Hosea 8:1-14

  • Go lebana le ditlamorago tsa boaka (1-14)

    • Ba jala phefo, ba roba phefo ya matsubutsubu (7)

    • Iseraele o lebetse Modiri wa gagwe (14)

8  “Baya lonaka mo molomong wa gago!+ Mongwe o tla tla go tlhasela ntlo ya ga Jehofa jaaka ntsu,+Gonne ba tlodile kgolagano ya me,+ e bile ba tlodile molao wa me.+  2  Ba goela kwa go nna ba re, ‘Wena Modimo, rona Baiseraele re a go itse!’+  3  Iseraele o ganne se se molemo.+ A mmaba a mo latelele.  4  Ba tlhomile dikgosi, mme e se go ya ka thulaganyo ya me. Ba tlhomile dikgosana kwantle ga tetla ya me. Ba dirile medingwana ka selefera le gauta ya bone,+Mo go tla felelang ka gore ba senngwe.+  5  Namane ya gago e gannwe wena Samarea.+ Bogale jwa me bo ba tuketse.+ Ba tla tsaya lobaka lo lo kae ba palelwa ke go baakanya molato wa bone?  6  Gonne namane eo e tswa kwa Iseraele. E dirilwe ke modiri yo o setswerere, mme ga se yone Modimo;Namane eo ya Samarea e tla thubaganngwa.  7  Gonne ba jala phefo,Mme ba tla roba phefo ya matsubutsubu.+ Ga go na lotlhaka lope lo lo tlhagisang dijo tsa ditlhaka tse di buduleng;*+Sengwe le sengwe se se tlhogang ga se tlhagise bupi. Fa go ka direga gore bo tlhage, batswakwa ba tla bo kometsa.+  8  Baiseraele ba tla fedisiwa.+ Jaanong ba tla nna mo ditšhabeng,+Jaaka sejana se se sa batliweng.  9  Gonne ba ile kwa Asiria,+ fela jaaka pitse ya naga e e itaolang. Eferaime o ile kwa diakeng.+ 10  Le fa gone ba ile kwa diakeng tseo tsa ditšhaba,Jaanong ke tla ba phutha mmogo;Ba tla simolola go boga+ ka ntlha ya morwalo o o boima o kgosi le dikgosana di ba imetsang one. 11  Gonne Eferaime o okeditse dibeso gore a leofe.+ Di fetogile dibeso tse a di dirisetsang go leofa.+ 12  Ke ne ka mo kwalela melao* e le mentsi;Le fa go ntse jalo, e ne e tsewa e le sengwe se se sa tlwaelegang.+ 13  Ba nketshetsa* dimpho tsa ditlhabelo e bile ba ja nama,Le fa go ntse jalo, nna Jehofa ga ke di itumelele.+ Jaanong ke tla gakologelwa molato wa bone ke bo ke ba otlhaela maleo a bone.+ Ba boetse* kwa Egepeto.+ 14  Iseraele o lebetse Modiri wa gagwe+ e bile o agile ditempele,+Mme Juda o okeditse metse e e sireletsegileng.+ Le fa go ntse jalo, ke tla tshuba metse ya gagwe ka molelo,Mme o tla laila ditora tsa motse mongwe le mongwe.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “emeng.”
Kgotsa “ditaelo.”
Kgotsa gongwe “Ba tla boela.”
Kgotsa “nkentshetsa.”