Dipesalema 92:1-15
Pesalema. Pina ya letsatsi la Sabata.
92 Go molemo go go ntshetsa ditebogo Jehofa+Le go opelela* leina la gago dipako, wena Mogodimodimo,
2 Go itsise lorato lwa gago lo lo sa kgaotseng+ mo mosongLe boikanyegi jwa gago bosigo,
3 Ka seletswa sa megala e e lesome le ka lutu,Ka molodi o o monate wa harepa.+
4 Gonne Jehofa, o dirile gore ke itumele ka ntlha ya ditiro tsa gago;Ke goa ka boitumelo ka ntlha ya ditiro tsa diatla tsa gago.
5 Ruri ditiro tsa gago di dikgolo Jehofa!+
Ruri dikakanyo tsa gago di boteng thata!+
6 Ga go na motho ope yo o se nang tlhaloganyo yo o ka di itseng;E bile ga go na motho ope yo o seeleele yo o ka tlhaloganyang seno:+
7 Fa batho ba ba sa siamang ba tlhoga jaaka mefero*Le badirabosula botlhe ba atlega,E a bo e le gore ba tle ba nyelediwe ka bosakhutleng.+
8 Mme o tlotlometse ka bosakhutleng Jehofa.
9 Bona fa baba ba gago ba wa Jehofa,Bona kafa baba ba gago ba tla nyelelang ka gone;Badirabosula botlhe ba tla gasama.+
10 Mme o tla oketsa maatla a me gore a nne jaaka a poo ya naga;Ke tla kolobetsa letlalo la me ka leokwane le le lapolosang.+
11 Ke tla itumelela go bona baba ba me ba fenngwa;+Ke tla utlwa gore batho ba ba bosula ba ba ntlhaselang ba sentswe.
12 Mme basiami ba tla gola jaaka setlhare sa mokolaneE bile ba tla gola thata jaaka mosedara wa kwa Lebanona.+
13 Ba jadilwe mo ntlong ya ga Jehofa;Ba golela mo malwapeng a Modimo wa rona.+
14 Tota le fa ba tsofetse* ba tla tswelela ba atlega;+Ba tla tswelela ba le matlhagatlhaga* e bile ba itekanetse,+
15 Ba itsise gore Jehofa o siame.
Ke Lefika la me,+ le go se nang tshiamololo mo go lone.
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ Kgotsa “letsa mmino.”
^ Kgotsa “bojang.”
^ Kgotsa “le ka nako ya fa ba le tlhogoputswa.”
^ Seheb., “ba nonne.”