Dipesalema 2:1-12

  • Jehofa le motlodiwa wa gagwe

    • Jehofa o tshega ditšhaba (4)

    • Jehofa o tlhoma kgosi ya gagwe (6)

    • Tlotlang morwa (12)

2  Ke ka ntlha yang fa merafe e galefileLe ditšhaba di ngunanguna* ka selo se se se nang mosola?+  2  Dikgosi tsa lefatshe di a emaLe badiredibagolo ba phuthega mmogo* gore ba nne seoposengwe+Mme ba ganetsane le Jehofa le motlodiwa wa gagwe.*+  3  Ba ntse ba re: “A re kgaoleng dikeetane tsa boneRe bo re latlhe megala ya bone!”  4  Ene yo o ntseng mo setulong sa bogosi kwa magodimong o tla tshega;Jehofa o tla ba sotla.  5  Ka nako eo o tla bua le bone a galefileE bile o tla ba tshosa ka gonne o tla bo a tuka bogale,  6  A re: “Nna ka bonna, ke tlhomile kgosi ya me+Mo Siona,+ e leng thaba ya me e e boitshepo.”  7  Mma ke itsise taelo ya ga Jehofa;O ne a nthaya a re: “O morwaake;+Jaanong gompieno ke rrago.+  8  Nkope mme ke tla go naya ditšhaba gore e nne boswa jwa gagoLe lefatshe lotlhe gore e nne la gago.+  9  O tla di thubaganya ka lore lwa segosi lwa tshipi,+E bile o tla di tšhwetlakanya jaaka sejana sa letsopa.”+ 10  Mme jaanong, lona dikgosi, bontshang gore lo na le temogo;Amogelang kgalemelo,* lona baatlhodi ba lefatshe. 11  Boifang Jehofa fa lo ntse lo mo direla,Mme lo itumele fa lo ntse lo mo tlotla. 12  Tlotlang* morwa,+ go seng jalo Modimo o tla galefa,Mme lo tla nyelediwa lo tlosiwa mo tseleng,+Gonne bogale jwa Gagwe bo tuka ka bonako. Go itumela botlhe ba ba tshabelang mo go Ene.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

^ Kgotsa “di akanyetsa kwa teng.”
^ Kgotsa “ba gakololana mmogo.”
^ Kgotsa “Keresete wa gagwe.”
^ Kgotsa “Tlhagisegang.”
^ Seheb., “Sunang.”