno ke tuelo e ba ba nthatang ba e nneileng”;Ke tla dira gore di nne sekgwa,E bile diphologolo tsa naga di tla di kometsa. 13  Ke tla mo otlhaya ka ntlha ya malatsi a fa a ne a ntshetsa ditshwantsho tsa ga Baale ditlhabelo,+Fa a ne a tle a ikgabise ka dipalamonwana le mekgabisa ya gagwe a bo a latelela ba ba mo ratang,Mme nna o ne a ntebetse,’+ go bua Jehofa. 14  ‘Ka jalo, ke tla mo latelela,Ke tla mo isa kwa nageng,Mme ke tla bua le ene gore ke gape pelo ya gagwe. 15  Ke tla mmusetsa masimo a gagwe a morara go tloga ka nako eo go ya pele,+E bile ke tla dira gore a kgabaganye Mokgatšha* wa Akore+ gore a tsene mo lefatsheng la tsholofelo;O tla araba a le koo fela jaaka mo malatsing a fa a ne a sa le mosha,Le jaaka mo letsatsing la fa a ne a tswa kwa lefatsheng la Egepeto.+ 16  Mme mo letsatsing leo,’ go bua Jehofa,‘O tla mpitsa Monna wa me, mme ga o kitla o tlhola o mpitsa Mong wa me.’* 17  ‘Ke tla dira gore a se ka a tlhola a umaka maina a ditshwantsho tsa ga Baale,+E bile maina a tsone ga a kitla a tlhola a gopolwa.+ 18  Mo letsatsing leo ke tla ba direla kgolagano le diphologolo tsa naga,+Le dinonyane le digagabi;+Ke tla fedisa bora le tšhaka le ntwa mo lefatsheng,+Mme ke tla dira gore ba nne* ka polokesego.+ 19  Ke tla go dira mosadi wa me ka bosakhutleng;Ke tla tlhomamisa gore ke go bontsha tshiamo le tshiamiso,Le lorato lo lo sa kgaotseng le kutlwelobotlhoko.+ 20  Ke tla tlhomamisa gore ke a ikanyega,Mme ruri o tla nkitse, nna yo ke bidiwang Jehofa.’+ 21  ‘Mo letsatsing leo ke tla araba,’ go bua Jehofa,‘Ke tla araba magodimoMme one a tla araba lefatshe;+ 22  Mme lefatshe le tla araba dijo tsa ditlhaka le beine e ntšha le leokwane;Mme tsone di tla araba Jesereele.*+ 23  Ke tla mo ijalela jaaka peo mo lefatsheng,+E bile yo o sa utlwelwang botlhoko* ke tla mo utlwela botlhoko;Ke tla raya ba e seng batho ba me* ke re: “Lo batho ba me.”+ Mme bone ba tla re: “O Modimo wa rona.”’”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

^ Bona ntlh. mo go Hos 1:6.
^ Bona ntlh. mo go Hos 1:9.
^ Kgotsa “boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.”
^ Kgotsa “ba ba tshotshweng ka ntlha ya boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.”
^ Kgotsa “o dirile boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.”
^ Seheb., “senô.”
^ Kgotsa “monneng wa me wa ntlha.”
^ Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
^ Kgotsa “Lebala le le Kwa Tlase.”
^ Kgotsa “Baale wa Me.”
^ Kgotsa “ba tshele.”
^ Mo go kayang “Modimo o Tla Jala Peo.”
^ Bona ntlh. mo go Hos 1:6.
^ Bona ntlh. mo go Hos 1:9.