Dipesalema 30:1-12

  • Khutsafalo e fetoga boitumelo

    • Go amogelwa ke Modimo ke ga botshelo jotlhe (5)

Pina ya go kgakola ntlo. Pesalema ya ga Dafide. 30  Jehofa, ke tla go tlotlomatsa ka gonne o ne wa ntsholetsa;*Ga o a letla baba ba me gore ba itumele ka ntlha ya masetlapelo a me.+  2  Ke ne ka goela kwa go wena ke kopa thuso Jehofa, Modimo wa me, mme o ne wa mphodisa.+  3  Jehofa, o ne wa ntsholetsa wa nketsha* mo Lebitleng.*+ O ne wa mpoloka ke tshela; o ne wa dira gore ke se ka ka wela mo lebitleng.+  4  Opelelang* Jehofa dipako, lona batho ba gagwe ba ba ikanyegang,+Ntshetsang leina* la gagwe le le boitshepo ditebogo;+  5  Gonne Modimo o galefela motho ka nakwana fela,+Mme fa Modimo a amogela motho o mo amogela botshelo jotlhe.+ Maitseboa go ka nna le selelo, mme mo mosong go nna le boitumelo jo bogolo.+  6  Fa ke ne ke se na mathata, ke ne ka re: “Ga nkitla ke tshikinngwa.”*  7  Ka ntlha ya bopelonomi jwa gago Jehofa, o ne wa dira gore ke nne thata jaaka thaba.+ Mme fa o ne o fitlha sefatlhego sa gago, ke ne ka tshoga thata.+  8  Jehofa, ke ne ka nna ka biletsa kwa go wena;+Ke ne ka nna ka kopa gore o nkutlwele botlhoko, tlhe Jehofa.  9  O tla boelwa ke eng fa ke swa, fa ke fologela mo lebitleng?+ A lerole le tla go baka?+ A le tla bua gore o a ikanyega?+ 10  Utlwa tlhe Jehofa, mme o nkutlwele botlhoko.+ Nna mothusi wa me tlhe Jehofa.+ 11  O fetotse khutsafalo ya me gore e nne go bina ka boitumelo;O tlositse letsela la me la kgetsi, mme o nkapesa boitumelo, 12  Gore ke* go opelele pako mme ke se ka ka didimala. Jehofa Modimo wa me, ke tla go baka ka bosakhutleng.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

^ Kgotsa “nkgoga.”
^ Kgotsa “nkentsha.”
^ Kgotsa “Sheole.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
^ Kgotsa “Letsang mmino.”
^ Seheb., “segopotso.”
^ Kgotsa “Ga nkitla ke thetheekela (reketla).”
^ Kgotsa “kgalalelo ya me e.”