Dipesalema 122:1-9

  • Thapelo ya gore Jerusalema e nne le kagiso

    • Boitumelo jwa go ya kwa ntlong ya ga Jehofa (1)

    • Motse o o golaganeng (3)

Pina Ya fa Go Tlhatlogelwa Kwa Motseng. Pesalema ya ga Dafide. 122  Ke ne ka itumela fa ba ne ba nthaya ba re: “A re yeng kwa ntlong ya ga Jehofa.”+   Mme jaanong dinao tsa rona di emeMo teng ga dikgoro tsa gago, wena Jerusalema.+   Jerusalema ke motse o o agilwengO golagane gore e nne selo se le sengwe.+   Ditso di tlhatlogetse kwa go one,Ditso tsa ga Jah,*Go dumalana le kgakololo e e neilweng Iseraele,Gore di ntshetse leina la ga Jehofa ditebogo.+   Gonne ditulo tsa bogosi tsa katlholo di ne di tlhomilwe gone koo,+Ditulo tsa bogosi tsa ditlogolwana tsa ga Dafide.+   Rapelelang gore Jerusalema e nne le kagiso.+ Ba ba go ratang, wena motse, ba tla sireletsega.   E kete go ka tswelela go na le kagiso mo teng ga dithako tsa gago tsa phemelo,*Go na le pabalesego mo ditoreng tsa gago tse di sireletsegileng.   Ka ntlha ya bomorwarre le balekane ba me ke tla re: “E kete go ka nna le kagiso mo teng ga gago.”   Ka ntlha ya ntlo ya ga Jehofa, Modimo wa rona,+Ke tla go batlela se se molemo.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

“Jah” ke khutshwafatso ya leina Jehofa.
Kgotsa “dipota tsa gago tse di sireletsegileng.”