Dipesalema 88:1-18

  • Thapelo ya gore a se ka a swa

    • “Ke gomagomelwa ke Lebitla” (3)

    • ‘Moso mongwe le mongwe ke a go rapela’ (13)

Pina. Pesalema ya bomorwa Kora.+ Go mokaedi; e opelwe ka molodi wa Mahalathe,* e opelwe ka go refosana. Masekile* ya ga Hemane+ wa Moesera. 88  Ao tlhe Jehofa, Modimo wa poloko ya me,+Ke goela kwa go wena motshegare,Mme bosigo ke tla fa pele ga gago.+   A thapelo ya me e goroge kwa go wena.+ Reetsa selelo sa me sa go kopa thuso.+   Gonne ke nnile le masetlapelo a mantsi,+E bile ke gomagomelwa ke Lebitla.*+   Ke setse ke balelwa mo bathong ba ba fologelang mo lebitleng;+Ke fetogile monna yo go se nang sepe se a ka itirang sone,*+   Yo o tlogetsweng mo baswingFela jaaka batho ba ba bolailweng ba ba robetseng mo lebitleng,Ba o sa tlholeng o ba gakologelwaLe ba ba kgaogantsweng le wena e bile ba sa tlhole ba amogela thuso e e tswang mo go wena.*   O ntsentse mo khuting e e boteng,Mo mafelong a a lefifi, mo khuting e e kwa tengteng.*   O nkgalefetse mo go botlhoko,+Dilo tse o di ntirang di tshwana le makhubu a magolo a a itaaganang mo go nna. (Selah)   O leleketse batho ba ke tlwaelaneng le bone kgakala le nna;+O dirile gore ke nne sengwe se se makgapha mo go bone. Ke gaeletswe e bile ga ke kgone go falola.   Leitlho la me le koafetse ka ntlha ya go bogisega.+ Ao tlhe Jehofa, ke goela kwa go wena letsatsi lotlhe;+Ke otlololela diatla tsa me kwa go wena. 10  A o tla direla baswi ditiro tse di gakgamatsang? A batho ba ba suleng ba ka tsoga gore ba go bake?+ (Selah) 11  A lorato lwa gago lo lo sa kgaotseng lo tla bolelwa mo lebitleng,A boikanyegi jwa gago bo tla bolelwa mo lefelong la tshenyego?* 12  A ditiro tsa gago tse di gakgamatsang di tla itsiwe mo lefifingKgotsa a tshiamo ya gago e tla itsiwe mo lefatsheng la batho ba ba lebetsweng?+ 13  Mme ke sa ntse ke goela kwa go wena ke kopa thuso tlhe Jehofa,+Moso mongwe le mongwe thapelo ya me e tla fa pele ga gago.+ 14  Ao tlhe Jehofa, ke ka ntlha yang fa o ntatlha?+ Ke ka ntlha yang fa o mphitlhela sefatlhego sa gago?+ 15  Go tloga ke sa le mosha,Ke ntse ke bogisiwa e bile ke tloga ke swa;+Dilo tse di tshosang tse o letlang gore di ntiragalele di dirile gore ke swe bogatsu. 16  Ke wetswe ke bogale jwa gago jo bo tukang;+Dilo tse di boifisang tse di tswang kwa go wena di a nnyeletsa. 17  Di ntikologile jaaka metsi letsatsi lotlhe;Di ntswalela di tswa mo matlhakoreng otlhe.* 18  O leleketse ditsala tsa me le balekane ba me kgakala le nna;+Lefifi le fetogile molekane wa me.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “Sheole.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “Ke ntse jaaka monna yo o se nang maatla.”
Seheb., “mo seatleng sa gago.”
Kgotsa “mo Abadona?”
Kgotsa gongwe “ka nako e le nngwe.”