Dipesalema 97:1-12

  • Jehofa o kwa godimo thata ga medimo e mengwe

    • “Jehofa ke Kgosi!” (1)

    • Ratang Jehofa, tlhoang se se bosula (10)

    • Lesedi le phatsimela basiami (11)

97  Jehofa ke Kgosi!+ A lefatshe le itumele.+ A ditlhaketlhake tse dintsi di itumele.+  2  Maru le lefifi le lentshontsho di mo dikologile;+Tshiamo le tshiamiso ke motheo wa setulo sa gagwe sa bogosi.+  3  Molelo o tswa fa pele ga gagwe+O bo o laila baba ba gagwe mo matlhakoreng otlhe.+  4  Dikgadima tsa gagwe di bonesa naga;Lefatshe le a di bona le bo le roroma.+  5  Dithaba di gakologa fela jaaka mafura fa pele ga ga Jehofa,+Fa pele ga Morena wa lefatshe lotlhe.  6  Magodimo a itsise tshiamo ya gagwe,Mme ditšhaba tsotlhe di bona kgalalelo ya gagwe.+  7  A botlhe ba ba direlang setshwantsho sepe se se betlilweng ba tlhabiwe ke ditlhong,+Ba ba ipelafatsang ka medimo ya bone e e se nang mosola.+ Lona medimo yotlhe, mo ikobeleng.*+  8  Siona o a utlwa a bo a itumela;+Metse ya* Juda e a itumelaKa ntlha ya dikatlholo tsa gago Jehofa.+  9  Gonne wena, Jehofa, o Mogodimodimo, o okametse lefatshe lotlhe;O tlotlometse thata go feta medimo e mengwe yotlhe.+ 10  Lona ba lo ratang Jehofa, tlhoang se se bosula.+ O sireleditse botshelo* jwa batho ba gagwe ba ba ikanyegang;+O ba golola mo seatleng* sa batho ba ba bosula.+ 11  Lesedi le phatsimetse basiami+E bile ba ba dipelo di ikanyegang ba itumetse. 12  Lo tla itumedisiwa ke go obamela Jehofa, lona ba ba siameng,Lo bo lo ntshetse leina* la gagwe le le boitshepo ditebogo.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “obameleng.”
Seheb., “Bomorwadia.”
Seheb., “ne′phesh. Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “taolong.”
Seheb., “segopotso.”