Dipesalema 38:1-22
Pina ya ga Dafide, e e neng e tla nna sengwe se se gopotsang.
38 Ao tlhe Jehofa, o se ka wa nkgalemela o galefile,Kgotsa wa nkotlhaya o shakgetse.+
2 Gonne metswi ya gago e mphunyeleditse kwa tengteng,Le seatla sa gago se nkgatelela fa fatshe.+
3 Mmele wa me otlhe o a lwala* ka ntlha ya bogale jwa gago.
Ga go na kagiso mo teng ga me* ka ntlha ya boleo jwa me.+
4 Gonne maleo a me a tlhatlhagane, a feta le tlhogo ya me;+A mantsi thata mo ke sa kgoneng go a rwala, a tshwana le morwalo o o boima.
5 Dintho tsa me di a nkga e bile di tswa boladuKa ntlha ya boeleele jwa me.
6 Ke tshwenyegile e bile ke hutsafetse thata;Ke tsamayatsamaya ke utlwile botlhoko letsatsi lotlhe.
7 Ke a sha mo teng;*Mmele wa me otlhe o a lwala.+
8 Ke kgwaraletse e bile ke gateletswe fela thata;Pelo ya me e e imetsweng e dira gore ke lele selelo sa kutlobotlhoko.*
9 Ao tlhe Jehofa, o itse dilo tsotlhe tse ke di eletsang,Mme o kgona go bona kutlobotlhoko ya me.
10 Pelo ya me e iteela ka bonako, ke feletswe ke maatla,E bile ga go tlhole go na le lesedi mo matlhong a me.+
11 Ditsala tsa me le balekane ba me ba a intlhokomolosa ka ntlha ya go bo ke boga,Mme ba ke tlwaelaneng thata le bone ba emela kgakala le nna.
12 Ba ba batlang go mpolaya ba baya dirai;Ba ba lekang go nkgobatsa ba buisana ka go nnyeletsa;+Letsatsi lotlhe ba loga leano la go ntsietsa.
13 Le fa go ntse jalo, fela jaaka motho yo o susu, ke ne ke sa utlwe;+Fela jaaka motho yo o sa kgoneng go bua, ke ne ke sa bue sepe.+
14 Ke ntse jaaka motho yo o sa kgoneng go utlwa,Yo go se nang sepe se a ka se buang go iphemela.
15 Gonne ke ne ka go letela, Jehofa,+Mme o ne wa nkaraba tlhe Jehofa, Modimo wa me.+
16 Gonne ke ne ka re: “E kete ba ka se ka ba itumela fa ke welwa ke masetlapeloKgotsa ba inkgodisetsa fa lonao lwa me lo relela.”
17 Gonne ke ne ke ipaakanyeditse go wa,Mme ke ne ke utlwa botlhoko ka metlha.+
18 Ke ne ka ipolela molato wa me;+Boleo jwa me bo ne bo ntshwenya.+
19 Mme baba ba me ba matlhagatlhaga* e bile ba maatla,*Ba ba ntlhoileng kwantle ga lebaka ba bantsi.
20 Ba ne ba ntuela ka bosula ka ntlha ya molemo o ke o dirileng;Ba ne ba leka go nthibela gore ke tswelele ke dira se se siameng.
21 O se ka wa ntatlha, tlhe Jehofa.
Ao tlhe Modimo wa me, o se ka wa nna kgakala le nna.+
22 Itlhaganele o nthuse,Jehofa, poloko ya me.+
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ Seheb., “Ga go na gope fa go itekanetseng mo nameng ya me.”
^ Seheb., “mo marapong a me.”
^ Seheb., “Lotheka lwa me lo fisa thata.”
^ Kgotsa “ke kurutle.”
^ Seheb., “ba a tshela.”
^ Kgotsa gongwe “Mme baba ba me ba bantsi kwantle ga lebaka.”