Dipesalema 33:1-22
33 Goang ka boitumelo, lona basiami, ka ntlha ya ga Jehofa.+
Go a tshwanela gore ba ba siameng ba mmake.
2 Bakang* Jehofa ka harepa;Mo opeleleng dipako* ka seletswa sa megala e e lesome.
3 Mo opeleleng pina e ntšha;+Letsang megala ka botswerere, lo ntse lo goa ka boitumelo.
4 Gonne lefoko la ga Jehofa le boammaaruri,+E bile sengwe le sengwe se a se dirang se a ikanyega.
5 O rata tshiamo le tshiamiso.+
Lefatshe le tletse lorato lwa ga Jehofa lo lo sa kgaotseng.+
6 Magodimo a dirilwe ka lefoko la ga Jehofa,+Le sengwe le sengwe se se mo go one* se dirilwe ka moya* wa molomo wa gagwe.
7 O phutha metsi a lewatle jaaka letamo;+O baya metsi a a gogomogang mo mabolokelong.
8 A lefatshe lotlhe le boife Jehofa.+
A banni botlhe ba naga e e ungwang ba mo tlotle.
9 Gonne o ne a bua, mme go ne ga nna jalo;+O ne a laela, mme go ne ga ema ka tlhomamo.+
10 Jehofa o tlhakatlhakantse maano* a ditšhaba;+O kgoreleditse dithulaganyo* tsa merafe.+
11 Le fa go ntse jalo, ditshwetso* tsa ga Jehofa di tla ema ka bosakhutleng;+Dikakanyo tsa pelo ya gagwe di tswa kwa kokomaneng e nngwe go ya kwa kokomaneng e nngwe.
12 Go itumela setšhaba se Modimo wa sone e leng Jehofa,+Batho ba a ba tlhophileng gore e nne ba gagwe.+
13 Jehofa o leba a le kwa magodimong;O bona bomorwa batho botlhe.+
14 Go tswa kwa lefelong le a nnang kwa go lone,O lebile batho ba ba nnang mo lefatsheng.
15 Ke ene yo o bopang dipelo tsa botlhe;O sekaseka ditiro tsa bone tsotlhe.+
16 Ga go na kgosi epe e e ka bolokwang ke mophato o mogolo wa masole;+Monna yo o maatla ga a ka ke a bolokwa ke maatla a gagwe a magolo.+
17 Pitse ga e ka ke ya boloka motho;*+Maatla a yone a magolo ga a ka ke a mo falotsa.
18 Leitlho la ga Jehofa le lebile ba ba mmoifang,+Ba ba letetseng lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng,
19 Gore a ba golole mo losong,Le gore a ba boloke ba tshela ka nako ya leuba.+
20 Re solofetse mo go Jehofa.
Ke mothusi wa rona le thebe ya rona.+
21 Dipelo tsa rona di a mo itumelela,Gonne re ikantse leina la gagwe le le boitshepo.+
22 E kete lorato lwa gago lo lo sa kgaotseng lo ka nna mo go rona, tlhe Jehofa,+Fa re ntse re go letetse.+
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ Kgotsa “Ntshang ditebogo tse di yang kwa go.”
^ Kgotsa “Mo leletseng mmino.”
^ Seheb., “lesomo lotlhe la one.”
^ Kgotsa “mohemo.”
^ Kgotsa “dikakanyo.”
^ Kgotsa “kgakololo.”
^ Kgotsa “kgakololo.”
^ Kgotsa “ya tlisetsa motho phenyo.”