Dipesalema 35:1-28
Pesalema ya ga Dafide.
35 Ao tlhe Jehofa, mphemele mo baganetsing ba me;+Lwa le ba ba lwang le nna.+
2 Tsaya thebe e nnye* le thebe e kgolo,+Mme o tle go nnamola.+
3 Tsholeletsa ba ba ntatelelang lerumo la gago le selepe sa gago sa ntwa.*+
Ntheye o re: “Ke nna poloko ya gago.”+
4 E kete ba ba tsomang botshelo* jwa me ba ka tlhabiwa ke ditlhong ba bo ba kokobediwa.+
E kete ba ba logang leano la go mpolaya ba ka kata ka morago ba tlontlolotswe.
5 E kete ba ka nna jaaka mmoko mo phefong;E kete moengele wa ga Jehofa a ka ba leleka.+
6 E kete tselana ya bone e ka nna lefifi ya bo ya reledisaFa moengele wa ga Jehofa a ntse a ba latelela.
7 Ba mpeetse letlowa gore le ntshware kwantle ga lebaka;Ba nkepetse khuti kwantle ga lebaka.
8 E kete masetlapelo a ka ba wela ba sa solofela;E kete letlowa le ba mpeetseng lone le ka ba tshwara;E kete ba ka wela mo go lone mme ba swa.+
9 Mme ke tla itumela ka ntlha ya se Jehofa a se dirileng;Ke tla itumelela ditiro tsa gagwe tsa poloko.
10 Ke tla bua ka pelo ya me yotlhe ke re:
“Jehofa, ke mang yo o tshwanang le wena?
O golola ba ba sa kgoneng go itshireletsa mo go ba ba nonofileng,+O golola ba ba sa kgoneng go itshireletsa le bahumanegi mo go ba ba ba kgothosang.”+
11 Basupi ba ba bosula ba tla go ntshekisa,+Ba mpotsa dilo tse ke sa di itseng.
12 Ba ntuelela molemo ka bosula,+Ba dira gore ke hutsafale.
13 Mme fa ba ne ba lwala, ke ne ka apara letsela la kgetsi;Ke ne ka ipogisa ka go itima dijo,Mme fa thapelo ya me e ne e sa arabiwe,*
14 Ke ne ka tsamaya jaaka e kete ke hutsafaletse tsala kgotsa morwarre;Ke ne ka obega ke utlwile botlhoko jaaka motho yo o hutsafaletseng mmaagwe.
15 Mme fa ke ne ke le mo mathateng, ba ne ba itumela ba bo ba phuthega mmogo;Ba ne ba phuthega mmogo gore ba ntlhasele ke sa solofela;Ba ne ba sa didimala fa ba ntse ba nkgaoganya dikarolwana.
16 Ba ba sa dumeleng mo Modimong ba ntshega ka tshotlo,*Ba mphuranyetsa meno ka gonne ba nkgalefetse.+
17 Ao tlhe Jehofa, o tla nna o lebile fela ka lobaka lo lo kae?+
Nkgolole mo ditlhaselong tsa bone,+Golola botshelo jwa me jo bo tlhwatlhwakgolo* mo ditawaneng.*+
18 Foo ke tla go leboga mo phuthegong e kgolo;+Ke tla go baka mo boidiiding jwa batho.
19 O se ka wa letla gore ba e leng baba ba me kwantle ga lebaka ba itumele ka ntlha ya matshwenyego a me;O se ka wa letla gore ba ba ntlhoileng ke se na molato+ ba ntebe ka tshotlo.+
20 Gonne ga ba bue mafoko a kagiso,Mme ba loga leano la go tsietsa batho ba ba ratang kagiso.+
21 Ba atlhamolositse melomo ya bone gore ba ntatofatse,Ba re: “O dirile jalo! Re iponetse seo ka matlho a rona.”
22 O ne wa bona seno Jehofa. O se ka wa didimala fela.+
Ao tlhe Jehofa, o se ka wa nna kgakala le nna.+
23 Tsoga mme o mphemele,Jehofa Modimo wa me, mphemele mo tshekong ya me.
24 Nkatlhole go ya ka tshiamo ya gago,+ tlhe Jehofa, Modimo wa me;O se ka wa ba letla gore ba itumele ka ntlha ya matshwenyego a me.
25 E kete le ka motlha ba ka se ipolelele jaana: “Aha! Re bone se re neng re se batla.”
E kete le ka motlha ba ka se re: “Re mo komeditse.”+
26 A botlhe ba ba itumelang ka ntlha ya masetlapelo a meBa tlhabiwe ke ditlhong ba bo ba tlontlololwe.
A ba ba inkgodisetsang ba apesiwe ditlhong ba bo ba kokobediwe.
27 Mme a ba ba itumelelang gore ke dira dilo ka tshiamo ba goe ka boitumelo;E kete ka metlha ba ka re:
“A Jehofa a tlotlomadiwe, ene yo o itumelelang kagiso ya motlhanka wa gagwe.”+
28 Foo loleme lwa me lo tla umaka* tshiamo ya gago,+E bile lo tla go baka letsatsi lotlhe.+
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ Thebe e nnye e gantsi e neng e tsholwa ke bahulametswi.
^ Kgotsa “selepe se se magalemabedi.”
^ Seheb., “ne′phesh.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
^ Kgotsa “e ne e boela mo sehubeng sa me.”
^ Kgotsa gongwe “Ba ba sa dumeleng mo Modimong ba ntshotla ka ntlha ya thathana ya senkgwe.”
^ Seheb., “jo e leng jone fela,” a raya botshelo jwa gagwe.
^ Kgotsa “mo ditawaneng tse di seriri.”
^ Kgotsa “akanyetsa kwa teng ka.”