Dipesalema 123:1-4

  • Go batla kutlwelobotlhoko ya ga Jehofa

    • ‘Jaaka batlhanka, re leba kwa go Jehofa’ (2)

    • ‘Re nyaditswe fela thata’ (3)

Pina Ya fa Go Tlhatlogelwa Kwa Motseng. 123  Ke tsholeletsa matlho a me kwa go wena,+Wena yo o ntseng mo setulong sa bogosi kwa magodimong.   Fela jaaka matlho a batlhanka a leba kwa seatleng sa mong wa bone,Le matlho a lelata a leba kwa seatleng sa mohumagadi wa lone,Le rona matlho a rona a leba kwa go Jehofa, Modimo wa rona+Go fitlha a re utlwela botlhoko.+   Re utlwele botlhoko tlhe Jehofa, re utlwele botlhoko,Gonne re nyaditswe fela thata.+   Re lapisitswe ke go kgobiwa ke batho ba ba itshepang thata,Le ke go nyadiwa ke ba ba ikgodisang.

Dintlha Tse di Kwa Tlase