Hosea 6:1-11
6 “Tlang, mme a re boeleng kwa go Jehofa,Gonne o re gagogantse,+ le fa go ntse jalo o tla re fodisa.
O ne a re itaya, le fa go ntse jalo o tla hapa dintho tsa rona.
2 O tla re naya maatla morago ga malatsi a le mabedi.
Mo letsatsing la boraro o tla re tsosa,Mme re tla tshela fa pele ga gagwe.
3 Re tla itse Jehofa, re tla batla go mo itse ka tlhoafalo.
O tla tla mo go rona fela jaaka fa letsatsi le tlhaba mo mosong;O tla tla mo go rona jaaka pula e e tshologang,Jaaka pula ya dikgakologo e e kolobetsang lefatshe.”
4 “Ke dire eng ka wena Eferaime?
Ke dire eng ka wena Juda?
Gonne boikanyegi* jwa gago bo tshwana le maru mo mosong,Le monyo o o nyelelang ka bonako.
5 Ke gone ka moo ke tla ba kgaolang ke dirisa baporofeti;+Ke tla ba bolaya ka mafoko a molomo wa me.+
Mme dikatlholo tse di tla go tlelang di tla phatsima jaaka lesedi.+
6 Gonne ke itumedisiwa ke lorato lo lo sa kgaotseng* e seng setlhabelo,E bile ke itumedisiwa ke go itse Modimo go na le go itumedisiwa ke ditlhabelo tse di fisiwang di feletse.+
7 Le fa go ntse jalo, batho ba me, fela jaaka batho ba bangwe, ba tlodile kgolagano.+
Ba ne ba ntsietsa gone koo.
8 Gileade ke motse wa badirabosula,+Metlhala ya dinao tsa bone e tletse madi.+
9 Setlhopha sa baperesiti se tshwana le ditlhopha tsa dirukutlhi tse di laletseng motho.
Ba bolaya motho mo tseleng kwa Shekema,+Ka gonne boitsholo jwa bone bo tlhabisa ditlhong.
10 Ke bone selo se se maswe mo Iseraele.
Eferaime o dira boaka gone koo;+Iseraele o iteswafaditse.+
11 Mo godimo ga moo, wena Juda, ke tlhomile nako fela jaaka nako ya thobo, gore ke go phuthe,Ke tla busa batho ba me ba ba neng ba ile botshwarwa.”+