Dipesalema 74:1-23

  • Thapelo ya gore Modimo a gopole batho ba gagwe

    • Ditiro tsa Modimo tsa poloko di a umakiwa (12-17)

    • “Gakologelwa kafa mmaba a go kgobang ka teng” (18)

Masekile.* Pesalema ya ga Asafe.+ 74  Ao tlhe Modimo, ke ka ntlha yang fa o re latlhile ka bosakhutleng?+ Ke ka ntlha yang fa bogale jwa gago bo tukela letsomane la mafulo a gago?+  2  Gakologelwa batho* ba o neng wa ba itlhophela bogologolo,+Lotso lo o neng wa lo rekolola gore e nne boswa jwa gago.+ Gakologelwa Thaba ya Siona, e o neng o agile mo go yone.+  3  Lebisa dikgato tsa gago kwa maropeng a a nnetseng ruri.+ Mmaba o sentse sengwe le sengwe mo lefelong le le boitshepo.+  4  Baba ba gago ba kurutlile mo teng ga lefelo la gago la bokopanelo.*+ Ba beile difolaga tsa bone gore e nne matshwao mo go lone.  5  Ba ne ba tshwana le banna ba ba kgatikanyang dilepe ba rema sekgwa se se kitlaneng.  6  Ba ne ba thuba ditshwantsho tsotlhe tsa lone tse di gabilweng+ ka dilepe le didirisiwa tse dingwe tsa tshipi.  7  Ba ne ba fisa lefelo la gago le le boitshepo.+ Ba ne ba leswafatsa motlaagana o leina la gago le leng mo go one, ba o digela fa fatshe.  8  Bone le bana ba bone ba ne ba bua jaana mo dipelong tsa bone: “Mafelo otlhe a bokopanelo a Modimo* a a mo lefatsheng leno a tshwanetse go fisiwa.”  9  Ga go na ditshupo dipe tse di dirwang gore re di bone;Ga go tlhole go na le moporofeti ope,E bile ga go na ope mo go rona yo o itseng gore seno se tla tsaya lobaka lo lo kae. 10  Ao tlhe Modimo, mmaba o tla tswelela a go kgoba ka lobaka lo lo kae?+ A mmaba o tla nyatsa leina la gago ka bosakhutleng?+ 11  Ke ka ntlha yang fa o busetsa seatla sa gago morago, e leng seatla sa gago sa moja?+ Se ntshe mo sehubeng sa gago* mme o ba fedise. 12  Mme gone, Modimo ke Kgosi ya me go tswa bogologolong,Ke mmoloki yo mogolo mo lefatsheng.+ 13  O ne wa fudua lewatle ka nonofo ya gago;+O ne wa thubaganya ditlhogo tsa ditshedi tse ditona tsa lewatle tse di mo metsing. 14  O ne wa tšhwetlakanya ditlhogo tsa Lefiathane;*O ne wa e naya batho ba ba nnang mo dikakeng gore e nne dijo tsa bone. 15  O ne wa bula metswedi le melatswana;+O ne wa kgadisa dinoka tse di nnang di elela.+ 16  Letsatsi ke la gago, bosigo le jone ke jwa gago. O dirile lesedi* le letsatsi.+ 17  O tlhomile melelwane yotlhe ya lefatshe;+O dirile selemo le mariga.+ 18  Ao tlhe Jehofa, gakologelwa kafa mmaba a go kgobang ka teng,Kafa dieleele di nyatsang leina la gago ka teng.+ 19  O se ka wa naya dibatana botshelo* jwa leeba la gago. O se ka wa lebala botshelo jwa batho ba gago ba ba bogisiwang. 20  Gakologelwa kgolagano e o neng wa e dira le rona,Gonne mafelo a a lefifi a lefatshe a tletse batho ba ba ratang thubakanyo. 21  E kete yo o thubagantsweng a ka se ka a swabisiwa;+E kete batho ba maemo a a kwa tlase le bahumanegi ba ka baka leina la gago.+ 22  Ao tlhe Modimo, ema mme o seke kgetsi ya gago. Gakologelwa kafa dieleele di go kgobang ka teng letsatsi lotlhe.+ 23  O se ka wa lebala se baba ba gago ba se buang. Modumo wa khuduego wa ba ba ganetsanang le wena o tlhatlogela kwa go wena ka metlha.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “phuthego ya gago.”
Kgotsa “lefelo la gago le go phuthegelwang mo go lone.”
Kgotsa “Mafelo otlhe a Modimo a obamelwang mo go one.”
Kgotsa “mo memenong ya seaparo sa gago.”
Kgotsa “sebonesi.”
Seheb., “ne′phesh. Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.